Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Dira Jang Gore ke Kgone go Robala Sentle?

Nka Dira Jang Gore ke Kgone go Robala Sentle?

 Fa o sa pase maths o ka nna wa akanya gore o tlhoka go bala thata. Fa e le gore ga o dire sentle mo go tsa metshameko, o ka akanya gore o tlhoka go ikatisa thata gore o kgone go tokafatsa. Tota se se ka go thusang ke go robala mo go lekaneng. Goreng re bua jalo?

 Goreng o tlhoka go robala?

 Dipatlisiso di bontsha gore basha ba tlhoka go robala di ura di le robedi go ya go di le lesome. Goreng go le botlhokwa gore o robale mo go lekaneng?

  •   Go robala mo go lekaneng go dira gore o kgone go akanya sentle. Go robala go dira gore boboko jwa gago bo kgone go ikhutsa. Go ka dira gore o kgone go tokafatsa kwa sekolong, mo go tsa metshameko le bokgoni jwa gago jwa go rarabolola mathata.

  •   Go robala go tla dira gore o ikutlwe botoka. Gantsi batho ba ba sa kgoneng go robala sentle ba nna fela ba gateletswe mo maikutlong, ba kgobegile marapo e bile ga ba kgone go dirisana sentle le batho ba bangwe.

  •   Go robala mo go lekaneng go dira gore o kgone go kgweetsa ka pabalesego. Dipatlisiso tsa kwa United States di bontsha gore bontsi jwa bakgweetsi ba ba nang le dingwaga di le 16 go ya go 24 ba ba ileng ba amega mo dikotsing tsa dikoloi, ba ne ba otsela fa ba bapisiwa le ba ba nang le dingwaga di le 40 go ya go 59.

  •   Go robala mo go lekaneng go tokafatsa botsogo. Go robala go tokafatsa disele tsa gago tsa mmele le di-tissue, e bile go dira gore ditshika tsa gago tsa madi di bereke sentle. Go robala sentle go ka dira gore o se ka wa nna mokima thata, o se ka wa tshwarwa ke bolwetse jwa sukiri le gore o se ka wa itewa ke seterouku.

Fela jaaka founo e tlhoka go tšhajiwa gore e bereke sentle. Le wena o tlhoka go robala sentle gore o kgone go dira tiro e e duleng diatla

 Ke eng se se dirang gore o se ka wa robala ka nako?

 Le fa go robala go tswela mosola jaaka re setse re tlhalositse, basha ba le bantsi ga ba robale sentle. Ka sekai, Elaine wa dingwaga di le16 a re:

 “Morutabana wa rona o ne a botsa mongwe le mongwe wa rona gore re robala nako mang. Ba bantsi ba ne ba re ka 2:00 wa matsha. Ba bangwe ba bo ba re ka 5:00 wa matsha. Ke ngwana a le mongwe fela yo o rileng ene o robala ka 9:30 bosigo.”

 Ke eng se se ka go thibelang go robala?

 Go itlosa bodutu. “Go motlhofo thata gore ke se ka ka robala ka nako fa ke tsamaile le ditsala tsa me.”—Pamela.

 Maikarabelo. “Ke rata go robala, mme ga go motlhofo gore ke robale ka nako fa ke na le dilo tse dintsi tse ke tlhokang go di dira.”—Ana.

 Di dirisiwa tsa Ileketeroniki. “Founo ya me ke yone e dirang gore ke se ka ka robala. Ga ke kgone go e beela kwa thoko le fa ke le mo beteng.”—Anisa.

 O ka dira eng gore o kgone go robala mo go lekaneng?

  •   O leba go robala jang. Baebele ya re: “Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.” (Moreri 4:6) Go robala go botlhokwa. Fa o sa robale sentle ga o kitla o itumelela go bereka le go itlosa bodutu!

  •   Leka go bona gore ke eng se se dirang gore o seka wa kgona go robala sentle. Ka sekai, a o itisa le ditsala tsa gago go fitlha go nna bosigo thata? A o imetswe ke tiro ya sekolo le dilo tse o tshwanetseng go di dira kwa gae? A founo ya gago e go tsosa mo borokong, kgotsa e dira gore o se ka wa robala ka nako?

 Se o ka akanyang ka sone: Ga go kitla go nna motlhofo go dira diphetogo, mme fa o sena go di dira o tla itumela. Diane 21:5 ya re: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo.”

 Gantsi se se berekelang motho yo mongwe ga se ka ke sa berekela yo mongwe. Ka sekai, bangwe ba re go robala go se kae motshegare, go dira gore bosigo ba robale boroko. Mme ba bangwe ba re seo ga se ba berekele. Leka go bona gore ke eng se se ka go berekelang. Dikakantsho tse di latelang di ka go thusa:

  •   Iphe nako ya go itheetsa. Fa o ka ipha nako ya go iketla pele ga nako ya gago ya go robala, o tla kgona go thulamela ka bonako.

     “Go botlhale go fetsa tiro ya gago yotlhe e o tlhokang go e dira, gore o seka wa tshwenyega ka yone fa o robetse.”—Maria.

  •   Ithulaganye. O se ka wa letla tiro ya gago e go laola mme e laole ka go e rulaganya gore o kgone go robala sentle ka nako.

     “Ke tlhoka go robala bonnyane diura di le robedi bosigo bongwe le bongwe. Ka jalo fa ke itse gore ke tla tlhoka go tsoga phakela thata mo letsatsing le le latelang, ke bala go simolola ka nako e ke tshwanetseng go tsoga ka yone ke balela kwa morago, gore ke itse gore ke tshwanetse go robala nako mang.”—Vincent.

  •   Latela thulaganyo e o e itiretseng. Mmele wa gago o tla tlwaela go robala nako e e rileng fa fela o o tlwaetsa. Baitse ba akantsha gore o itlwaetse go robala le go tsoga ka nako e e rileng letsatsi le letsatsi. Leka go dira jalo kgwedi e le nngwe mme o bone gore o tla ikutlwa jang.

     “Fa o itlwaetsa go robala ka nako e e tshwanang bosigo bongwe le bongwe, o tla ikutlwa o lapologetswe fa o tsoga. O tla kgona go ntsha ga tshwene mo go sengwe le sengwe fela se o se dirang.”—Jared.

  •   Nna tekatekano. Baebele e re kgothaletsa gore re nne “tekatekano mo mekgweng,” seo se akaretsa le fa re ikentsha bodutu.—1 Timotheo 3:2, 11.

     “Fa ke sa ipeele nako e ke tla e fetsang ke itlosa bodutu, seo se dira gore ke se ka ka robala ka nako!”—Rebecca.

  •   Founo ya gago le yone e tlhoka go “ikhutsa!” Ura pele o robala, leka go se romelele ditsala tsa gago melaetsa, kgotsa go se tsene mo internet. Baitse ba re lesedi le le tswang mo founong, mo tablet kgotsa mo TV le ka dira gore go nne thata go thulamela.

     “Batho ba batla gore o nne fela o tsogile 24/7. Gore o kgone go ikhutsa sentle o tshwanetse go baya founo ya gago kwa thoko.”—Julissa.