Fetela kwa tshedimosetsong

DIPOTSO TSE BASHA BA DI BOTSANG

Go Ratana—Karolo 1: A ke Siametse go Ratana?

Go Ratana—Karolo 1: A ke Siametse go Ratana?

 Go ratana ke eng?

 Batho bangwe ba tsaya go ratana e le go itlosa bodutu fela. Le fa go ntse jalo mo setlhogong seno, “go ratana” go kaya nako ya fa lekau le lekgarebe ba fetsa nako mmogo ka boikaelelo jwa gore ba bone gore a ba ka nna balekane ba lenyalo ba ba tshwanelanang. Ka jalo, go ratana go na le boikaelelo. Ga se tsela fela ya go itumelela go kgatlhegelwa ke motho wa bong bo sele.

 Fa nako e ntse e ya, go ratana go tla go thusa go dira tshwetso ya gore a o nyalana le motho yoo kgotsa a lo a kgaogana. Fa o simolola go ratana, o tshwanetse wa bo o ikemiseditse go amogela bongwe jwa maemo ano.

 Ntlha ya botlhokwa ke gore: Fa o dumela gore o siametse go ratana, o tshwanetse wa bo o dumela gore o siametse go nyala kgotsa go nyalwa.

Go ratana o se mo maikaelelong a go nyala kgotsa go nyalwa, go tshwana fela le go ya interview o se mo maikaelelong a go batla tiro

 A o siametse go ratana?

 Go ratana go ka felela ka lenyalo, ka jalo o tshwanetse go akanya ka dinonofo tse o nang le tsone tse di ka go thusang mo lenyalong. Ka sekai, ela tlhoko dintlha tse di latelang:

  •   Go dirisana le ba lelapa. Tsela e o tshwarang batsadi ba gago le bana ba kwa ga lona ka yone, segolobogolo fa o na le seterese, gantsi e senola tsela e o tla tshwarang motho yo o tla nyalanang le ene ka yone.

     Molaomotheo wa Baebele: “Tlogelang mofuta mongwe le mongwe wa kgakalo, bogale, tšhakgalo, go goa thata le mafoko a a kgobang, mmogo le sengwe le sengwe se se utlwisang botlhoko.”​—Baefeso 4:31.

     Ipotse jaana: ‘A batsadi ba me le bana ba kwa gae ba ka tlhalosa gore ke a ba tlotla? Fa ke na le kgotlhang le mongwe wa bone, a ke kgona go buisana le ene ke ritibetse kgotsa a ke a galefa ke bo ke ngangisana le ene?’

    Fa o sa kgone go rarabolola dikgotlhang tse o nnang le tsone le batsadi ba gago, a o tla kgona go dira jalo le motho yo o tla nyalanang le ene?

  •   Go itima dilo dingwe. Fa o nyetse kgotsa o nyetswe, o tlhoka go akanya ka dilo tse molekane wa gago a di batlang mme o bo o baya dilo tseo kwa pele ga tse wena o di batlang.

     Molaomotheo wa Baebele: “A mongwe le mongwe a nne a dire se se tswelang motho yo mongwe mosola, e seng se se tswelang ene mosola.”​—1 Bakorintha 10:24.

     Ipotse jaana: ‘A ka metlha ke batla gore dilo di dirwe jaaka ke batla? A batho ba bangwe ba ntsaya ke le motho yo o dirisanang sentle le bone? Ke bontshitse ka ditsela dife gore ke baya dilo tse ba bangwe ba di kgatlhegelang kwa pele ga tse nna ke di kgatlhegelang?’

  •   Boikokobetso. Molekane yo o molemo o kgona go amogela diphoso tse a di dirileng a bo a kopa maitshwarelo go tswa pelong.

     Molaomotheo wa Baebele: “Rotlhe re dira diphoso makgetlo a le mantsi.”​—Jakobe 3:2.

     Ipotse jaana: ‘A ke amogela diphoso tse ke di dirileng kgotsa a ke rata go dira diipato? A ke a kgopisega fa ba bangwe ba nkgakolola ba re ke tlhoka go dira diphetogo dingwe?’

  •   Madi. Gantsi madi ke one a bakang dikgotlhang mo lenyalong. Ka jalo, fa o itse go dirisa madi sentle, ga lo kitla lo ngangisana thata ka madi.

     Molaomotheo wa Baebele: “Ke mang mo go lona yo e ka reng fa a batla go aga tora a bo a sa nne fa fatshe pele a bala ditshenyegelo, gore a bone gore a o na le madi a a lekaneng go e wetsa?”​—Luke 14:28.

     Ipotse jaana: ‘A ke kgona go laola tsela e ke dirisang madi ka yone, kgotsa ke nna fela ke le mo dikolotong? Ke bontshitse ka ditsela dife gore ke dirisa madi sentle?’

  •   Botsala jwa gago le Jehofa. Fa e le gore o Mosupi wa ga Jehofa, o tshwanetse wa bo o na le thulaganyo e e tlhomameng ya go ithuta Baebele le go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego.

     Molaomotheo wa Baebele: “Go itumela batho ba ba lemogang gore ba tlhoka go ithuta ka Modimo.”​—Mathaio 5:3.

     Ipotse jaana: ‘A ke tsaya matsapa go nonotsha tumelo ya me? A ke tsaya go obamela Jehofa go le botlhokwa thata, kgotsa a ke letla dilo tse dingwe di nkgoreletsa go mo obamela?’

 Ntlha ya botlhokwa ke gore: Motho yo o tla nyalanang le ene, o tlhoka molekane yo o siameng. Fa o leka ka natla go nna motho yo o ntseng jalo, ga go pelaelo gore o tla kgatlhegelwa ke motho yo o dirang se se tshwanang.