Fetela kwa tshedimosetsong

DIPOTSO TSE BASHA BA DI BOTSANG

Ke Eng Se se Ka Nthusang go Dirisa Nako ya me Sentle?

Ke Eng Se se Ka Nthusang go Dirisa Nako ya me Sentle?

 Ke eng fa o tshwanetse go dirisa nako ya gago sentle?

  •   Nako e tshwana le madi. Fa o sa e dirise sentle, ga o kitla o nna le yone fa o e tlhoka. Mme fa o e dirisa sentle, o tla nna le nako ya go dira dilo tse o di ratang!

     Baebele ya re: “Setshwakga se ipontsha se eletsa, mme moya wa sone ga o na sepe. Le fa go ntse jalo, moya wa ba ba tlhoafetseng o tla nontshiwa.”—Diane 13:4.

     Sa botlhokwa: Fa o dirisa nako ya gago sentle, o tla nna le kgololesego e e oketsegileng.

  •   Fa o itse go dirisa nako sentle, seno se tla go thusa fa o setse o godile. Gape se tla dira gore o se ka wa kobiwa kwa tirong. Tota e bile, fa o ne o na le kgwebo, o ne o tla dirang fa motho yo o go berekelang a nna fela a tla thari kwa tirong?

     Baebele ya re: “Motho yo o ikanyegang mo go se sebotlana thata o ikanyega le mo go se segolo.”—Luke 16:10.

     Sa botlhokwa: Fa o kgona go dirisa nako ya gago sentle, seo se bontsha gore o motho yo o ntseng jang.

 Mme gone, ga go motlhofo go dirisa nako sentle. Akanya ka dilo tse di ka dirang gore o se ka wa kgona go dirisa nako sentle.

 Sa ntlha: Ditsala

 “Fa ditsala tsa me di nkopa gore ke tsamaye le bone, ke tsamaya le bone le fa gone ke ne ke ikaeletse go dira sengwe. Ke tlhola ke ipolelela jaana: ‘Ke tla fitlha ke se dira ka bonako fa ke boa.’ Ka dinako tse dingwe fa ke boa ga ke kgone go se dira ke bo ke tsena mo mathateng.”—Cynthia.

 Sa bobedi: Didirisiwa tsa ileketeroniki

 “Thelebishene e a gogela. E na le di-movie le ditori tse dintsi tse di monate.”—Ivy.

 “Ke kgona go fetsa diura di le dintsi ke le mo thaboleteng. Ka dinako tse dingwe ke tswa fela mo go yone fa beteri e fedile mme seo se dira gore ke ikutlwe molato.”—Marie.

 Sa boraro: Go beela dilo nako e e tlang

 “I procrastinate on my school assignments and on anything else I n“Ke nna fela ke busetsa tiro ya sekolo le ditiro tse dingwe kwa morago. Ke senya nako ke dira dilo tse di seng botlhokwa ke bo ke dira tiro ya me ya sekolo ka motsotso wa bofelo.”—Beth.

Go dirisa nako sentle go tla go thusa gore o nne le kgololesego e e oketsegileng

 Se o ka se dirang

  1.   Kwala dilo tse o tlhokang go di dira. Ka sekai, tiro ya sekolo le ditiro tsa mo lelapeng. Gape kwala gore o tlhoka nako e e kae go dira dilo tseo.

     Baebele ya re: ‘Tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata.’—Bafilipi 1:10.

  2.   Kwala dilo tse o ratang go di dira fa o sa dire sepe. Seno se ka akaretsa go lebelela thelebishene le go dirisa Internet. Kwala gore o batla go fetsa nako e kae o dira dilo tseno.

     Baebele ya re: “Tswelelang lo tsamaya ka botlhale . . . , lo ithekela nako nngwe le nngwe e e lo siametseng.”—Bakolosa 4:5.

  3.   Ipeele mekgele. Boa o lebelele lenaane le o itiretseng lone. A o iphile nako e e lekaneng go dira dilo tsa botlhokwa? A o ka fokotsa nako e o iphileng yone go itlosa bodutu?

     Kakantsho: Itirele lenaane la dilo tse o tlhokang go di dira mo letsatsing, mme fa o sena go dira tiro nngwe o e tshwaye mo lenaaneng la gago.

     Baebele ya re: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo.”—Diane 21:5.

  4.   Dira se o rileng o tla se dira. Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe ga o kitla go kgona go etela ditsala tsa gago gore o kgone go dira ditiro dingwe tsa botlhokwa. Mme gone, o tla nna le nako e e oketsegileng e bile o tla itumela.

     Baebele ya re: “Setshwakga se ipontsha se eletsa, mme moya wa sone ga o na sepe. Le fa go ntse jalo, moya wa ba ba tlhoafetseng o tla nontshiwa.”—Diane 13:4.

  5.   O se ka wa itlosa bodutu o ise o fetse tiro ya gago. Tara a re: “Ka dinako tse dingwe ke tla bo ke dira dilo di le pedi mo lenaaneng la me ke bo ke re, ‘mma ke lebelele thelebishene metsotso e le 15 fela.’ Go le gantsi ke a itebala ke bo ke feleletsa ke feditse diura di le pedi ke ntse ke e shebile.”

     Ke eng se se ka go thusang? Itlose bodutu fa o sena go fetsa ditiro tsa gago.

     Baebele ya re: “Ga go na sepe se se botoka fa e se gore [motho] a . . . bone molemo ka ntlha ya tiro ya gagwe ya bonatla.”—Moreri 2:24.