Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Eng fa ke Itshegaka?

Ke Eng fa ke Itshegaka?

 Go itshegaka ke eng?

 Go itshegaka ke mokgwa wa go nnela go ikgobatsa ka sengwe se se bogale. Ke mofuta mongwe fela wa go ikgobatsa. E mengwe e akaretsa go iphisa, go itira matsadi le go ititaya. Setlhogo seno se bua ka go itshegaka, mme melaometheo e go tlotliwang ka yone mo go sone e ka dirisiwa mo mefuteng yotlhe ya go ikgobatsa.

 Bona gore o itse go le kana kang: Boammaaruri kgotsa Maaka.

  1.   Basetsana ke bone fela ba itshegakang.

  2.   Go itshegaka go kgatlhanong le taelo ya Baebele e e mo go Lefitiko 19:28, e e reng: “Lo se ka lwa itshegaka nama.”

 Dikarabo tse di siameng:

  1.   Maaka. Le fa bothata jono bo lebega bo tlwaelegile thata mo basetsaneng, basimane bangwe le bone ba a itshegaka kgotsa ba ikgobatsa ka ditsela tse dingwe.

  2.   Maaka. Lefitiko 19:28 e bua ka ngwaokobamelo ya bogologolo ya seheitane, e seng mokgwa wa go nnela go ikgobatsa o go tlotliwang ka one mo setlhogong seno. Le fa go ntse jalo, go a utlwala go swetsa ka gore, Mmopi wa rona yo o lorato ga a batle gore re ikgobatse.—1 Bakorintha 6:12; 2 Bakorintha 7:1; 1 Johane 4:8.

 Ke eng fa batho ba go dira?

 Bona gore o itse go le kana kang: Ke polelo efe e o akanyang gore ke yone e e boammaaruri thata?

 Batho ba itshegaka . . .

  1.   ka gonne ba leka go lepalepana le tlalelo ya mo maikutlong.

  2.   ka gonne ba leka go ipolaya.

 Karabo e e siameng: A. Bontsi jwa batho ba ba itshegakang ga ba batle go swa. Ba batla fela go fedisa tlalelo ya bone.

 Ela tlhoko se basha bangwe ba se buileng ka mokgwa wa bone wa go itshegaka.

 Celia: “Go ne go dira gore ke ikutlwe ke imologile.”

 Tamara: “Mokgwa ono e ne e le botshabelo jwa me. Go utlwa botlhoko mo mmeleng go ne go le botoka go na le go utlwa botlhoko mo maikutlong.”

 Carrie: “Ke ne ke tlhoile go hutsafala. Go itshega go ne go dira gore ke se ka ka akanya thata ka khutsafalo ya me mme ke akanye ka botlhoko jo ke neng ke bo utlwa mo mmeleng.”

 Jerrine: “Nako le nako fa ke ne ke itshega, ke ne ke lebala ka sengwe le sengwe mo botshelong jwa me, mme ke ne ke akanya gore nka se tlhoke go rarabolola mathata a me. Ke ne ke rata phetogo eo.”

 Fa o na le bothata jono, o ka bo tlogela jang?

 Go rapela Jehofa Modimo e ka nna kgato ya botlhokwa e e ka go thusang go lwela go bo tlogela. Baebele ya re: “Latlhela[ng] tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.”—1 Petere 5:7.

 Kakantsho: Simolola ka go dira dithapelo tse dikhutshwane, gongwe o bolelela Jehofa fela o re, “Ke tlhoka thuso.” Fa nako e ntse e tsamaya o tla kgona go phuthuloga le go tshololela “Modimo wa kgomotso yotlhe” maikutlo a gago.—2 Bakorintha 1:​3, 4.

 Thapelo ga se selo sa go ritibatsa maikutlo ka nakwana fela. Ke puisano ya mmatota le Rrago yo o kwa legodimong, yo o solofetsang jaana: “Ke tla go thusa tota. Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.”—Isaia 41:10.

 Batho ba le bantsi ba ba kileng ba nna le bothata jwa go itshegaka, le bone ba ile ba gomodiwa ke go bua le motsadi wa bone kana mongwe fela yo o godileng yo ba mo tshepang. Bona dikakgelo tseno tse di tswang kwa basheng bangwe ba le bararo ba ba dirileng fela jalo.

 Dipotso tse o ka akanyang ka tsone

  • Fa o setse o iketleeditse go kopa thuso, o ka tshololela mang mafatlha?

  • Fa o rapela Jehofa Modimo o ka mo raya wa reng ka kgang eno?

  • A o ka akanya ka mekgwa e mebedi (e e sa akaretseng go ikgobatsa) e o ka e dirisang go tlosa kgatelelo ya maikutlo le go tlhobaela?