Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

A go Siame go Dira Maikano a Gore ga o Kitla o Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?

A go Siame go Dira Maikano a Gore ga o Kitla o Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?

 Maikano a go sa tlhakanele dikobo pele ga lenyalo ke eng?

 Maikano a go sa tlhakanele dikobo ke fa motho a ikana ka go kwala kgotsa go bua gore ga a kitla a tlhakanela dikobo go fitlha a tsena mo lenyalong.

 Maikano ano a ne a tuma thata ka bo1990 fa Kereke ya Baptist ya kwa United States e ne e tlhama moano o o reng “Lorato lwa Mmatota lo a Leta” (“True Love Waits”)—thulaganyo e mo go yone ba dirisang melao ya Baebele le kgatelelo e e siameng ya dithaka go kgothaletsa basha gore ba gane go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo.

 Thulaganyo e e tshwanang le eo e ne ya simologa moragonyana, mme e ne e na le tiragalo e mo go yone batho ba ba dirang maikano ao ba neng ba newa dipalamonwana tsa selefera go bontsha (le go ba gopotsa) maikano a bone a gore ga ba kitla ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo.

 A maikano ano a a thusa?

 Karabo e ikaegile ka gore o botsa mang.

  •   Go ya ka babatlisisi bangwe e bong Christine C. Kim le Robert Rector ba re “dipatlisiso tse di ileng tsa dirwa di fitlhetse gore fa basha ba dira maikano a go sa tlhakanele dikobo pele ga lenyalo, seo se dira gore palo ya basha ba ba tlhakanelang dikobo e ye kwa tlase kgotsa se dira gore ba lete go fitlha nako e e siameng.”

  •   Go ya ka patlisiso e e phasaladitsweng ke Setheo sa Guttmacher, dipatlisiso di bontsha gore “basha ba ba dirang maikano a go sa tlhakanele dikobo pele ga lenyalo ba ka nna ba feleletsa ba tlhakanetse dikobo fela jaaka ba ba sa dirang maikano ao.”

 Goreng dipatlisiso tseno di sa tshwane?

  •   Babatlisisi bangwe ba tsaya batho ba ba dirang maikano ano ba bo ba ba bapisa le ba ba sa a direng mme gone ba dumela dilo tse di sa tshwaneng fa go tla mo kgannyeng ya thobalano.

  •   Babatlisisi ba bangwe ba bapisa batho ba ba dirang maikano ano le ba ba sa a direng mme gone ba dumela dilo tse di tshwanang fa go tla mo kgannyeng ya thobalano.

 Patlisiso eno ya bobedi e senotse eng? Dr. Janet Rosenbaum yo e leng mankge mo dilong tse di amanang le botsogo jwa basha a re morago ga dingwaga di le tlhano, “batho ba ba dirang maikano a go se tlhakanele dikobo pele ga lenyalo le ba ba sa a direng ba feleletsa ba itshwara ka tsela e tshwanang fa go tla mo kgannyeng ya thobalano.”

 Tsela e e botoka ya go dira dilo

 Batho ba ba dirang maikano ano ba dira sentle. Mme bothata jwa bone ke gore ga ba ipeele mekgele e e ba thusang gore ba tswelele ba diragatsa maikano a bone. Dr. Rosenbaum a re bontsi jwa batho ba ba ikanang gore ga ba na go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo “ga ba dire jalo go tswa pelong. Go sa tlhakanele dikobo pele ga lenyalo e tshwanetse go nna selo se se tswang mo mothong ka boene e seng a go dira ka gonne a latela thulaganyo nngwe.”

 Baebele ga e kgothaletse batho gore ba kwale maikano ano kgotsa go a bua ka molomo, go na le moo ya re ba dirise ‘bokgoni jwa bone jwa go lemoga gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.’ (Bahebera 5:14) Sa botlhokwa le go feta, go sa tlhakanele dikobo pele ga lenyalo ga se selo se motho a se dirang ka gonne a tila go tsenwa ke malwetse kgotsa go ima; ke tsela e motho a bontshang ka yone gore o tlotla Mosimolodi wa lenyalo.—Mathaio 5:19; 19:4-6.

 Melao e e mo Baebeleng e diretswe go re thusa. (Isaia 48:17) Tota e bile, batho botlhe, go sa kgathalesege dingwaga tsa bone, ba ka kgona go ikobela taelo ya Modimo ya gore ba ‘tshabe kgokafalo.’ (1 Bakorintha 6:18) Fa ba setse ba le mo lenyalong, ba tla kgona go itumelela tlhakanelodikobo ka botlalo, ntle le go ikwatlhaya kgotsa go tshwenyega mo maikutlong go gantsi go diregang fa batho ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo.