Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Dirang fa ke Raelwa?

Nka Dirang fa ke Raelwa?

 Moaposetoloi Paulo o ile a kwala a re: “Fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna.” (Baroma 7:21) A le wena o kile wa ikutlwa jalo? Fa go le jalo, dintlha tse di latelang di tla go thusa go itse gore o direng fa o raelesega go dira dilo tse di sa siamang.

 Se o tlhokang go se itse

 Fa dithaka tsa gago di go raela, gantsi o ikutlwa o patelesega go dira dilo tse di sa siamang. Baebele ya re: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakorintha 15:33) Dilo tse o di bonang mo thelebisheneng le mo Internet di ka dira gore o nne le dikeletso tse di sa siamang tse di ka dirang gore o raelesege go tlola molao wa Modimo kgotsa o feleletse o dira dilo tse di sa siamang tse o bonang batho ba di dira.—Ekesodo 23:2.

 “Fa o batla go ratwa le go amogelwa ke batho, o feleletsa o dira sengwe le sengwe fela gore o ba itumedise!”​—Jeremy.

 Akanya ka seno: Goreng go ka nna thata go tila go dira dilo tse di sa siamang fa e le gore o motho yo o tshwenyegileng thata ka gore batho ba tla reng ka wena?—Diane 29:25.

 Ntlha ya botlhokwa ke eno: Se letle dithaka tsa gago gore di go raele go dira dilo tse o sa batleng go di dira.

 Se o ka se dirang

 Itse se o se dumelang. Fa o sa itlhaloganye, o ka nna wa feleletsa o tshwana le mpopi o batho ba o tsenyang megala ba bo ba o binisa. Go botoka go latela kgakololo eno ya Baebele: “Tlhomamisang dilo tsotlhe; ngangatlelang se se molemo.” (1 Bathesalonika 5:21) Fa o tlhaloganya Baebele sentle, ga go kitla go nna motlhofo gore batho ba go raele go dira dilo tse di sa siamang ka gonne o tla bo o itse se o se dumelang.

 Akanya ka seno: Goreng o dumela gore melao ya Modimo e diretswe go go thusa?

 “Ke lemogile gore fa ke tshela go ya ka dilo tse ke di dumelang e bile ke sa ineele fa ke raelwa, batho ba ntlotla le go feta.”​—Kimberly.

 Sekai sa mo Baebeleng se re ka se latelang: Daniele. Fa Daniele a ne a le mosha, o ile “a ikemisetsa mo pelong ya gagwe” gore ga a kitla a tlola melao ya Modimo.—Daniele 1:8.

Fa o sa itlhaloganye, o ka nna wa feleletsa o tshwana le mpopi o batho ba o tsenyang megala ba bo ba o binisa

 Itse gore o bokoa fa kae. Baebele e bua ka “dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone.” (2 Timotheo 2:22) Dikeletso tseo di akaretsa keletso ya thobalano, ya go batla go ratwa ke batho le ya go batla go itirela ditshwetso mme o ise o gole sentle.

 Akanya ka seno: Baebele ya re: “Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe.” (Jakobe 1:14) Ke keletso efe e o tleng o nne le yone?

 “Se leke go itsietsa, amogela gore go na le dikeletso tse o tleng o nne le tsone. Dira dipatlisiso tsa gore o ka di fenya jang o bo o kwala dintlha tse o batlang go di dirisa. Seno se tla go thusa gore fa teko eo e tla gape, o kgone go e tila.”​—Sylvia.

 Sekai sa mo Baebeleng se re ka se latelang: Dafide. Dafide o kile a ineela go raelwa ke batho e bile le ene o ile a tlelwa ke dikeletso tse di sa siamang. Mme ga a ka a boeletsa diphoso tseo gape. O ile a kopa Jehofa a re: “Bopa pelo e e itshekileng mo go nna, . . . mme o tsenye moya o mosha mo teng ga me, o o nitameng.”—Pesalema 51:10.

 Se letle batho gore ba go direle ditshwetso. Baebele ya re: “Lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula.” (Baroma 12:21) Seo se raya gore ga o tlhoke go ineela fa o raelwa. O kgona go tlhopha go dira se se siameng.

 Akanya ka seno: O ka netefatsa jang gore o dira tshwetso e e siameng fa o le mo seemong se se go raelang go dira dilo tse di sa siamang?

 “Fa ke raelesega go dira selo se se sa siamang, ke ipotsa gore ke tlile go ikutlwa jang fa ke sena go se dira. Gongwe ke tla itumela ka nako eo mme bothata e nna gore a ke tla tswelela ke itumetse morago ga moo. Nnyaa, ke tlile go ikotlhaya. Ka jalo, kwa bofelong ke feleletsa ke sa bone mosola wa go dira selo seo.”—Sophia.

 Sekai sa mo Baebeleng se re ka se latelang: Paulo. Le fa Paulo a ne a itse makoa a gagwe, o ne a sa a letle gore a mo laole. O ile a kwala a re: “Ke itaya mmele wa me ke bo ke o tshwara jaaka motlhanka.”—1 Bakorintha 9:27.

 Ntlha ya botlhokwa ke eno: Fa o raelwa, ga go na ope yo o ka go pateletsang go dira dilo tse wena o sa batleng go di dira.

 Se lebale gore diteko ga di nnele ruri. Mellissa yo o nang le dingwaga di le 20 a re: “Dilo tse dintsi tse ke neng ke tsaya gore ke diteko fa ke ne ke le kwa sekolong, gone jaanong ke di tsaya e le dilo fela tse di sa reng sepe. Seo se nthusa go lemoga gore diteko tse ke kopanang le tsone gone jaanong le tsone di tlile go feta e bile letsatsi lengwe ke tla leba kwa morago ke bo ke leboga gore ke ile ka kgona go di itshokela.”