Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Goreng ke Tshwanetse go Ikanyega?

Goreng ke Tshwanetse go Ikanyega?

 Goreng batho ba bangwe ba sa ikanyege?

 Mo nakong e re tshelang mo go yone, go ikanyega go tsewa go se botlhokwa. Tota e bile, batho bangwe ba ka nna ba re:

  •   ‘Fa ke sa aketse batsadi ba me, ba ka nna ba nthibela go dira dilo dingwe.’

  •   ‘Fa ke sa tsietse mo tlhatlhobong eno, nka nna ka palelwa ke go e falola.’

  •   ‘Fa ke sa utswe selo se, ke tla tshwanelwa ke go baya madi a go se reka.’

 Bangwe ba ka nna ba re, ‘bothata ke eng? Ga go ope yo o ikanyegang!’

 Boammaaruri ke gore ga go a nna jalo. Batho ba le bantsi, go akaretsa le basha, ba dumela gore boikanyegi bo a duela, e bile ba na le mabaka a a utlwalang a go dumela seo. Baebele ya re: “Le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.” (Bagalatia 6:7) Tota re ka re, se re se dirang se na le diphelelo—e ka tswa e le tse di siameng kgotsa tse di bosula.

 Ka sekai, akanya ka diphelelo tse batho bangwe ba ileng ba lebana le tsone ka ntlha ya go bua maaka.

  “Ke ne ka aketsa mama ke re ga nke ke tlotla le mosimane mongwe. O ne a kgona go lemoga gore ga ke bue boammaaruri. Morago ga go mo aketsa makgetlo a le mararo, o ne a galefa tota. Ba ne ba re ke nne mo lapeng dibeke di le pedi ke sa ye gope ba bo ba ntseela founo le go nthibela go leba thelebishene ka lobaka lwa kgwedi. Ke ne ka bakela go aketsa batsadi ba me!”—Anita.

 Se o ka akanyang ka sone: Ke eng se se ka dirang gore go tseye lobaka gore mmaagwe Anita a mo tshepe gape?

 Baebele ya re: “E re ka jaanong lo latlhile maaka, a mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe.”—Baefeso 4:25.

  “Ke ne ka aketsa batsadi ba me ke bo ke akanya gore kgang eo e fedile go fitlha ba nthaya ba re ke ba bolelele gape se se diragatseng. Ke ne ka itoma diteme mo ke neng ke sa tlhole ke gopola se se diragetseng. Fa o bua boammaaruri fela kwa tshimologong ga o nne le mathata ao!”—Anthony.

 Se o ka akanyang ka sone: Anthony a ka bo a dirile eng go tila maemo ano a a tlhabisang ditlhong?

 Se Baebele e se buang: “Dipounama tse di akang ke selo se se makgapha mo go Jehofa, mme ba ba dirang ka boikanyegi ba a mo ipedisa.”​—Diane 12:22.

  “Ke na le tsala e e ratang go tlotla dilo ka tsela e e kgatlhang. Fa a tlotla, o feteletsa dilo e bile o bua maaka. Ke a mo rata e bile ga nke ke akanya thata ka dilo tse a di buang. Mme go thata go dumela dilo tse a di buang kgotsa go mo tshepa.”—Yvonne

 Se o ka akanyang ka sone: Maaka a “mannye” le go feteletsa dilo go ka ama jang tsala ya ga Yvonne?

 Baebele ya re: “Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.”—Bahebera 13:18.

Fa motheo o phatlogile, ntlo e ka nna ya phutlhama; ka tsela e e tshwanang, go sa ikanyege go ka go senya leina

 Goreng go ikanyega go le botlhokwa

 Jaanong ela tlhoko diphelelo tse di melemo tse o ka nnang le tsone ka ntlha ya go ikanyega.

  “Madi a mosadi yo o neng a tsamaya fa pele ga me a ne a wa. Ke ne ka mo gowa ke bo ke mo naya madi a gagwe. O ne a nteboga thata. O ne a re: ‘O motho yo o siameng. Ga se mongwe le mongwe yo o ka dirang jalo.’ Go ne go itumedisa go bo mongwe a lemogile gore ke dirile selo se se siameng!”—Vivian.

 Se o ka akanyang ka sone: Goreng mosadi yoo a ile a gakgamadiwa ke boikanyegi jwa ga Vivian? Go ikanyega go ne ga solegela Vivian molemo jang?

 Baebele ya re: “Go itumela ba ba . . . dirang tshiamo ka dinako tsotlhe.”—Pesalema 106:3.

  “Tiro ya rona rotlhe re le lelapa ke go tlhokomela dikago. Ka dinako dingwe re phepafatsa ofisi, re tla bo re bona madi a wetse fa fatshe. Fa seo se direga, re baya madi mo tafoleng e e gaufi. Modiri mongwe o ne a tenwa ke gore re a ikanyega a bo a re, ‘Ga se madi a a kalo!’ Mme se se itumedisang ke gore re o a re tlotla.”—Julia.

 Se o ka akanyang ka sone: Boikanyegi jwa ga Julia bo tla mo thusa jang fa a tlhoka thuso?

 Baebele ya re: “Dira bojotlhe jwa gago go itlhagisa o amogelwa ke Modimo, modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong.”—2 Timotheo 2:15.

 “Ke ne ka bereka diura di le 64 mme ka duelwa madi a diura di le 80. Le fa go ka bo go nnile molemo go didimala fela, ke ne ke sa kgone go dira jalo. Ke ne ka itsise manejara wa diakhaonto mme o ne a itumetse tota. Khampani eno e na le madi a mantsi mme ke ne ke sa batle go itseela madi ao ka gonne ke bogodu.”—Bethany.

 Se o ka akanyang ka sone: A go utswela khampani go botoka go na le go utswela motho?

 Baebele ya re: “Gonne motho yo o tsietsang ke selo se se makgapha mo go Jehofa, mme O atamalane thata le bathokgami.”—Diane 3:32.