Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

A re Tshwanetse go Kgaogana?—Karolo 2

A re Tshwanetse go Kgaogana?—Karolo 2

 O ka mmolelela jang gore o batla lo kgaogane? Sa ntlha, tlhopha maemo a a siametseng gore lo tlotle ka kgang eno. E ka nna afe ao?

 Akanya gore wena o ne o ka rata go tshwarwa jang. (Mathaio 7:12) A o ne o ka rata gore kgang eno e buiwe fela mo gare ga batho? Ruri o ne o ka se ke.

 Ntle le fa maemo a letla, go ka nna molemo gore o se ka wa fedisa thatano ka go dirisa motšhini o go tlogelwang melaetsa ya founo mo yone, molaetsa o o romelwang ka founo ya selula kgotsa e-mail. Go na le moo, tlhopha nako le lefelo tse di siametseng gore lo ka bua ka kgang eno e e masisi.

 O tla reng fa nako ya gore o itlhalose e fitlha? Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba “bue boammaaruri” mongwe go yo mongwe.—Baefeso 4:25.

 Ka jalo, tsela e e molemolemo ke go akanyetsa maikutlo a yo mongwe mme gone o nitame. Tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle gore ke eng fa wena o akanya gore thatano ya lona e ka se atlege.

 Ga o tlhoke go bua lenaane le leleeleleele la diphoso kgotsa wa bua dilo tsotlhe tse o sa di ratang. Tota e bile go na le gore o re, “Ga o dire seno” kgotsa “Ga o ke o dira seno go ka nna molemo gore o tlhalose tsela e o ikutlwang ka yone—“Ke tlhoka motho yo o . . .” kgotsa “Ke akanya gore re tshwanetse go kgaogana ka gonne . . .”

 Eno ga se nako ya go etsaetsega kgotsa go mo letla gore a dire gore o fetole mogopolo wa gago. Gakologelwa gore o sweditse ka gore lo kgaogane ka ntlha ya lebaka le le masisi. Ka jalo, nna kelotlhoko fa e le gore motho yo o intshang le ene o leka go dirisa ditsela tse di bofitlha tsa matlhajana go dira gore o fetole mogopolo. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Lori la re: “Fa ke sena go kgaogana le motho yo ke neng ke intsha le ene, o ne a simolola go nnela go itshwara jaaka e kete o tshwenyegile mo maikutlong. Ke akanya gore o ne a dira jalo gore ke mo utlwele botlhoko. Gone ke ile ka mo utlwela botlhoko. Mme ga ke a ka ka letla seo gore se mphetole mogopolo.” Fela jaaka Lori, itse se o se batlang. O se ka wa fetogela tshwetso ya gago. A nnyaa wa gago e nne nnyaa.Jakobe 5:12.

Ditlamorago Tsa go Kgaogana.

O se ka wa gakgamala fa ka nakwana o hutsafala thata morago ga gore lo kgaogane. O ka nna wa ba wa ikutlwa jaaka mopesalema yo o neng a re: “Ke tlhakatlhakane, ke ikobile mo go feteletseng; ke tsamatsamaile ke utlwile botlhoko letsatsi lotlhe.”—Pesalema 38:6.

 Ditsala dingwe tse di nang le maitlhomo a a siameng di ka leka go go thusa ka go go kgothaletsa gore lo boelane. Nna kelotlhoko! Ke wena yo o tla lebanang le ditlamorago tsa tshwetso eo botshelo jotlhe, e seng ditsala tsa gago. Ka jalo, o se ka wa tshaba go nna o ngaparetse tshwetso ya gago—le fa o ka tswa o hutsafaditswe ke se se diragetseng.

 Tlhomamisega gore kgabagare kutlobotlhoko ya gago e tla fela. Gone jaanong, ke eng fa o sa tseye dikgato tse di mosola tse di jaaka tse di latelang go lebana le seemo?

  •   Tshololela mongwe yo o mo ikanyang mafatlha a gago.—Diane 15:22.

  •   Rapela Jehofa ka kgang eno.—Pesalema 55:22.

  •   Nna o tshwaregile.—1 Bakorintha 15:58.

  •   O se ka wa itlhaola mo go ba bangwe!—Diane 18:1.

  •   Simolola ka bonako go itsalanya le batho ba ba tla go agang. Leka go nna o akantse ka dilo tse di agang.—Bafilipi 4:8.