Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Lebana Jang le Kgatelelo ya Maikutlo?

Nka Lebana Jang le Kgatelelo ya Maikutlo?

 O ka dira eng?

 Akanya ka maemo a a latelang:

 Dineo ga a tlhole a itumelela sepe. O lela thata letsatsi le letsatsi mme go se na lebaka. O nna a itlhaotse e bile ga a je sentle. Ga a kgone go robala sentle le go tlhoma mogopolo. Dineo o ipotsa jaana: ‘Bothata ke eng ka nna? A ke tla tsamaya ke siama?’

 Motheo o kile a bo a dira bontle kwa sekolong. Mme gone jaanong o tlhoile sekolo e bile maduo a gagwe a kwa tlase. Motheo ga a tlhole a kgatlhegela metshameko e a neng a e rata. Ditsala tsa gagwe ga di tlhole di mo tlhaloganya. Batsadi ba gagwe ba tshwenyegile. A ke maemo a nakwana fela kgotsa ke bothata?

 A o a tle o ikutlwe jaaka Dineo kgotsa Motheo? Fa go le jalo, o ka dira eng? O ka leka go dira dilo tseno tse pedi:

  1.   Go lebana le boemo joo o le nosi

  2.   Bua le mogolo mongwe yo o mo tshepang

 Tshwetso ya A e ka lebega e siame, segolobogolo fa o sa batle go bua. A mme ke tshwetso e e siameng? Baebele ya re: “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe, . . . gonne fa a le mongwe wa bone a ka wa, yo mongwe o ka kgona go tsosa molekane wa gagwe. Mme go tla nna jang fa yo o esi fela a wa mme go se na yo mongwe go mo emisa?”—Moreri 4:9, 10.

 Ka sekai: A re re o timetse mo lefelong le le tletseng dirukhutlhi. Go lefifi e bile go na le digongwana gongwe le gongwe. O ne o ka dira eng? O ka leka go tswa mo lefelong leo o le nosi. A go ne go ka se nne botoka go kopa mongwe yo o mo tshepang gore a go thuse?

 Go ikutlwa o gateletswe mo maikutlong go tshwana le lefelo leo le le tletseng dirukhutlhi. Ke boammaaruri gore gangwe le gape o ka ikutlwa o hutsafetse mme gone maikutlo ao e ka tswa e le a nakwana. Mme fa go fetile lobaka o ikutlwa jalo, go botoka go kopa thuso.

 MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Yo o itlhaolang o . . . kgatlhanong le botlhale jotlhe jo bo mosola.”​—Diane 18:1.

 Se se kgatlhang ka tshwetso ya B ke gore fa o bua le motsadi kgotsa mogolo mongwe yo o mo tshepang, maitemogelo a gagwe a go lebana le maemo a a thata, a ka go thusa.

 O ka tswa o akanya jaana: ‘Batsadi ba me ga ba tlhaloganye gore go ntse jang go ikutlwa ka tsela e ke ikutlwang ka yone!’ A mme o tlhomamisegile ka seo? Le fa maemo a ba neng ba lebane le one a farologane le a gago, tsela e ba neng ba ikutlwa ka yone e ka tswa e tshwana le ya gago. Mme ba ka tswa ba na le tharabololo.

 MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “A ga go na botlhale mo go ba ba tsofetseng le tlhaloganyo mo boleeleng jwa malatsi?”—Jobe 12:12.

 Ntlha ke gore: Fa o boleletse motsadi kgotsa mogolo mongwe yo o mo tshepang ka bothata jwa gago, o ka bona thuso e e maleba.

Go ikutlwa o gateletswe mo maikutlong go tshwana le go timela mo lefelong le le tletseng dirukhutlhi. Fa o batla go tswa mo go lone, kopa thuso

 Go tweng fa e le gore bothata joo bo tlhoka kalafi?

 Fa o ikutlwa o gateletswe mo maikutlong letsatsi le letsatsi, o ka tswa o na le bothata jo bo tlhokang kalafi, jaaka kgatelelo ya maikutlo e e kotsi.

 Mo basheng, matshwao a kgatelelo ya maikutlo e e tlhokang kalafi a ka tshwana le go fetofetoga maikutlo go go tlwaelegileng fela mme maikutlo ao a ka nna maatla thata e bile a ka tswelela lobaka lo loleele. Ka jalo, fa o nna fela o hutsafetse, bua le batsadi ba gago gore o tlhoka go bona ngaka.

 MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Batho ba ba tsogileng sentle ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba bobolang ba a e tlhoka.”—Mathaio 9:12.

 Fa e le gore o na le kgatelelo ya maikutlo e e tlhokang kalafi, o se ka wa tlhabiwa ke ditlhong. Go tlwaelegile gore basha ba nne le kgatelelo ya maikutlo mme e a alafega! Ditsala tsa gago tsa mmatota ga di kitla di go nyatsa.

 Kakantsho: Nna pelotelele. Kgatelelo ya maikutlo e tsaya nako go fola mme ka malatsi a mangwe o ka ikutlwa o le botoka mme ka a mangwe wa ikutlwa o hutsafetse. a

 Se o ka se dirang gore o ikutlwe botoka

 Le fa o ka tswa o tlhoka thuso ya kalafi, go na le dilo tse o ka di dirang go lebana le go hutsafala go go sa feleng. Ka sekai, go ikatisa ka metlha, go ja dijo tse nang le dikotla le go robala mo go lekaneng go ka go thusa go laola maikutlo a gago. (Moreri 4:6; 1 Timotheo 4:8) Gape o ka thusiwa ke go nna le buka e mo go yone o kwalang tsela e o ikutlwang ka yone, se o batlang go se dira gore o fole, dilo tse di go kgoreletsang le dilo tse o kgonneng go di fitlhelela.

 Fa e le gore o na le kgatelelo ya maikutlo ya nakwana kgotsa e e tlhokang kalafi, gopola seno: O ka fenya kgatelelo ya maikutlo fa o amogela thuso ya batho ba bangwe le go dira dilo tse di ka go thusang go fola.

 Ditemana tsa Baebele tse di ka thusang

  •  “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”—Pesalema 34:18.

  •  “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.”—Pesalema 55:22.

  •  “Gonne nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja, nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.’”—Isaia 41:13.

  •  “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang.”—Mathaio 6:34.

  •  “A dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona.—Bafilipi 4:6, 7.

a Fa e le gore o akanya go ipolaya, kopa thuso ka bonako mo mogolong yo o mo tshepang. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba setlhogo sa dikarolo tse nnê se se reng, “Ke Eng fa o Tshwanetse go Tswelela o Tshela?” mo makasineng wa Tsogang! wa April 2014.