Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

A ke Kgona go Itshoka?

A ke Kgona go Itshoka?

 A o kgona go itshoka? A o kile wa . . .

  •   tlhokafalelwa ke mongwe yo o mo ratang?

  •   fetsa lobaka lo lo leele o lwala?

  •   welwa ke masetlapelo a tlholego?

 Ba batlisisi ba re ga o tlhoke fela go itshokela dikgwetlho tse dikgolo. Tota le go tshwenyega ka mathata a mannye go ka go lwatsa. Ka jalo, go botlhokwa gore o nne le boitshoko go sa kgathalesege gore a o lebana le mathata a mannye kgotsa a magolo.

 Go itshoka go kaya eng?

 Boitshoko ke bokgoni jwa go lebana le mathata a botshelo le dikgwetlho ka katlego. Ga nna le boitshoko ga go reye gore ga o kitla o nna le mathata. Le fa go ntse jalo, go ka go thusa gore o kgone go lebana le mathata le gore o nne maatla.

Fela jaaka ditlhare di sekama fa go na le phefo e e maatla le wena o tla boa o siama fa o sena go feta mo mathateng

 Goreng o tlhoka go itshoka?

  •   Ka gonne rotlhe re na le mathata. Baebele ya re: “Ba ba bofefo ga ba fenye lobelo, . . . le fa e le ba ba nang le kitso ga ba na kamogelo; ka gonne botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Re ithuta eng? Tota le batho ba ba siameng—ba diragalelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko le fa gone ba sa dira sepe se se phoso.

  •   Ka gonne go itshoka go a go sireletsa. Moithutatlhaloganyo wa kwa sekolong sengwe o ne a re: “Baithuti ba le bantsi ba kile ba tla go mpona kwa ofiseng ya me ba galefile, e bile ba sa kgone go laola maikutlo a bone fela ka gonne ba ne ba sa pasa kgotsa mongwe a buile sengwe se se bosula ka bone mo social media.” Gape o ne a re: “Mathata ano a lebega a le mannye, mme fa baithuti ba se na bokgoni jwa go lebana le one, ba ka nna ba feleletsa ba na le bolwetse jwa tlhaloganyo.” a

  •   Ka gonne go itshoka go tla go tswela mosola gone jaanong le fa o setse o godile. Dr Richard Lerner o ne a kwala jaana ka mathata a batho ba lebanang le one: “Selo se sengwe se se ka dirang gore motho a atlege, ke fa a lebana le mathata kgotsa a batla tsela e nngwe ya go fitlhelela dilo tse a batlang go di dira.” b

 Ke eng se se ka go thusang go itshoka?

  •   Se ka se ka mathata a gago. Leka go bona gore bothata jo o lebaneng le jone bo bo nnye kana bo bogolo. Baebele ya re: “Motho yo o itsiseng go tshwenyega ga gagwe mo go lone letsatsi leo ke seeleele, mme yo o botlhale o bipa tlontlologo.” (Diane 12:16) Mathata a mangwe ga o tlhoke go tshwenyega thata ka one.

     “Bana ba ke neng ke tsena sekolo le bone, ba ne ba rata go ngongorega thata ka dilo tse di nnye, ba dira gore go lebege e kete ke mathata a magolo. Fa ditsala tsa bone tsa mo social media—di ne di ba bolelela gore ba dirile sentle ka go ngongorega, seo se ne se dira gore ba akanye thata ka mathata a bone.”—Joanne.

  •   Ithute mo bathong ba bangwe. Baebele ya re: “Tshipi e loodiwa ke tshipi. Fela jalo motho o lootsa sefatlhego sa yo mongwe.” (Diane 27:17) Re ka ithuta mo bathong ba ba kileng ba kgona go itshokela maemo mangwe a a thata.

     “Fa o ntse o tlotla le batho ba bangwe, o tla lemoga gore ba ile ba lebana le mathata mme gone jaanong ba siame. Bua le bone mme o utlwe gore ba kgonne jang go lebana le one.”—Julia.

  •   Nna pelotelele. Baebele ya re: “Mosiami o ka wa ga supa mme ruri o tla tsoga.” (Diane 24:16) Go ka tsaya nako go amogela gore dilo ga di kitla di nna jaaka o eletsa, mme o se ka wa kgobega marapo fa o utlwa botlhoko. Sa botlhokwa ke gore “o tla tsoga.”

     “Fa o tswa mo mathateng, o tshwanetse wa ipha nako ya go fola. Go ka tsaya lobaka. Ke ithutile gore go fola go tsaya nako.”—Andrea.

  •   Ithute go leboga. Baebele ya re: “Itshupeng lo na le tebogo.” (Bakolosa 3:15) Le fa o lebana le mathata ka dinako dingwe, go na le dilo dingwe tse o ka di lebogelang. Akanya ka dilo tse tharo tse di ka dirang gore o itumelele botshelo.

     “Fa o lebana le mathata, go motlhofo go ipotsa gore ‘goreng seno se ntiragalela?’ Go itshoka ga go reye fela go tlhoma mogopolo mo mathateng a gago, mme go raya go a leba ka tsela e e siameng le go lebogela se o kgonang go se dira.”—Samantha.

  •   Kgotsofalela se o nang le sone. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Ke ithutile go ritibala, mo maemong le fa e le afe a ke leng mo go one.” (Bafilipi 4:11) Paulo o ne a sa kgone go laola dilo tse di bosula tse di neng di mo diragalela. Se a neng a ka kgona go se dira ke go laola tsela e a lebang dilo tseo ka yone.

     “Ke lemogile gore ga se gantsi ke leba dilo ka tsela e e siameng fa ke lebana le mathata. Ka jalo ke ikaeletse go nna ke leba mathata a me ka tsela e e siameng. Go dira jalo ga go thuse nna fela mme go solegela le ba bangwe molemo.”—Matthew.

  •   Rapela. Baebele ya re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.” (Pesalema 55:22) Go rapela ga se sengwe se re tshwanetseng go se dira fela fa re batla go ikutlwa botoka. Ke tsela e re e dirisang go bua le Mmopi wa rona, ka gonne ‘o a re kgathalela.’—1 Petere 5:7.

     “Ga ke tlhoke go ikimetsa. Ke rapela Jehofa ke mmolelela mathata a me, go tswa foo a bo a nthusa gore ke kgone go tlhoma mogopolo mo masegong a a nnayang one. Go rapela go botlhokwa thata!”—Carlos.

a Go tswa mo bukeng ya Disconnected, ya ga Thomas Kersting.

b Go tswa mo bukeng ya The Good Teen—Rescuing Adolescence From the Myths of the Storm and Stress Years.