Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Goreng o Tshwanetse go Dira Kagiso le Bana ba Gaetsho?

Goreng o Tshwanetse go Dira Kagiso le Bana ba Gaetsho?

 Ditsala tse di sa utlwaneng mme di ratana

 Bana ba gaetsho ke ditsala tsa gago tse o sa utlwaneng le tsone ka dinako dingwe mme o di rata. Helena wa dingwaga di le 18 a re: “Nnake wa mosimane o nna a ntshwenya. O a itse gore ke eng se se ntenang le gore ke tenega fa go rile eng!”

 Dikgotlhang dingwe tsa bana ba motho di ka rarabologa motlhofo fa ba buisana sentle. Ka sekai:

  •   Basimane ba babedi ba ba dirisang kamore e le nngwe ba ka ngangisana ka gore ga ba kgone go dira dilo tsa botho sentle. Seno se ka rarabololwa jang? Ithuteng go naana tshono le nako e yo mongwe a e tlhokang go dira dilo tsa gagwe tsa botho. Dirisang molaomotheo wa Baebele o o mo go Luke 6:31.

  •   Mosetsana mongwe a ka nna a “ikadima” diaparo tsa yo mongwe yo o nnang le ene. Seno se ka rarabololwa jang? Tlotlang ka yone lo bo lo baya melelwane e e utlwalang. Dirisang molaomotheo wa Baebele o o mo go 2 Timotheo 2:24.

 Ka dinako dingwe dikgotlhang tsa bana ba motho di nna masisi mo di felelang di nna le ditlamorago tse di utlwisang botlhoko. Akanya ka dikai tseno tse pedi tsa Baebele:

  •   Miriame le Arone ba ne ba fufegela morwarraabone e bong Moshe mme go ne ga nna le ditlamorago tse di utlwisang botlhoko. Bala pego e e mo go Dipalo 12:1-15 o bo o ipotsa jaana: ‘Nka tila jang go fufegela bana ba gaetsho?’

  •   Kaine o ne a galefela morwarraagwe e bong Abele mme o ne a feleletsa a mmolaile. Bala pego eno mo go Genesise 4:1-12 o bo o ipotsa jaana: ‘Nka laola bogale jwa me jang fa ke dirisana le bana ba kwa gae?’

 Mabaka a le mabedi a go dira kagiso

 Le fa gone go le thata go dirisana le bana ba gaetsho, go na le mabaka a ka nna mabedi a a bontshang botlhokwa jwa go leka go dira jalo.

  1.   Go bontsha gore o godile. Lekawana lengwe le le bidiwang Alex la re: “Ke ne ke tlhola ke galefela bonnake ba babedi ba basetsana ka bonako. Jaanong ga ke galefe ka bonako e bile ga ke ba felele pelo. Ke akanya gore ke godile.”

     Baebele ya re: “Yo o bonya go galefa o tletse temogo, mme yo o felang pelo o godisa boeleele.”—Diane 14:29.

  2.   Go go baakanyetsa bokamoso. Fa o palelwa ke go dirisana le bana ba gaetsho sentle, o tla kgona jang go dirisana le molekane wa gago wa lenyalo, modiri ka wena, mothapi wa gago kgotsa mongwe le mongwe yo o kopanang le ene?

     Boammaaruri ke gore: Selo se se tla dirang gore o nne le botsala jo bo itumedisang le batho ba bangwe ke tsela e o buisanang le bone ka yone e bile lefelo le o ka ithutang go dira jalo kwa go lone ke mo lapeng la gaetsho.

     Baebele ya re: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.”—Baroma 12:18.

 A o ka rata go bona thuso ya gore o ka rarabolola dikgotlhang jang le bana ba gaetsho? Bala “Se balekane ba gago ba se buang” le dintlha tsa yone tsa go itshekatsheka tsa “Go Dirisana le Bana ba Gaetsho.”