Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

A Tota Melao ya mo Lelapeng e a Tlhokega?

A Tota Melao ya mo Lelapeng e a Tlhokega?

 A o fitlhela go le thata go ikobela melao ya mo lelapeng? Setlhogo seno le kaedi ya go ithuta di tla go thusa gore o kgone go buisana le batsadi ba gago ka gone.

 Go leba dilo sentle

 Maaka: Fa o tswa mo lelapeng, ga o kitla o tlhoka go tshela ka melao.

 Boammaaruri: Fa o tswa mo lelapeng, o sa ntse o tlhoka go tshela ka melao. Go sa ntse go na le mongwe yo o tlhokang go ikarabelela mo go ene, gongwe mothapi wa gago, motho yo o rentileng kwa go ene kgotsa puso. Danielle wa dingwaga di le 19 a re: “Ke akanya gore basha ba ba sa batleng go ikobela melao fa ba sa ntse ba le kwa gae, ba tla gakgamala tota fa ba setse ba tswile mo lelapeng.”

 Baebele ya re: “[Lo] nne kutlo mo dipusong le mo balaoding.” (Tito 3:1) Fa o ikobela melao ya batsadi ba gago, o tla kgona go lebana le boemo bope fela jo o tla kopanang le jone fa o godile.

 Se o ka se dirang: Ithute go bona kafa melao e go solegelang molemo ka gone. Lekawana lengwe le le bidiwang Jeremy la re: “Melao ya kwa lelapeng e nthusitse go tlhopha ditsala tse di siameng le go dirisa nako ya me sentle. Gape e nthusitse gore ke se ka ka leba thelebishene le go tshameka metshameko ya dibidio thata go na le moo ke dire dilo tse di botlhokwa, tse dingwe tsa tsone ke sa ntseng ke di itumelela le gompieno.”

 Tsela ya go bua ka gone

 Mme go tweng fa o akanya gore molao o o rileng ga o tlhokege? Ka sekai, lekgarebe lengwe le le bidiwang Tamara la re: “Batsadi ba me ba ne ba ntetla go etela kwa nageng e nngwe, mme gone jaanong fa ke setse ke le mo gae, ga ba ntetle go kgweetsa go ya toropong e e bokgakala jwa metsotso e le 20!”

 Fa e le gore o mo seemong se se tshwanang, a go tla bo go le phoso go bua le batsadi ba gago ka kgang eo? Le e seng! Kgang ke gore, o tshwanetse go itse gore o bue leng le gone jang.

 Leng. Mosha mongwe yo o bidiwang Amanda a re: “Nako e e siameng ya go bua le batsadi ba gago ka kgang ya go tokafatsa molao o ba o beileng ke fela fa ba go tshepa e bile ba lemogile gore o motho yo o nang le maikarabelo.”

 Mosetsana mongwe yo o bidiwang Daria a re seo se boammaaruri. A re: “Mama o ne a dira diphetogo fa a sena go bona gore ka metlha ke ikobela melao ya gagwe.” Se lebale gore, o tshwanetse go dira gore batho ba go tshepe, e seng go ba pateletsa.

Go tshela mo lelapeng le go sa ikobelweng melao ya batsadi mo go lone go tshwana le go leka go emisa sefofane mo boemadifofaneng jo mo go jone melao ya pharakano e sa latelweng

 Baebele ya re: “Boloka taelo ya ga rrago, mme o se ka wa latlha molao wa ga mmago.” (Diane 6:20) Fa o ikobela taelo eno, batsadi ba gago ba tla go tshepa e bile go tla nna motlhofo gore o bue le bone.

 Jang. Lekawana lengwe le le bidiwang Steven la re: “Go bua ka tlotlo e bile o ritibetse maikutlo go botoka thata go na le go bua le batsadi ba gago o ngongorega e bile o goa.”

 Daria, yo re buileng ka ene pelenyana o dumalana le seo. A re: “Fa ke ngangisana le mama, go ne go sa fetoge sepe. Tota e bile, o ne a gagamatsa melao le go feta.”

 Baebele ya re: “Sematla se ntsha moya wa sone otlhe, mme yo o botlhale o o boloka o ritibetse go fitlha kwa bofelong.” (Diane 29:11) Go ithuta boikgapo ga go kitla go go thusa fela fa o le kwa gae, gape go tla go thusa fa o le kwa sekolong, kwa tirong kgotsa gongwe le gongwe.

 Se o ka se dirang: Akanya pele o bua. Go phatloga ka bogale go ka dira gore batsadi ba gago ba se ka ba tlhola ba go tshepa. Ke ka moo Baebele e reng “yo o bonya go galefa o tletse temogo.”—Diane 14:29.

 Kakantsho: Dirisa kaedi ya go itshekatsheka e e tsamaisanang le setlhogo seno go kwala se o se akanyang ka melao e batsadi ba gago ba e beileng, go tswa foo, bua le bone.