Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele ya Reng ka Ditshwantsho Tse di Hepisang? A Tlhakanelodikobo ka Internet e Phoso?

Baebele ya Reng ka Ditshwantsho Tse di Hepisang? A Tlhakanelodikobo ka Internet e Phoso?

Karabo ya Baebele

Baebele ga e bue ka tlhamalalo ka ditshwantsho tse di hepisang, tlhakanelodikobo ka Internet kgotsa ditiro tse di tshwanang le tsone. Le fa go ntse jalo, Baebele e re bolelela ka tsela e e utlwalang sentle kafa Modimo a ikutlwang ka gone ka dilo tse di rotloetsang go tlhakanela dikobo le motho yo o sa nyalanang le ene kgotsa go leba tlhakanelodikobo ka tsela e e seng yone. Ela tlhoko ditemana tseno tsa Baebele:

  • “Jalo, bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo.” (Bakolosa 3:5) Go leba ditshwantsho tse di hepisang go tsosa dikeletso tse di sa siamang go na le gore go di bolaye. Go dira gore motho a itshekologe kgotsa a leswafale mo matlhong a Modimo.

  • “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Mathaio 5:28) Ditshwantsho tsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo di tsosa dikakanyo tse di phoso tse di dirang gore motho a dire dilo tse di sa siamang.

  • “A kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona.” (Baefeso 5:3) Le ka motlha ga re a tshwanela go bua ka tlhakanelodikobo ka tsela e e sa siamang, tota le e leng go e leba kgotsa go bala ka yone.

  • “Ditiro tsa nama di a bonala, mme tsone ke kgokafalo, boitshekologo, . . . le dilo tse di tshwanang le tseno. Ka ga dilo tseno, ke lo tlhagisa go sa le pele, ka yone tsela e e tshwanang le e ruri ke neng ka lo tlhagisa ka yone go sa le pele, gore ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” (Bagalatia 5:19-21) Modimo o leba batho ba ba lebang ditshwantsho tse di hepisang kgotsa ba ba nnang le seabe mo tlhakanelodikobong ka Internet, tlhakanelodikobo ka founo kgotsa tlhakanelodikobo ka selula ba se phepa e bile ba leswafetse mo boitsholong. Fa re dira dilo tseno, Modimo a ka se re amogele.