Fetela kwa tshedimosetsong

Ke Direng fa ke Tshwakgotswe ke Ditshwantsho Tse di Hepisang?

Ke Direng fa ke Tshwakgotswe ke Ditshwantsho Tse di Hepisang?

Se o ka se dirang

 Lemoga se tota ditshwantsho tse di hepisang e leng sone. Ditshwantsho tse di hepisang ke maiteko fela a go leswefatsa sengwe se Modimo a se dirileng se tlotlega. Go lemoga gore ditshwantsho tse di hepisang ke sone seo go tla go thusa go ‘tlhoa se se bosula.’—Pesalema 97:10.

 Akanya ka ditlamorago. Ditshwantsho tse di hepisang di diga seriti sa batho ba ba bontshiwang mo go tsone. Gape di leswefatsa motho yo o di lebang. Go a utlwala go bo Baebele e re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.”—Diane 22:3.

 Ikemisetse. Monna yo o ikanyegang e bong Jobe o ne a re: “Ke ikanne gore le ka motlha ke se ka ka leba mosetsana ka go mo eletsa.” (Jobe 31:1, Today’s English Version) Ano ke mangwe a ‘maikano’ a wena o ka a dirang:

  •  Nka se dirise Internet fa ke le esi.

  •  Fa lefelo lengwe le le sa siamang la Internet le bulega ke tla tswa ka bonako mo go lone.

  •  Ke tla bua le tsala nngwe e e godileng fa nka boela mo mokgweng ono.

Ditshwantsho tse di hepisang di a tshwakgola—fa o ntse o di leba gangwe le gape, go nna boima go di tlogela

 Rapela ka gone. Mopesalema o ne a kokotlela Jehofa Modimo jaana: “Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola.” (Pesalema 119:37) Modimo o batla gore o atlege, mme fa o mo rapela a ka go naya maatla a go dira se se siameng!—Bafilipi 4:13.

 Bua le mongwe. Gantsi go tlhopha mongwe yo o ka mo tshololelang mafatlha go thusa thata gore o latlhe mokgwa ono.—Diane 17:17.

 Gopola seno: Nako le nako fa o tila tshedimosetso e e hepisang, o a bo o fentse tota. Bolelela Jehofa Modimo ka phenyo eo, mme o mo lebogele maatla a a go neileng one. Fa o tila ditshwantsho tse di hepisang, o ipedisa pelo ya gagwe!—Diane 27:11.