Fetela kwa tshedimosetsong

Ke Kgatlhegela Batho ba Bong jo bo Tshwanang le Jwa Me—A Seo se Kaya Gore ke Gay?

Ke Kgatlhegela Batho ba Bong jo bo Tshwanang le Jwa Me—A Seo se Kaya Gore ke Gay?

 Le e seng!

 Boammaaruri: Gantsi go kgatlhegela mongwe wa bong jo bo tshwanang le jwa gago ke maikutlo fela a a tla fetang.

 Lisette wa dingwaga tse 16, yo o kileng a kgatlhegela mosetsana mongwe, o ne a lemoga seo. A re: “Dithuto tsa me tsa biology kwa sekolong di nthutile gore mo dingwageng tsa bosha, selekanyo sa dihoromone mo mmeleng se ka fetofetoga thata. Ruri ke akanya gore fa basha ba le bantsi ba ka bo ba itse go le gontsi ka mebele ya bone, ba ka bo ba tlhaloganya gore go kgatlhegela batho ba bong jo bo tshwanang e ka nna sengwe sa nakwana mme ba ne ba ka se ikutlwe ba tshwanetse go nna di-gay.”

Basha botlhe ba tshwanetse go tlhopha—gore a ba latele tsela e e sa siamang e lefatshe le lebang tlhakanelodikobo ka yone kgotsa ba latele tsela ya boitsholo jwa maemo a a kwa godimo e e tlhalosiwang mo Lefokong la Modimo

 Mme go tweng fa go lebega maikutlo a go kgatlhegela batho ba bong bo sele a sa fete? A ke bosetlhogo go bo Modimo a re motho yo o kgatlhegelang batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gagwe a tile tlhakanelodikobo ya batho ba bong jo bo tshwanang?

 Fa e le gore o arabile potso eno ya bofelo ka ee, o tshwanetse go itse gore go akanya ka tsela eo go theilwe mo kgopolong e e phoso ya gore batho ba tshwanetse go laolwa ke maikutlo a bone a tlhakanelodikobo. Baebele e naya batho seriti ka go ba tlhomamisetsa gore ba ka tlhopha go se laolwe ke dikeletso tse di sa siamang tsa tlhakanelodikobo.—Bakolosa 3:5.

 Se Baebele e se buang ga se gatelele. E kaela batho ba ba nang le maikutlo a go tlhakanela dikobo le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone gore ba dire sone se e laelang ba ba kgatlhegelang batho ba bong jo bo sa tshwaneng le jwa bone gore ba se dire—e leng gore ba ‘tshabe kgokafalo.’ (1 Bakorintha 6:18) Boammaaruri ke gore, dimilione tsa batho ba ba kgatlhegelang batho ba jo bong jo bo sa tshwaneng le jwa bone e bile ba batla go latela melao ya Baebele ba dirisa boikgapo le fa ba ka lebana le dithaelo dife. Ba ba kgatlhegelang batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone le bone ba ka di jalo fa e le gore ruri ba batla go itumedisa Modimo.—Duteronome 30:19.