Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke ka Ntlha Yang fa ke Tshwanetse go Gana Tshedimosetso e e Hepisang?

Ke ka Ntlha Yang fa ke Tshwanetse go Gana Tshedimosetso e e Hepisang?

 A o tla kgona go e gana?

 Fa o dirisa Internet, itse gore nako nngwe o tla kopana le mofuta mongwe wa tshedimosetso e e hepisang. Hayley wa dingwaga tse 17 a re: “Tota e bile ga o tlhole o tlhoka go e senka. Yone e latelela wena.”

 Tota le batho ba ba ikemiseditseng go gana tshedimosetso e e hepisang ba ka raelesega go e leba. Greg wa dingwaga tse 18 a re: “Ke ne ka ipolelela gore ke tla nna ke le kelotlhoko, mme ke ne ka palelwa ke go dira jalo. O ka se ke wa re go ka se go diragalele.”

 Gompieno go motlhofo go feta le fa e le leng pele go bona tshedimosetso e e hepisang. Mme e re ka jaanong go setse go na le mokgwa wa go romelelana melaetsa e e hepisang ka founo, basha ba le bantsi ba dira tshedimosetso ya bone e e hepisang ba bo ba e anamisa.

 Sa botlhokwa: O lebane le kgwetlho e e gaisang e batsadi ba gago kgotsa borragomogolo le bommagomogolo ba neng ba lebana le yone fa ba ne ba lekana le wena. Potso ke gore, A o tla kgona go gana tshedimosetso e e hepisang?​—Pesalema 97:10.

 O ka kgona​—fa o tlhopha go dira jalo. Mme sa ntlha o tshwanetse go tlhatswega pelo gore tshedimosetso e e hepisang ga e a siama. Mma re tlotle ka dintlha di le mmalwa tse di maaka le tse di boammaaruri ka kgang eno.

 Maaka le boammaaruri

 Maaka: Tshedimosetso e e hepisang e ka se ntlhagisetse kotsi epe.

 Boammaaruri: Se tshedimosetso e e hepisang e se dirang mo tlhaloganyong ya gago se tshwana le se motsoko o se dirang mo makgwafong a gago. E a go kgotlela. E tlontlolola sengwe se Modimo a se dirileng gore e nne kgolagano e e maatla le e e nnelang ruri fa gare ga batho ba babedi. (Genesise 2:​24) Fa nako e ntse e ya, e ka nna ya ba ya dira gore o kgwaralale pelo gore o se ka wa lemoga se se siameng le se se phoso. Ka sekai, baitse bangwe ba bolela gore gantsi banna ba ba nang le mokgwa wa go lebelela tshedimosetso e e hepisang ba kgwaralala pelo mo ba felelang ba sa amege ka go sotliwa ga basadi.

  Baebele e tlhalosa batho bangwe ba ba ‘sa tlholeng ba na le boikutlo ka gope ka boitshwaro.’ (Baefeso 4:19) Segakolodi sa bone ga se tlhole se ba tsibosa mo e leng gore ga ba tlhole ba utlwa botlhoko fa ba dira dilo tse di bosula.

 Maaka: Tshedimosetso e e hepisang e ka go ruta ka tlhakanelodikobo.

 Boammaaruri: Tshedimosetso e e hepisang e go ruta ka go nna pelotshetlha. E dira gore o tseye gore batho ke didirisiwa fela le gore ba diretswe go kgotsofatsa keletso ya gago ya bopelotshetlha fela. Ga go gakgamatse go bo patlisiso nngwe e lemogile gore batho ba ba nang le mokgwa wa go lebelela tshedimosetso e e hepisang ga se gantsi ba kgotsofalela tlhakanelodikobo fa ba sena go tsena mo lenyalong.

  Baebele e laela Bakeresete gore ba gane “kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha”​—dilo tsotlhe tse tshedimosetso e e hepisang e di rotloetsang.​—Bakolosa 3:5.

 Maaka: Batho ba ba ganang tshedimosetso e e hepisang ba tlhabisiwa ditlhong fela ke tlhakanelodikobo.

 Boammaaruri: Batho ba ba ganang tshedimosetso e e hepisang ba tsaya tlhakanelodikobo masisi. Ba lemoga gore ke mpho e Modimo a e diretseng go nonotsha kamano ya monna le mosadi ba ba nyalaneng e bile ba itlamile mongwe go yo mongwe. Gantsi ba ba lebang dilo jalo ba ka kgotsofalela tlhakanelodikobo fa ba sena go tsena mo lenyalong.

  Baebele e bua e sa fitlhe sepe ka tlhakanelodikobo. Ka sekai, e raya banna ba ba nyetseng e re: “Ipele le mosadi wa bosha jwa gago . . . O tlhapelwe ke boitumelo ka lorato lwa gagwe ka metlha.”—Diane 5:​18, 19.

 Tsela ya go gana tshedimosetso e e hepisang

 Go tweng fa o utlwa thaelo ya go leba tshedimosetso e e hepisang e le maatla thata gore o ka emelana le yone? Dintlha tsa go itshekatsheka tsa setlhogo se se reng “Tsela ya go Gana Tshedimosetso e e Hepisang” di ka go thusa.

 Tlhomamisega gore o ka kgona go gana thaelo ya go lebelela tshedimosetso e e hepisang. Gape o ka ithuta go tlogela go lebelela tshedimosetso e e hepisang fa e le gore o setse o simolotse go e lebelela. O tla solegelwa molemo ka ditsela di le dintsi fa o dira jalo.

 Akanya ka Calvin, yo o bolelang gore o ne a simolola go nna le mokgwa wa go lebelela tshedimosetso e e hepisang a na le dingwaga di ka nna 13. Calvin a re: “Ke ne ke itse gore go phoso mme ke ne ke sa kgone go fenya thaelo ya go e lebelela. Mme fa ke sena go e lebelela, ke ne ke ikwatlhaya fela thata. Kgabagare rre o ne a lemoga​—mme go bua boammaaruri fela, ke ne ka ikutlwa ke imologile tota! Jaanong ke ne ka kgona go bona thuso e ke neng ke e tlhoka.”

 Calvin o ithutile go gana tshedimosetso e e hepisang. A re: “Go simolola go lebelela tshedimosetso e e hepisang e ne e le phoso e kgolo e ke sa ntseng ke boga matswela a yone ka gonne ditshwantsho tseo di sa ntse di tla mo mogopolong wa me. Ka dinako tse dingwe ke sa ntse ke raelesega go akanya ka se ke neng ke ka se bona fa ke ne nka leba dilo tse ke sa tshwanelang go di leba. Mme go tswa foo ke akanya kafa nka nnang le isagwe e e itumedisang le e e phepa ka teng fa ke dira dilo ka tsela ya ga Jehofa.”