Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Dirang Fa ke Na le Bothata Jwa Botsogo?—Karolo 2

Nka Dirang Fa ke Na le Bothata Jwa Botsogo?—Karolo 2

 Mathata a botsogo a tla ka ditsela tse di farologaneng.

  •   Batho ba bangwe ba na le matshwao a a bonalang ka fa ntle, fa ba bangwe bone mathata a bone a ba ama kafa gare fela.

  •   Mathata a mangwe ke a nakwana fa a mangwe e le a a nnelang ruri mme a baka dikgwetlho letsatsi le letsatsi.

  •   A mangwe a ka alafiwa kgotsa a kgona go laolwa, mme a mangwe a a etegela fa nako e ntse e tsamaya—gongwe e bile a ka bolaya.

 Basha ba lebana le mefuta yotlhe ya mathata a botsogo a a tlhalositsweng fano. Mo setlhogong seno o tla utlwa ka ba le banè ba ba nang le mathata a a ntseng jalo. Fa e le gore le wena o na le bothata jwa botsogo, gongwe o ka kgothadiwa ke dikakgelo tsa bone.

 GUÉNAELLE

 Selo se se boima thata mo go nna ke go amogela gore ke ka se kgone go dira dilo dingwe. Go na le dilo di le dintsi tse ke batlang go di dira mme letsatsi le letsatsi ke tshwanelwa ke go dira dilo go ya ka seemo sa me.

 Ke na le bolwetse jwa motor-neuromuscular disorder jo bo dirang gore boboko jwa me bo se ka jwa romela tshedimosetso sentle mo mmeleng. Ka dinako dingwe dikarolo tse di farologaneng tsa mmele wa me, go tloga kwa tlhogong go fitlha kwa menwaneng ya maoto, di a roroma kana di swa bogatsu. Ke thatafalelwa ke go dira dilo tse di sa reng sepe tse di jaaka go suta, go bua, go bala, go kwala le go tlhaloganya ba bangwe. Fa go le boima thata, bagolwane ba phuthego ya me ba rapela le nna. Fa ba dira jalo, ke ikutlwa ke le botoka ka yone nako eo.

 Le fa nka lebana le teko le fa e le efe, ke dumela gore Jehofa Modimo o nna a le gone go nnonotsha. Ga ke batle go letla gore bolwetse jwa me bo nthibele go mo direla ka botlalo. Ke dira gore selo se se tlang pele mo botshelong jwa me e nne go thusa ba bangwe go ithuta ka tsholofetso ya Baebele ya gore go ise go ye kae Jehofa Modimo o tla dira lefatshe paradaise, e mo go yone go tla bong go sa tlhole go na le pogo.​—Tshenolo 21:1-4.

Se o ka akanyang ka sone: O ka bontsha ba bangwe kutlwelobotlhoko jang, jaaka Guénaelle a ile a dira?​—1 Bakorintha 10:24.

 ZACHARY

 Fa ke ne ke na le dingwaga di le 16, go ne ga lemogiwa gore ke na le mofuta mongwe wa kankere ya boboko e e etegelang ka bonako. Dingaka di ne tsa mpolelela gore ke tla tshela dikgwedi di le robedi fela. Fa e sa le ka nako eo ke ntse ke kgaratlhela go nna le botsogo jo bo botoka.

 Gone jaanong ke sule mohama kafa mojeng, ka ntlha ya karolo e ditlhagala di leng mo go yone. E re ka ke palelwa ke go tsamaya, ka metlha go tshwanetse ga bo go na le mongwe mo lapeng go nthusa.

 Go etegela ga bolwetse jwa me go dirile gore go nne thata gore ke kgone go bua sentle. Nkile ka bo ke le motho yo o matlhagatlhaga tota, ke itumelela metshameko e e jaaka waterskiing, baseketebolo le volleyball. E re ka ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke ne ke tlhagafetse mo bodireding jwa Bokeresete. Ga ke dumele gore batho ba le bantsi ba a tlhaloganya gore go ntse jang go palelwa ke go dira dilo tse o di ratang thata.

 Mafoko a a mo go Isaia 57:15 a a nkgothatsa ka gonne a ntlhomamisetsa gore Jehofa Modimo o thusa batho ba ba ‘moya o gateletsweng’ le gore o amega ka nna. Gape Isaia 35:6 e na le tsholofetso ya ga Jehofa ya gore ke tla kgona go boa ke tsamaya gape le go mo direla ke na le botsogo jo bo itekanetseng.

 Le fa gone ka dinako dingwe go ka nna thata go lebana le bolwetse jwa me, ke tlhomamisegile gore Jehofa o nkeme nokeng. Thapelo e nthusa gore ka metlha ke nne le mongwe yo nka buang le ene fa ke ikutlwa ke tshwenyegile kgotsa ke utlwa e kete ke tloga ke swa. Ga go na sepe se se ka nkgaoganyang le lorato lwa ga Jehofa.​—Baroma 8:39.

 Zachary o tlhokafetse a na le dingwaga di le 18, dikgwedi di le pedi morago ga potsolotso eno. Tumelo ya gagwe mo tsholofetsong ya Modimo ya gore o tla tsosetsa batho mo lefatsheng la paradaise e ne ya nna e nonofile go fitlha a swa.

Se o ka akanyang ka sone: Thapelo e ka go thusa jang go ipoloka mo loratong lwa Modimo, fela jaaka e ile ya thusa Zachary?

 ANAÏS

 Morago ga malatsi a le mmalwa fela ke sena go tsholwa, ke ne ka tshologa madi a mantsi thata mo bobokong mo go neng ga dira gore mmele otlhe wa me o golafale, segolobogolo maoto.

 Gompieno ke kgona go tsamaya sekgala se sekhutshwane ka sedirisiwa se se nthusang go tsamaya, mme gantsi ke tlhoka setulo sa maotwana gore ke tsamatsamae. Gape ke a tle ke gagamale mesifa ka tshoganyetso, mo go dirang gore ke se ka ka dira ditiro dingwe sentle tse di jaaka go kwala ka seatla.

 Kwantle ga gore bolwetse jwa me ka bojone fela bo ngomola pelo, kalafi ya jone le yone e na le dikgwetlho dingwe. Ga ke bolo go nna ke ya go sidilwa makgetlho a le mmalwa ka beke. Ke ile ka dira karo ya me ya ntlha e kgolo fa ke ne ke na le dingwaga di le tlhano mme fa e sa le ka nako eo, ke dirile tse dingwe gape di le tharo. Tse pedi tsa bofelo di ne di le boima ka gonne ke ile ka fetsa dikgwedi di le tharo ke se kwa gae gore ke sidilege.

 Lelapa la gaetsho le nthusitse fela thata. Re dira metlae mmogo mme seo se nthusa thata fa ke kgobegile marapo. Mmè le bomorwadiarre ba nthusa gore ke nne ke le montle, e re ka ke sa kgone go dira seno ke le esi. Ke utlwisiwa botlhoko ke gore ga ke kgone go rwala dikwaekwae. Mme ke ne ka kgona go di rwala gangwe fela fa ke ne ke sa le ngwana, ka go gagaba ke tsentse diatla mo ditlhakong, mme rotlhe re ne ra swa ka ditshego!

 Ga ke tlhome mogopolo thata mo bolwetseng jwa me. Ke ithuta dipuo. Ke kgona go thuma le fa ke sa kgone go lelesela le makhubu kgotsa go relela mo aeseng. E re ka ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke rata go ya kwa bodireding le go bolelela ba bangwe ka tumelo ya me. Go bonala batho ba reetsa ka kelotlhoko thata fa ke bua le bone.

 Batsadi ba me ba nthutile ke sa le monnye gore boemo jwa me ke jwa nakwana fela. Fa e sa le ka nako eo, ke nonotshitse tumelo ya me mo go Jehofa le mo tsholofetsong ya gagwe ya gore o tla fedisa pogo yotlhe, go akaretsa le ya me. Seno se nnonotsha gore ke tswelele pele.—Tshenolo 21:3, 4.

Se o ka akanyang ka sone: Fela jaaka Anaïs, o ka dira jang gore o se ka wa tlhoma mogopolo thata mo bolwetseng jwa gago?

 JULIANA

 Ke na le bolwetse jo bo botlhoko jo bo dirang gore disele tse di lwantshang malwetse di tlhasele disele tse di siameng tsa mmele, mme bo ka ama pelo, makgwafo le madi. Bo setse bo amile diphilo tsa me.

 Fa ke ne ke na le dingwaga di le lesome go ne ga lemogiwa gore ke na le bolwetse jwa lupus, jo bo dirileng gore ke opelwe, ke nne le letsapa le legolo le go fetofetoga ga maikutlo. Ka dinako tse dingwe ke ikutlwa ke se na mosola.

 Fa ke ne ke na le dingwaga di le 13, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a etela kwa lapeng. O ne a mpalela Isaia 41:10, e mo go yone Jehofa Modimo a reng: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. . . . Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.” Ke ne ka simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa ka yone nako eo. Go setse go fetile dingwaga di le robedi, mme ke direla Modimo ka pelo yotlhe, e bile ke ititeile sehuba gore ke se ka ka letlelela bolwetse jwa me bo ntaola. Ke dumela gore Jehofa o nneile “maatla a a fetang a a tlwaelegileng,” gore ke tswelele ke leba dilo ka tsela e e tshwanetseng.—2 Bakorintha 4:7.

Se o ka akanyang ka sone: Isaia 41:10 e ka go thusa jang gore o tswelele o leba dilo ka tsela e e tshwanetseng fela jaaka e ile ya thusa Juliana?