Dipesalema 119:1-176

  • Go lebogela lefoko la Modimo le le tlhwatlhwakgolo

    • ‘Basha ba ka dira jang gore tselana ya bone e nne e le phepa?’ (9)

    • “Ke rata dikgakololo tsa gago” (24)

    • “Lefoko la gago ke tsholofelo ya me” (74, 81, 114)

    • “Ruri ke rata molao wa gago!” (97)

    • “Ke na le temogo go gaisa barutisi ba me botlhe” (99)

    • “Lefoko la gago ke lobone lwa lonao lwa me” (105)

    • “Lefoko la gago lotlhe le boammaaruri” (160)

    • Ba ba ratang molao wa gago ba na le kagiso (165)

א [Aleph] 119  Go itumela batho ba ba se nang molato mo matshelong a bone,Ba ba tsamayang mo molaong wa ga Jehofa.+   Go itumela ba ba ikobelang dikgakololo tsa gagwe,+Ba ba mmatlang ka dipelo tsa bone tsotlhe.+   Ga ba dire tshiamololo epe;Ba tsamaya mo ditseleng tsa gagwe.+   Wena o laetseGore ditaelo tsa gago di bolokwe ka kelotlhoko.+   E kete nka tswelela ke go reetsa*+Gore ke tle ke ikobele melao ya gago.   Foo ke ne nka se tlhabiwe ke ditlhong+Fa ke ithuta ditaelo tsa gago tsotlhe.   Ke tla go baka ka pelo e e feletsengFa ke ithuta dikatlholo tsa gago tse di siameng.   Ke tla ikobela melao ya gago. O se ka wa ntlogela le ka motlha. ב [Beth]   Lekawana le ka dira jang gore tselana ya lone e nne e le phepa? Ka go nna le iketse tlhoko go ya ka fa lefokong la gago.+ 10  Ke go batla ka pelo ya me yotlhe. O se ka wa ntetla gore ke fapoge ditaelo tsa gago.+ 11  Ke bolokile lefoko la gago mo pelong ya me+Gore ke se ka ka go leofela.+ 12  E kete o ka bakwa, wena Jehofa;Nthute melao ya gago. 13  Ditaelo tsotlhe tse o di buileng,Ke di boletse. 14  Ke itumelela dikgakololo tsa gago+Go feta dilo tse dingwe tsotlhe tse di tlhwatlhwakgolo.+ 15  Ke tla akanyetsa kwa teng ka* ditaelo tsa gago,+E bile ke tla nna ke lebile ditselana tsa gago.+ 16  Ke rata melao ya gago. Ga nkitla ke lebala lefoko la gago.+ ג [Gimel] 17  Ntirele ka bopelonomi, nna motlhanka wa gago,Gore ke tle ke tshele mme ke ikobele lefoko la gago.+ 18  Bula matlho a me gore ke tle ke bone sentleDilo tse di gakgamatsang tse di tswang mo molaong wa gago. 19  Ke motswakwa mo lefatsheng.+ O se ka wa mphitlhela ditaelo tsa gago. 20  Ke nna ke tlhologeletsweDikatlholo tsa gago thata. 21  O kgalemela ba ba ikgodisang,E leng ba ba hutsitsweng ba ba fapogang ditaelo tsa gago.+ 22  Tlosa* tshotlo le lenyatso mo go nna,Gonne ke ikobetse dikgakololo tsa gago. 23  Tota le fa dikgosana di kopana mmogo e bile di bua ka nna,Nna motlhanka wa gago, ke akanyetsa kwa teng ka* melao ya gago. 24  Ke rata dikgakololo tsa gago;+Di ntse jaaka bagakolodi ba me.+ ד [Daleth] 25  Ke rapame mo loroleng.+ Mpoloke ke tshela go ya ka fa lefokong la gago.+ 26  Ke ne ka go bolelela ditsela tsa me, mme o ne wa nkaraba;Nthute melao ya gago.+ 27  Dira gore ke tlhaloganye bokao* jwa ditaelo tsa gago,Gore ke tle ke akanyetse kwa teng ka* ditiro tsa gago tse di gakgamatsang.+ 28  Ke ntse ke tlhoka boroko ka ntlha ya khutsafalo. Nnonotshe go ya ka fa lefokong la gago. 29  Nthuse gore ke se ka ka nna motho yo o tsietsang,+Mme o nkamogele ka go nnaya molao wa gago. 30  Ke tlhophile tsela ya boikanyegi.+ Ke a lemoga gore dikatlholo tsa gago di siame. 31  Ke ngaparetse dikgakololo tsa gago.+ Ao tlhe Jehofa, o se ka wa letla gore ke swabisiwe.*+ 32  Ke tla latela* tsela ya ditaelo tsa gago ka tlhoafaloKa gonne o nthusa gore ke e tlhaloganye.* ה [He] 33  Nthute tsela ya melao ya gago, tlhe Jehofa,+Mme ke tla tsamaya mo go yone go ya kwa bokhutlong.+ 34  Dira gore ke tlhaloganye,Gore ke tle ke ikobele molao wa gagoMme ke o boloke ka pelo ya me yotlhe. 35  Nkaele* mo tselaneng ya ditaelo tsa gago,+Gonne ke a e itumelela. 36  Dira gore pelo ya me e rate dikgakololo tsa gago,E seng dikeletso tsa bopelotshetlha.+ 37  Faposa matlho a me gore a se ka a leba se se se nang mosola;+Mpoloke ke tshela mo tseleng ya gago. 38  Diragatsa tsholofetso* e o e solofeditseng nna motlhanka wa gagoGore o tle o boifiwe.* 39  Tlosa matlhabisaditlhong a ke tshabang go nna le one,Gonne dikatlholo tsa gago di molemo.+ 40  Bona kafa ke tlhologeletsweng ditaelo tsa gago ka gone. Mpoloke ke tshela ka gonne o siame. ו [Waw] 41  Ao tlhe Jehofa, e kete o ka mpontsha lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng,+O ka mpontsha poloko ya gago e e dumalanang le se o se buileng;*+ 42  Foo ke tla araba motho yo o nkgobang,Gonne ke ikanya lefoko la gago. 43  O se ka wa tlosa lefoko la boammaaruri gotlhelele mo molomong wa me,Gonne ke solofetse* gore o ntshe katlholo e e siameng. 44  Ke tla boloka molao wa gago ka metlha,Ka bosakhutleng le go ya go ile.+ 45  Mme ke tla tsamayatsamaya mo lefelong le le sireletsegileng,*+Gonne ke batla ditaelo tsa gago. 46  Ke tla bua ka dikgakololo tsa gago fa pele ga dikgosi,Mme ga nkitla ke tlhabiwa ke ditlhong.+ 47  Ke natefelelwa ke ditaelo tsa gago,Ruri ke a di rata.+ 48  Ke tla go rapela ke tsholeditse diatla tsa me ka gonne ke ratile ditaelo tsa gago,+E bile ke tla akanyetsa kwa teng ka* melao ya gago.+ ז [Zayin] 49  Gakologelwa lefoko* le o le buileng le nna motlhanka wa gago,Le ka lone o nnayang tsholofelo.* 50  Le a nkgomotsa fa ke boga,+Gonne lefoko la gago le mpolokile ke tshela. 51  Ba ba ikgodisang ba ntshotla mo go botlhoko,Le fa go ntse jalo, ga ke fapoge molao wa gago.+ 52  Wena Jehofa, ke gakologelwa dikatlholo tsa gago tsa bogologolo,+Mme di a nkgomotsa.+ 53  Ke tuka bogale ka ntlha ya batho ba ba bosula,Ba ba tlogelang molao wa gago.+ 54  Melao ya gago e ntse jaaka dipina mo go nnaGongwe le gongwe kwa ke nnang teng.* 55  Fa go le bosigo ke gakologelwa leina la gago, wena Jehofa,+Gore ke tle ke boloke molao wa gago. 56  Ga ke bolo go nna ke dira seo,Ka gonne ke bolokile ditaelo tsa gago. ח [Heth] 57  Jehofa, o kabelo ya me;+Ke solofeditse gore ke tla boloka mafoko a gago.+ 58  Ke ikuela kwa go wena* ka pelo ya me yotlhe;+Nkutlwele botlhoko+ go ya ka tsholofetso* ya gago. 59  Ke tlhatlhobile ditsela tsa me,Gore ke tle ke busetse dinao tsa me mo dikgakololong tsa gago.+ 60  Ke a itlhaganela e bile ga ke diegeGo boloka ditaelo tsa gago.+ 61   Badirabosula ba a nkgatelela,Le fa go ntse jalo, ga ke lebale molao wa gago.+ 62  Ke tsoga bosigogare gore ke go leboge+Ka ntlha ya dikatlholo tsa gago tse di siameng. 63  Ke tsala ya botlhe ba ba go boifangLe ya ba ba bolokang ditaelo tsa gago.+ 64  Wena Jehofa, lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng lo tletse mo lefatsheng;+Nthute melao ya gago. ט [Teth] 65  O ntse o dirisana sentle le motlhanka wa gago,Wena Jehofa, go ya ka fa lefokong la gago. 66  Nthute gore ke tlhaloganye ke bo ke nne le kitso,+Gonne ke ikantse ditaelo tsa gago. 67  Pele ga ke boga, ke ne ke tle ke fapoge,*Mme jaanong ke boloka lefoko la gago.+ 68  O molemo+ e bile ditiro tsa gago di molemo. Nthute melao ya gago.+ 69  Ba ba ikgodisang ba ntladikile ka maaka,Le fa go ntse jalo, ke boloka ditaelo tsa gago ka pelo ya me yotlhe. 70  Pelo ya bone e kgwaraletse,*+Mme nna ke rata molao wa gago.+ 71  Go molemo go bo ke bogisitswe,+Gore ke tle ke ithute melao ya gago. 72  Molao o o neng wa o bua o molemo mo go nna,+O molemo thata go gaisa dishekele tsa gauta le tsa selefera di le diketekete.+ י [Yod] 73  Diatla tsa gago di ntirile tsa bo tsa mpopa. Dira gore ke nne le temogo,Gore ke tle ke ithute ditaelo tsa gago.+ 74  Ba ba go boifang ba a mpona ba bo ba itumela,Gonne lefoko la gago ke tsholofelo ya me.*+ 75  Ke a itse tlhe Jehofa, gore dikatlholo tsa gago di siame+Le gore o mpogisitse ka gonne o ikanyega.+ 76  Tsweetswee, e kete lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng+ lo ka nkgomotsa,Go ya ka tsholofetso* e o e solofeditseng nna motlhanka wa gago. 77  Nkutlwele botlhoko, gore ke tswelele ke tshela,+Gonne ke rata molao wa gago.+ 78  E kete ba ba ikgodisang ba ka tlhabiwa ke ditlhong,Gonne ba ntirela bosula kwantle ga lebaka.* Mme nna, ke tla akanyetsa kwa teng ka* ditaelo tsa gago.+ 79  A ba ba go boifang ba boele kwa go nna,Ba ba itseng dikgakololo tsa gago. 80  E kete pelo ya me e ka tlhoka molato fa e ntse e latela melao ya gago,+Gore ke tle ke se ka ka tlhabiwa ke ditlhong.+ כ [Kaph] 81  Ke tlhologeletswe poloko ya gago,+Gonne lefoko la gago ke tsholofelo ya me.* 82  Ke letetse gore tsholofetso ya gago e diragadiwe+Fa ke ntse ke re: “O tla nkgomotsa leng?”+ 83  Gonne ke tshwana le modutwana* o o anegilweng mo mosing,Le fa go ntse jalo, ga ke lebale melao ya gago.+ 84  Ke tla tshwanelwa ke go leta malatsi a le kae? O tla tlisetsa ba ba mpogisang katlholo leng?+ 85  Ba ba ikgodisang ba nkepela lemena,Ba ba nyatsang molao wa gago. 86  Ditaelo tsa gago tsotlhe di a ikanyega. Batho ba mpogisa kwantle ga lebaka; nthuse tlhe!+ 87  Ba batlile ba nnyeletsa mo lefatsheng,Mme ga ke a ka ka tlogela ditaelo tsa gago. 88  Mpoloke ke tshela ka ntlha ya lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng,Gore ke tle ke boloke dikgakololo tse o di buileng. ל [Lamed] 89  Lefoko la gago le tla nna le le kwa magodimong+Ka bosakhutleng, wena Jehofa. 90   Boikanyegi jwa gago bo nna bo le teng mo dikokomaneng tsotlhe.+ O thaile lefatshe wa le tiisa gore le tswelele le eme.+ 91  Di* tswelela di le teng go tla go fitlha gompieno ka ntlha ya dikatlholo tsa gago,Gonne tsotlhe ke batlhanka ba gago. 92  Fa nkabo ke ne ke sa rate molao wa gago,Nkabo ke nyeletse fa ke ne ke boga.+ 93  Ga nkitla ke lebala ditaelo tsa gago,Ka gonne o mpolokile ke tshela ka tsone.+ 94  Ke wa gago; mpoloke,+Ka gonne ke ne ka batla ditaelo tsa gago.+ 95  Batho ba ba bosula ba ntaletse gore ba nnyeletse,Le fa go ntse jalo, ke akanya ka kelotlhoko ka dikgakololo tsa gago. 96  Ke bone dilo di le dintsi tse di itekanetseng,Le fa go ntse jalo, ditaelo tsa gago di botoka thata go gaisa dilo tseo.* מ [Mem] 97  Ruri ke rata molao wa gago!+ Ke akanyetsa kwa teng ka* one letsatsi lotlhe.+ 98  Molao wa gago o dira gore ke nne botlhale go gaisa baba ba me,+Ka gonne o mo go nna ka bosakhutleng. 99  Ke na le temogo go gaisa barutisi ba me botlhe,+Ka gonne ke akanyetsa kwa teng ka* dikgakololo tsa gago. 100  Ke dira dilo ka botlhale go gaisa banna ba ba godileng,Ka gonne ke boloka ditaelo tsa gago. 101  Ke gana go tsamaya mo tselaneng epe e e bosula,+Gore ke tle ke boloke lefoko la gago. 102  Ga ke fapoge mo dikatlholong tsa gago,Ka gonne o nthutile. 103  Ruri mafoko a gago a botshe mo magalapeng a me,A botshe go feta tswina ya dinotshe mo molomong wa me.+ 104  Ke dira dilo ka botlhale ka ntlha ya ditaelo tsa gago.+ Ke gone ka moo ke tlhoileng tselana nngwe le nngwe ya maaka.+ נ [Nun] 105  Lefoko la gago ke lobone lwa lonao lwa me,Le lesedi la tselana ya me.+ 106  Ke dirile maikano, mme ke tla a diragatsa,Gore ke boloke dikatlholo tsa gago tse di siameng. 107  Ke bogisitswe thata.+ Ao tlhe Jehofa, mpoloke ke tshela go ya ka se o se solofeditseng.*+ 108  Tsweetswee tlhe Jehofa, itumelele ditlhabelo tsa pako tse ke di ntshang ka go rata,*+Mme o nthute dikatlholo tsa gago.+ 109  Botshelo jwa me bo nna bo le mo kotsing,*Le fa go ntse jalo, ga ke a lebala molao wa gago.+ 110  Badirabosula ba mpeetse serai,Mme ga ke a fapoga ditaelo tsa gago.+ 111  Ke tsaya dikgakololo tsa gago e le thuo ya me e e nnelang ruri,*Gonne di itumedisa pelo ya me.+ 112  Ke ikemiseditse* go ikobela ditaelo tsa gagoKa dinako tsotlhe, go fitlha kwa bokhutlong. ס [Samekh] 113  Ke tlhoile batho ba ba sa ikanyegeng mo go wena,*+Mme ke rata molao wa gago.+ 114  O lefelo la me le le sireletsegileng le thebe ya me,+Gonne lefoko la gago ke tsholofelo ya me.*+ 115  Tlogang fa go nna, lona batho ba ba bosula,+Gore ke tle ke boloke ditaelo tsa Modimo wa me. 116  Ntshegetse jaaka o solofeditse,*+Gore ke tswelele ke tshela;O se ka wa letla gore tsholofelo ya me e nne matlhabisaditlhong.+ 117  Ntshegetse gore ke tle ke bolokwe;+Foo ke tla tlhoma mogopolo mo melaong ya gago ka metlha.+ 118  Ga o amogele botlhe ba ba sa amogeleng melao ya gago,+Gonne ba bua maaka e bile ba a tsietsa. 119  O latlha batho botlhe ba ba bosula ba ba mo lefatsheng jaaka e kete ke leswe* le le se nang mosola.+ Ke gone ka moo ke ratang dikgakololo tsa gago. 120  Mmele* wa me o a roroma ka ntlha ya go go boifa;Ke tshaba dikatlholo tsa gago. ע [Ayin] 121  Ke atlhotse ka tshiamo e bile ke dirile se se siameng. O se ka wa ntsenya mo diatleng tsa ba ba nkgatelelang. 122  Ntsholofetse gore dilo di tla ntsamaela sentle;E kete ba ba ikgodisang ba ka se ka ba nkgatelela. 123  Matlho a me a lapisitswe ke go letela poloko ya gago+Le ke go letela tsholofetso* ya gago e e siameng.+ 124  Bontsha motlhanka wa gago lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng,+Mme o nthute melao ya gago.+ 125  Ke motlhanka wa gago; dira gore ke tlhaloganye,+Gore ke tle ke itse dikgakololo tsa gago. 126  Nako ya gore Jehofa a dire sengwe e gorogile,+Gonne ba tlodile molao wa gago. 127  Ke gone ka moo ke ratang ditaelo tsa gagoGo gaisa gauta, go gaisa le gauta e e sa tswakanngwang.*+ 128  Ka jalo, ke tsaya kaelo* nngwe le nngwe e e tswang kwa go wena e siame;+Ke tlhoile tselana nngwe le nngwe ya maaka.+ פ [Pe] 129  Dikgakololo tsa gago di molemo thata. Ke gone ka moo ke di ikobelang.* 130  Go senolwa ga mafoko a gago go naya lesedi,+Go dira gore yo o se nang maitemogelo a tlhaloganye.+ 131  Ke bula molomo wa me thata ke bo ke hemela kwa godimo,Ka gonne ke tlhologeletswe ditaelo tsa gago.+ 132  Retologela kwa go nna mme o nkutlwele botlhoko,+Go dumalana le tshwetso* ya gago e o e direlang ba ba ratang leina la gago.+ 133  Kaela dikgato tsa me ka pabalesego* o dirisa lefoko la gago;E kete go ka se nne le sepe se se bosula se se ntaolang.+ 134  Nkgolole* mo bathong ba ba gatelelang,Mme ke tla boloka ditaelo tsa gago. 135  Dira gore sefatlhego sa gago se phatsimele* motlhanka wa gago,+Mme o nthute melao ya gago. 136  Dikeledi di elela mo matlhong a me jaaka melatswana ya metsiKa gonne batho ga ba boloke molao wa gago.+ צ [Tsade] 137  O siame, wena Jehofa,+Le dikatlholo tsa gago di tekatekano.+ 138  Dikgakololo tse o di ntshang di siameE bile di ka ikanngwa ka botlalo. 139  Tlhoafalo ya me e a nja,+Ka gonne baba ba me ba lebetse mafoko a gago. 140  Lefoko la gago le itshekisitswe ka kelotlhoko,+E bile motlhanka wa gago o a le rata.+ 141  Ga ke motho wa sepe e bile ke a nyatsega;+Le fa go ntse jalo, ga ke a lebala ditaelo tsa gago. 142  Tshiamo ya gago ke tshiamo e e nnelang ruri,+E bile molao wa gago ke boammaaruri.+ 143  Le fa ke na le matshwenyego le mathata,Ke tswelela ke rata ditaelo tsa gago. 144  Dikgakololo tsa gago di tla tswelela di siame ka bosakhutleng. Dira gore ke tlhaloganye,+ gore ke tle ke nne ke tshela. ק [Qoph] 145  Ke goa ka pelo ya me yotlhe. Nkarabe, tlhe Jehofa. Ke tla ikobela melao ya gago. 146  Ke biletsa kwa go wena; mpoloke tlhe! Ke tla boloka dikgakololo tsa gago. 147  Ke ne ke setse ke tsogile pele ga masa* gore ke goe ke kopa thuso,+Gonne mafoko a gago ke tsholofelo ya me.* 148  Mo gare ga bosigo ke setse ke tsogile,Gore ke tle ke akanyetse kwa teng ka* lefoko la gago.+ 149  Reetsa lentswe la me ka ntlha ya lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng.+ Ao tlhe Jehofa, mpoloke ke tshela go ya ka tshiamiso ya gago. 150  Ba ba dirang boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong* ba a atamela;Ba kgakala thata le molao wa gago. 151  Wena Jehofa, o gaufi+E bile ditaelo tsa gago tsotlhe di boammaaruri.+ 152  Ke ithutile ka dikgakololo tsa gago go tswa bogologolong,Gore o dirile gore di nnele ruri.+ ר [Resh] 153  Bona pogisego ya me, mme o nnamole,+Gonne ga ke a lebala molao wa gago. 154  Mphemele* o bo o nkgolole;+Mpoloke ke tshela go dumalana le tsholofetso* ya gago. 155  Poloko e kgakala thata le batho ba ba bosula,Gonne ga ba a batla melao ya gago.+ 156  Kutlwelobotlhoko ya gago e kgolo, wena Jehofa.+ Mpoloke ke tshela go dumalana le tshiamiso ya gago. 157  Babogisi ba me le baba ba me ba bantsi;+Mme ga ke a fapoga mo dikgakololong tsa gago. 158  Ke ila batho ba ba dirang boferefere,Ka gonne ga ba boloke lefoko la gago.+ 159  Bona kafa ke ratang ditaelo tsa gago ka gone. Ao tlhe Jehofa, mpoloke ke tshela ka ntlha ya lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng.+ 160  Lefoko la gago lotlhe le boammaaruri,+E bile dikatlholo tsa gago tsotlhe tse di siameng di nnela ruri. ש [Sin] kgotsa [Shin] 161  Dikgosana di mpogisa+ kwantle ga lebaka,Mme pelo ya me e tlotla mafoko a gago fela thata.+ 162  Ke itumedisiwa ke lefoko la gago+Fela jaaka motho yo o bonang letlotlo le legolo. 163  Ke tlhoile maaka, ke a a ila,+Ke rata molao wa gago.+ 164  Ke go baka ga supa mo letsatsingKa ntlha ya dikatlholo tsa gago tse di siameng. 165  Ba ba ratang molao wa gago ba na le kagiso e ntsi;+Ga go na sepe se se ka dirang gore ba kgopiwe.* 166  Ke solofetse gore o tla mpoloka, wena Jehofa,E bile ke ikobela ditaelo tsa gago. 167  Ke boloka dikgakololo tsa gago,E bile ke di rata fela thata.+ 168  Ke ikobela ditaelo tsa gago le dikgakololo tsa gago,Gonne o bona sotlhe se ke se dirang.+ ת [Taw] 169  E kete selelo sa me sa go kopa thuso se ka goroga kwa go wena, tlhe Jehofa.+ Dira gore ke tlhaloganye, go ya ka fa lefokong la gago.+ 170  E kete kopo ya me ya gore ke utlwelwe botlhoko e ka tla fa pele ga gago. Mpoloke, fela jaaka o solofeditse.* 171  Ke tla go baka ka metlha,+Gonne o nthuta melao ya gago. 172  E kete loleme lwa me lo ka opela ka lefoko la gago,+Gonne ditaelo tsa gago tsotlhe di siame. 173  E kete seatla sa gago se ka ipaakanyetsa go nthusa,+Ka gonne ke tlhophile go ikobela ditaelo tsa gago.+ 174  Ao tlhe Jehofa, ke tlhologeletswe poloko ya gago,E bile ke rata molao wa gago.+ 175  Mma ke tswelele ke tshela gore ke tle ke go bake;+E kete dikatlholo tsa gago di ka nthusa. 176  Ke kgarakgatshegile jaaka nku e e latlhegileng.+ Mpatle, nna motlhanka wa gago,Gonne ga ke a lebala ditaelo tsa gago.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “E kete ditsela tsa me di ka bo di tlhomamisitswe thata.”
Kgotsa “ithuta.”
Seheb., “Pitikololela kgakala le nna.”
Kgotsa “ithuta.”
Seheb., “tsela.”
Kgotsa “ithute.”
Kgotsa “ke tlhabiwe ke ditlhong.”
Seheb., “Ke tla taboga.”
Kgotsa gongwe “o dira gore pelo ya me e itshepe.”
Kgotsa “Dira gore ke tsamaye.”
Kgotsa “lefoko.”
Kgotsa gongwe “E e diretsweng ba ba go boifang.”
Seheb., “tsholofetso ya gago.”
Kgotsa “letetse.”
Seheb., “mo lefelong le le bulegileng.”
Kgotsa “ithuta.”
Kgotsa “tsholofetso.”
Kgotsa “Le o dirileng gore ke le letele.”
Kgotsa “Mo ntlong e ke nnang mo go yone ke le motswakwa.”
Kgotsa “Ke nolofatsa (batla go amogelwa ke) sefatlhego sa gago.”
Kgotsa “lefoko.”
Kgotsa “ke ne ke leofa ka phoso.”
Seheb., “ga e utlwe sepe fela jaaka mafura.”
Kgotsa “Ke letela lefoko la gago.”
Kgotsa “lefoko.”
Kgotsa gongwe “ka maaka.”
Kgotsa “ithuta.”
Kgotsa “Ke letela lefoko la gago.”
Go tewa dilo tsotlhe tse a di bopileng.
Seheb., “di bophara thata.”
Kgotsa “ithuta.”
Kgotsa “ithuta.”
Kgotsa “ka lefoko la gago.”
Seheb., “ditlhabelo tse ke di ntshang ka go rata tsa molomo wa me.”
Kgotsa “bo mo seatleng sa me ka metlha.”
Kgotsa “boswa jwa me jo bo nnang ka bosakhutleng.”
Seheb., “retoloseditse pelo ya me.”
Kgotsa “ba pelo e e sa felelang; ba ba sa kgoneng go dira tshwetso.”
Kgotsa “Ke letela lefoko la gago.”
Kgotsa “go ya ka fa lefokong la gago.”
Ka Sehebera, lefoko leno le kaya leswe le le tswang fa go gakolosiwa gauta kgotsa selefera.
Seheb., “Nama.”
Kgotsa “lefoko.”
Kgotsa “e e itshekisitsweng.”
Kgotsa “taelo.”
Kgotsa “bolokang.”
Kgotsa “katlholo.”
Kgotsa “Tlhomamisa dikgato tsa me.”
Seheb., “Nthekolole.”
Kgotsa “amogele.”
Kgotsa “ka makuku.”
Kgotsa “Ke letela mafoko a gago.”
Kgotsa “ithute.”
Kgotsa “boitshwaro jo bo maswe thata.”
Kgotsa “Seka kgetsi ya me.”
Kgotsa “lefoko.”
Kgotsa “Ga ba na sekgopi.”
Kgotsa “go ya ka fa lefokong la gago.”