Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Baebele e ka Nthusa Jang?—Karolo 1: Itse Baebele ya Gago

Baebele e ka Nthusa Jang?—Karolo 1: Itse Baebele ya Gago

 “Ke lekile go bala Baebele mme ke tswafisiwa ke gore e kima!”—Briana, 15.

 A le wena o ikutlwa jalo? Setlhogo seno se tlile go go thusa!

 Goreng ke tshwanetse go bala Baebele?

 A le wena o mongwe wa batho ba ba sa kgatlhiweng ke go bala Baebele? Gongwe o ikutlwa jalo ka gonne Baebele ke buka e tona e e se nang ditshwantsho. E ka tswa e sa ntshe bodutu jaaka thelebishene le dibidio tse o a tleng o di lebe.

 A re re o mo tseleng mme o bona lebokoso le legolo la bogologolo, a ga o kitla o batla go itse gore go na le eng mo teng?

 Baebele e tshwana le lebokoso leo. E na le dilo tsa botlhokwa tse di ka go thusang

  •   Go dira ditshwetso tse di siameng

  •   Go utlwana le batsadi ba gago

  •   Go nna le ditsala tse di siameng

  •   Go sa tshwenyege thata

 A buka eno ya bogologolo e ka re thusa le gompieno? Ee, ka gonne e “tlhotlheleditswe ke Modimo.” (2 Timotheo 3:16) Seo se raya gore kgakololo ya Baebele e kwa Modimong.

Baebele e tshwana le lebokoso le le nang le dilo tsa botlhokwa thata

 Nka simolola jang go bala Baebele?

 O ka e bala go tloga kwa tshimologong. Fa o dira jalo o tla kgona go tlhaloganya molaetsa wa Baebele. Go na le ditsela tse dintsi tsa go bala Baebele. A re bone di le pedi fela:

  •    O ka bala dibuka tsotlhe tse 66 tsa Baebele, go tloga ka Genesise go fitlha ka Tshenolo.

  •    O ka e bala go ya ka tatelano ya ditiragalo tse go buiwang ka tsone.

 Kakantsho: Karolo 4 ya Kaedi ya go Ithuta Lefoko la Modimo e tlhalosa ditiragalo tsa botshelo jwa ga Jesu go ya ka tatelano ya tsone.

 Tsela e nngwe ya go simolola go bala Baebele ke ka go tlhopha kgaolo ya Baebele e e tsamaisanang le bothata jo o nang le jone. Ka sekai:

 Kakantsho: Fa o bala Baebele, dula mo go se nang modumo gone gore o se ka wa iteega tsebe.

 Tsela ya boraro ya go bala Baebele ke go tlhopha buka nngwe ya Baebele, ka sekai buka ya pesalema, o bo o e bala, go tswa foo, o bo o bona gore o ka e dirisa jang. Fa o sena go e bala, ipotse dipotso tseno:

  •    Goreng Jehofa a tsentse buka eno mo Baebeleng?

  •    E nthuta eng ka botho jwa ga Jehofa le tsela e a dirang dilo ka yone?

  •    Nka dirisa jang tshedimosetso eno mo botshelong jwa me?

 Kakantsho: Dirisa Baebele ya Study Edition go bona dibidio, dimmapa le dintlha tse dingwe tse di ka go thusang gore o tlhaloganye Baebele sentle.