Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

A ke Tshwanetse go Nna le Tattoo?

A ke Tshwanetse go Nna le Tattoo?

 Ke eng se se kgatlhang ka yone?

 Mosha mongwe yo o bidiwang Ryan a re: “Ke akanya gore di-tattoo dingwe di dintle tota.”

 Tsela e o ikutlwang ka yone ka tattoo e ka dira gore o batle go nna le yone. Ka sekai, mosha mongwe yo o bidiwang Jillian a re: “Mosetsana mongwe yo ke neng ke tsena sekolo le ene, o ne a tlhokafalelwa ke mmè a sa ntse a le monnye. Ka jalo, fa a le mo dingwageng tsa bolesome, o ne a tsenya tattoo ya leina la ga mmè wa gagwe mo thamong. Ke akanya gore tattoo e ntseng jalo e ntle tota.”

 Le fa maikaelelo a gago e ka tswa e le afe, o tshwanetse go akanya ka thata pele o kwala sengwe se se nnelang ruri mo letlalong la gagwe! Ke dipotso dife tse o tshwanetseng go ipotsa tsone fa e le gore o akanyetsa go nna le tattoo? Mme ke melaometheo efe ya Baebele e e ka go thusang go dira tshwetso e e siameng?

 Ke dipotso dife tse o tshwanetseng go di botsa?

 Ke dikotsi dife tse nka lebanang le tsone? Website ya Mayo Clinic ya re: “Tattoo e bula letlalo, se se rayang gore motho a ka tsenwa ke malwetse a letlalo kgotsa a ka nna le mathata mangwe a botsogo. Ka dinako dingwe go nna le borurusa go dikologa enke ya tattoo. Gape di ka dira gore nama ya motho e e dikologileng tattoo e ruruge mme seo se bakwa ke go gola ga dithishu tsa lobadi.” Mo godimo ga moo, website eno ya re: “Fa e le gore go ne go dirisiwa dithulusu tse di neng di dirisiwa mo mothong yo o nang le bolwetse bongwe jwa madi, o ka nna wa feleletsa o tsenwe ke malwetse a a farologaneng a madi.”

 E tla dira gore batho ba go lebe jang? Le fa o ka tswa o rata kgotsa o sa rate, tsela e o lebegang ka yone e bolelela batho gore o motho wa mofuta mang. E dira gore batho ba go tseye o le motho yo o godileng kgotsa yo o sa batleng go gola, o le motho yo o ikanyegang kgotsa yo o sa ikanyegeng. Mosha mongwe yo o bidiwang Samantha a re: “Fa ke bona motho yo o nang le di-tattoo, ka bonako fela ke akanya gore ke motho yo o ratang menate.”

 Melanie wa dingwaga tse 18 a re: “Di-tattoo di fitlha bontle jwa gago. Go ntse jaaka e kete batho ba ba nang le tsone ga ba batle gore o bone se tota ba leng sone, ka jalo, ba leka go iphitlha ka di-tattoo.”

 A o tla e rata go ya go ile? Fa nako e ntse e ya, boima jo bo feteletseng jwa mmele kgotsa le e leng go tsofala, go ka dira gore tattoo e lebege ka tsela nngwe. Lekawana lengwe le le bidiwang Joseph la re: “Nkile ka bona tsela e di-tattoo di lebegang ka yone mo bathong ba ba sa bolong go nna le tsone, mme ga di lebege sentle le e seng.”

 Allen wa dingwaga di le 21 a re: “Gantsi di-tattoo di felelwa ke nako. Selo se se neng se dira gore motho a nne le tattoo kwa tshimologong se ka tswa se sa tlhole se le botlhokwa go le kalo fa dingwaga di ntse di ya.”

 Ntlha ya ga Allen e a utlwala. Boammaaruri ke gore, fa motho a gola, tsela e a lebang dilo ka yone, dilo tse a di kgatlhegelang le tsela e a ikutlwang ka yone, di a fetoga mme tattoo yone ga e fetoge. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Teresa la re: “Ga ke batle gore kamoso ke tsoge ke ikwatlhaela go bo ke na le tattoo e e nkgopotsang maikutlo a bomatla a ke neng ke na le one mo nakong e e fetileng.”

 Ke melaometheo efe ya Baebele e nka e dirisang?

 Motho yo o godileng sentle o tsaya nako go akanyetsa dintlha tsotlhe pele a dira tshwetso. (Diane 21:5; Bahebera 5:14) Ka jalo, ela tlhoko melaometheo e e latelang ya Baebele e e buang ka kgang ya di-tattoo.

  •  Bakolosa 3:20: “Lona bana, utlwang batsadi ba lona mo go sengwe le sengwe, gonne seno se itumedisa thata mo Moreneng.”

      Go ka direga eng ka wena fa o nna le batsadi ba gago kwa gae mme gone o gana go ikobela ditaelo tsa bone?

  •  1 Petere 3:3, 4: “A mokgabo wa lona e se ka ya nna wa go loga moriri loetse kafa ntle le wa go rwala mekgabiso ya gouta kgotsa wa go apara diaparo tsa kafa ntle, mme a e nne motho wa sephiri wa pelo yo o apereng diaparo tse di sa senyegeng tsa moya o o didimetseng le o o bonolo.”

      O akanya gore ke eng fa Baebele e bua thata ka “motho wa sephiri wa pelo”?

  •  1 Timotheo 2:9: “Basadi ba ikgabise ka . . . boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo.”

      Lefoko “boingotlo” le kaya eng? Ke eng fa boingotlo bo le botlhokwa thata go gaisa di-tattoo?

  •  Baroma 12:1: “Lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a lona a go akanya.”

      Ke eng fa Modimo a amega ka tsela e o tshwarang mmele wa gago ka yone?

 Batho ba le bantsi ba ile ba akanyetsa dintlha tseno mme ba dira tshwetso ya go sa nne le tattoo. Tota e bile, ba bone sengwe se se botoka thata go gaisa di-tattoo. Teresa yo re buileng ka ene kwa tshimologong a re: “Fa e le gore go na le mafoko mangwe a o a ratang thata kgotsa mongwe yo o botlhokwa thata mo go wena, tshela go ya ka mafoko ao kgotsa bolelela motho yoo kafa a leng botlhokwa ka gone mo go wena. Go na le gore o nne le tattoo, tshela go ya ka se o se dumelang.”