Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Tlhalosa Jang Se ke Se Dumelang ka Tlhakanelodikobo?

Nka Tlhalosa Jang Se ke Se Dumelang ka Tlhakanelodikobo?

“Wareng—ga o ise o tlhakanele dikobo?”

Fa o batla go araba potso eno mme karabo ya gago e le ee, a o ne o ka rata go e araba o le pelokgale? Setlhogo seno se tla go thusa!

 Motho yo o iseng a tlhakanele dikobo ke yo o ntseng jang?

 Motho yo o iseng a tlhakanele dikobo ke motho yo o iseng a nne le seabe mo thobalanong.

 Mme gone, thobalano ga se yone fela mofuta wa tlhakanelodikobo. Batho bangwe ba ka nna ba re ga ba ise ba tlhakanele dikobo ka gonne ba ise ba nne le seabe mo thobalanong—le fa gone ba dirile dilo dingwe tse di leswe.

 Ka sekai, lefoko “tlhakanelodikobo” le ka kaya dilo tse di jaaka tlhakanelodikobo ka molomo, ka marago kgotsa go tshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo tsa motho yo mongwe.

 Ntlha ya botlhokwa: Batho ba ba nnileng le seabe mo ditirong tsa tlhakanelodikobo​—tse di jaaka tlhakanelodikobo ka molomo, ka marago kgotsa go tshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo tsa motho yo mongwe​—ga ba ka ke ba re ga ba ise ba tsamaye ba tlhakanele dikobo.

 Baebele ya reng ka tlhakanelodikobo?

 Baebele ya re monna le mosadi ba ba nyalaneng ke bone fela ba tshwanetseng go tlhakanela dikobo. (Diane 5:​18) Ka jalo, motho yo o batlang go itumedisa Modimo ga a tshwanela go tlhakanela dikobo pele a tsena mo lenyalong.​—1 Bathesalonika 4:​3-5.

 Bangwe ba re tsela e Baebele e lebang dilo ka yone e siilwe ke nako le gore ga e tlhole e tshwanela mo motlheng wa rona. Mme se lebale gore lefatshe leno le tletse ka tlhalo, go ima motho a sa ikaelela le malwetse a a tshelanwang a tlhakanelodikobo. Ka jalo, lefatshe leno ga le mo boemong jo bo siameng go re naya kgakololo mo dikgannyeng tsa boitsholo!​—1 Johane 2:​15-​17.

 Fa o akanya ka kgang eno, o tla lemoga gore melao ya Baebele ya boitsholo e a utlwala. Ka sekai: A re re mongwe o go naya mpho ya madi a kana ka R10 000 ($1 000). A o ka gasagasa madi ao mo tseleng gore mongwe le mongwe fela yo o fetang a a itseele?

 O ka tshwanelwa ke go dira tshwetso e e tshwanang mo kgannyeng ya tlhakanelodikobo. Sierra wa dingwaga di le 14 a re: “Ga ke batle go tlhakanela dikobo le motho yo nka se gopoleng le leina la gagwe mo dingwageng tse di tlang.” Tammy wa dingwaga di le 17 o dumalana le ene. A re: “Tlhakanelodikobo ke mpho e e tlhwatlhwakgolo e o ka se batleng go e tseela kwa tlase.”

 Ntlha ya botlhokwa: Baebele ya re batho ba ba seng mo lenyalong ga ba a tshwanela go tlhakanela dikobo e bile ba tshwanetse go nna le boitsholo jo bo phepa.—1 Bakorintha 6:18; 7:8, 9.

 Ke eng se wena o se dumelang?

  •   A o akanya gore molao wa Baebele ka kgang ya tlhakanelodikobo o a utlwala kgotsa o gagametse?

  •   A o akanya gore go siame gore batho ba babedi ba ba sa nyalanang ba tlhakanele dikobo ka gonne ba re ba a ratana?

 Fa basha ba bantsi ba sena go akanyetsa kgang eno kwa teng, ba bona go le molemo gore ba se tlhakanele dikobo pele ga lenyalo le gore ba nne le boitsholo jo bo phepa. Ga ba ikwatlhaele tshwetso eo, e bile ga ba ikutlwe e kete ba timiwa sengwe. Utlwa gore bangwe ba bone ba reng:

  •  “Ke itumelela gore ga ke ise ke tlhakanele dikobo! Go molemo go tila go utlwisiwa botlhoko mo mogopolong, mo mmeleng le mo maikutlong mo go bakwang ke go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo.”—Emily.

  •  “Ke itumelela gore ga ke a utlwisiwa botlhoko ke go tlhakanela dikobo le batho ba ba farologaneng e bile go itumedisa tota go itse gore ga ke na le fa e le tlhasenyana ya malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo.”—Elaine.

  •  “Ke utlwile bontsi jwa basetsana ba ba lekanang le nna ka dingwaga le ba bagolwane ba re ba ikwatlhaela go bo ba ile ba tlhakanela dikobo e bile ba eletsa gore ba ka bo ba ile ba leta, mme nna ga ke batle go dira phoso e e tshwanang.”—Vera.

  •  “Ke lemogile gore batho ba bantsi ba ngomogile pelo ka gonne ba ile ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo kgotsa ba robetse le batho ba le bantsi. Ke akanya gore ba tshela botlhoko.”—Deanne.

 Ntlha ya botlhokwa: Pele o lebana le kgatelelo kgotsa thaelo ya go tlhakanela diboko, o tshwanetse go itse se o se dumelang.​—Jakobe 1:​14, 15.

 O ka tlhalosetsa ba bangwe jang se o se dumelang?

 O ka reng fa mongwe a go botsa ka se o se dumelang ka tlhakanelodikobo? Go tla ikaega ka maemo.

 “Fa mongwe a batla go tshega ka nna mme e le one fela maitlhomo a gagwe, ke ne nka se eme fela foo. Ke ne ke tla re, ‘Tswa mo dikgannyeng tse di sa go ameng,’ ke bo ke itsamaela.”—Corinne.

 “Ka maswabi, bana ba bangwe kwa sekolong ba kgatlhiwa ke go kgerisa ba bangwe. Fa e le gore joo ke jone fela boikaelelo jwa bone fa ba mpotsa, ke ne nka se ba arabe.”—David.

 A o ne o itse? Ka dinako dingwe, Jesu o ne a itidimalela fela fa basotli ba mmotsa dipotso.​—Mathaio 26:62, 63.

 Mme go tweng fa e le gore motho yo o go botsang potso tota o batla go itse? Fa o akanya gore motho yoo a ka tswa a tlotla Baebele, o ka nna wa umaka ditemana tse di jaaka 1 Bakorintha 6:​18, e e reng motho yo o tlhakanelang dikobo pele ga lenyalo o leofela mmele wa gagwe kgotsa o a o gobatsa.

 E ka ne o dirisa Baebele ka yone nako eo kgotsa nnyaa, go botlhokwa gore o bue o tlhatswegile pelo. Se lebale gore ga o a tshwanela go tlhabisiwa ditlhong ke go nna o le phepa mo boitsholong.​—1 Petere 3:​16.

 “Go araba o tlhatswegile pelo go bontsha gore ga o belaele se o se dumelang le gore o dira se o se dirang ka gonne se siame, e seng fela ka gonne o boleletswe gore o se dire.”—Jill.

 Ntlha ya botlhokwa: Fa o tlhatswegile pelo ka se o se dumelang ka tlhakanelodikobo, o tla kgona go se tlhalosetsa ba bangwe. Mme o ka gakgamadiwa ke tsela e ba tla tsibogelang seo ka yone. Melinda wa dingwaga tse 21 a re: “Badirikanna ba ile ba nkakgolela go bo ke ise ke tlhakanele dikobo. Ga ba tseye seno se sa tlwaelega. Go na le moo, ba se leba e le letshwao la go nna le boikgapo le go itshwara sentle.”

 Kakantsho! Fa o batla thuso ya gore o nne pelokgale fa o tlhalosa se o se dumelang ka tlhakanelodikobo, itseele dintlha tsa go itshekatsheka tsa setlhogo se se reng “Kafa o ka Tlhalosang ka Gone Se o Se Dumelang ka Tlhakanelodikobo.” Gape bona buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo.

 “Ke rata tsela e dibuka tsa ‘Basha ba Botsa Jaana’ di tlhalosang dilo ka yone. Ka sekai, tsebe 187 ya Bolumo 1 ya re go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go tshwana le go naya mongwe sebaga se se turang, mahala. O a inyenyefatsa. Tsebe 177 yone ya re go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go tshwana le go tsaya setshwantsho se sentle se se takilweng o bo o se dirisa go nna mmetshe o o phimolang dinao. Mme setshwantsho se ke se ratang thata ke se se mo go tsebe 54 ya Bolumo 2. Mafoko a a mo setshwantshong sa teng a re: ‘Go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go tshwana le go bula mpho pele ga o e newa.’ Go nna jaaka e kete o utswela mongwe—molekane wa gago wa kamoso.”​—Victoria.