Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Tlogela Jang go Beela Dilo Nako e e Tlang?

Nka Tlogela Jang go Beela Dilo Nako e e Tlang?

A o lapisitswe ke go nna o wetsa ditiro tsa kwa lapeng thari le tsa sekolo tse o di dirang kwa gae? Ruri o tshwanetse go tlogela go beela dilo nako e e tlang! Setlhogo seno se tla go thusa go tlogela go beela dilo nako e e tlang tota le fa

Fa o sena go bala setlhogo seno,  araba dipotso tse di ka ga go beela dilo nako e e tlang.

 Baebele e tlhalosa ditlamorago tse di botlhoko tsa go beela dilo nako e e tlang. Ya re: “Yo o lebeletseng phefo ga a na go jala peo; mme yo o lebileng maru ga a na go roba.”—Moreri 11:4.

 Ela tlhoko dingwe tsa dilo tse di ka bakang bothata le gore o ka dirang gore o tlogele go beela dilo nako e e tlang.

 Go lebega tiro e le thata.

 Boammaaruri ke gore​—ditiro tse dingwe di kgoba marapo tota mo go leng motlhofo go di beela nako e e tlang. Bona dikakantsho di le mmalwa tse di latelang.

  •   Kgaoganya tiro ka dikarolo tse dinnye. Mosetsana yo o bidiwang Melissa a re: “Tota le fa ke itse gore ke saletse morago thata, ke leka go dira tiro e e saletseng kwa morago ka go e dira kgato ka kgato.”

  •   Simolola ka yone nako eo. “Fa o sena go amogela tiro e simolole ka yone nako eo, tota le fa seo se raya fela gore o tla e kwala mo lenaaneng la dilo tse o tla di dirang kgotsa o tla kwala dintlha di sekae pele o di lebala.”—Vera.

  •   Kopa thuso. Ga go pelaelo gore batsadi le barutabana ba gago ba ile ba lebana le kgwetlho e e tshwanang. O ka solegelwa molemo ke go ithuta mo maitemogelong a bone. Ba ka nna ba go thusa gore o ithulaganye sentle.

 Ntlha e o ka e dirisang “Dira thulaganyo. Ke boammaaruri gore seo se raya gore o tshwanelwa ke go dira dilo ka thulaganyo le go ikemisetsa go latela thulaganyo eo, seo se a thusa​—o kgona go dira sengwe le sengwe ka nako e o tshwanetseng go se dira ka yone.”—Abbey.”.

 Ga go na se se go tlhotlheletsang.

 Gantsi ditiro tse o tshwanelwang ke go di dira di akaretsa dilo tse di go lapisang thata. Ka jalo o ka dirang fa tiro e o e tshwanelwang ke go e dira e sa go itumedise? Leka dilo tse di latelang.

  •   Akanya ka melemo ya go e dira go sa le gale. Ka sekai, akanya kafa o tla itumelang ka gone fa o setse o e weditse. Mosetsana yo o bidiwang Amy a re: “Ke rata tsela e ke ikutlwang ka yone fa ke feditse selo go sa le gale kgotsa ke se feditse pele ga nako e e beilweng ke bo ke tlhaba kgobe ka mmutlwa.”

  •   Ikgopotse ka ditlamorago. Fa o goga dinao, go tla felela ka gore o ngomoge pelo e bile o ka se atlege mo go se o se dirang. Baebele ya re: “Se motho o se jalang, ke sone se o tlaa se robang.”—Bagalatia 6:​7, Baebele e e Boitshepo.

  •   Ipeele letlha la go wetsa tiro pele ga letlha le go lebeletsweng gore tiro e wediwe ka lone. Mosetsana yo o bidiwang Alicia a re: “Go akanya gore tiro e tlhokega letsatsi kgotsa malatsi a le mabedi pele ga nako e e lebeletsweng go nthusa fela thata. Ke kgona go e sekaseka gape le go e wetsa pele ga letsatsi kgotsa a mabedi a go lebeletsweng gore tiro e bo e weditswe ka one.”

 Ntlha e o ka e dirisang “Tsela e o akanyang ka yone ke yone e e ka go tlhotlheletsang. Ipolelele gore o tla dira se o tshwanetseng go se dira le gore ga go sepe se se tla go thibelang. Fa ke dira jalo, ke dira se ke tshwanetseng go se dira.”—Alexis.

 O tshwaregile thata.

 Mosimane yo o bidiwang Nathan a re: “Gantsi batho ba re ke motho yo o beelang dilo nako e e tlang, mme seo ga se boammaaruri! Ga ba lemoge gore ke nna ke tshwaregile!” Fa o ikutlwa ka tsela e Nathan a ikutlwang ka yone, leka dintlha tseno tse o ka di dirisang.

  •   Dira ditiro tse di motlhofo pele. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Amber a re: “Mongwe o kile a nthuta gore fa go dira tiro nngwe go tsaya metsotso e e kafa tlase ga e metlhano, ke tshwanetse go e dira ka yone nako eo. Ditiro tseo di akaretsa go phepafatsa, go phutha diaparo tsa gago, go tlhatswa dijana le go founa.”

  •   Dira gore dilo tsa botlhokwa di tle pele. Baebele ya re: ‘Tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata.’ (Bafilipi 1:10) O ka dirisa kgakololo eo jang mo botshelong? Mosetsana yo o bidiwang Anna a re: “Ke kwala ditiro tsotlhe tse ke tshwanetseng go di dira le letlha le ke tshwanetseng go di wetsa ka lone. Mme sa botlhokwa le go feta, ke kwala gore ke ikaeletse go dira tiro eo leng le go e wetsa.”

 A go dira jalo ke go ikgolega? Leka go akanya ka tsela eno! Boammaaruri ke gore, fa o itirela thulaganyo ke wena o laolang nako ya gago go na le go dira gore e go laole. Mme seo se fokotsa go ngomoga pelo. Mosetsana yo o bidiwang Kelly a re: “Go nna le thulaganyo go dira gore ke ritabale le gore ke kgone go dira dilo sentle.”

  •   Tlosa dikgoreletsi. Jennifer a re: “Fa ke simolola tiro nngwe ke bolelela botlhe mo ntlong. Fa go na le sengwe se ba batlang gore ke se dire, ke ba kopa gore ba mpolelele pele ga ke simolola tiro. Gape ke tima founo ya me le modumo o o nkitsiseng fa melaetsa ya e-mail e tsena.”

 Ntlha e o ka e dirisang “Tiro epe fela e o tshwanetseng go e dira e tla nna e le teng go fitlha o e dira. Go na le go nna o tshwenyega ka tiro, e dire. Fa o dira jalo o tla nna le nako ya go ritibala.”—Jordan.