Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Lebaka La go Bo ke sa Tshwanela go Dumela Sengwe le Sengwe Se se Mo Metsweding ya Tshedimosetso?—Karolo 2: Tsa Basimane

Lebaka La go Bo ke sa Tshwanela go Dumela Sengwe le Sengwe Se se Mo Metsweding ya Tshedimosetso?—Karolo 2: Tsa Basimane

Metswedi ya tshedimosetso e tlhalosa batho jang?

  Leba mafoko ano mme o arabe dipotso tse di latelang.

Kholomo 1

Kholomo 2

O a tsuologa

O na le tlotlo

O pelotshetlha

O a ikanyega

O kwenne

O kutlwelobotlhoko

Ke setshwakga

Ke senatla

O botlhaswa

O dira dilo ka tsela e e siameng

Ke sekebekwa

A ka ikanngwa

  1.   Ke mafoko afe a a tlhalosang tsela e metswedi ya tshedimosetso (go akaretsa difilimi, thelebishene le dipapatso) e bontshang basimane ka yone?

  2.   Ke mafoko afe a a tlhalosang tsela e wena o ka ratang go itsewe ka yone?

 Gongwe dikarabo tsa gago tsa potso ya ntlha di tswa mo kholomo 1 mme tsa potso ya bobedi di tswa mo kholomo 2. Fa go ntse jalo, o arabile sentle tota. Ka ntlha yang? Ka gonne tsela e metswedi ya tshedimosetso e tlhalosang banna ka yone ga e bontshe se tota wena o leng sone—kgotsa motho yo o tshwanetseng go nna ene. Ela tlhoko lebaka la seo.

  •   Gantsi metswedi ya tshedimosetso e dira gore go lebege e kete banna ba rata ntwa le gore ke ditsuolodi. Buka ya Why Boys Don’t Talk​—and Why It Matters ya re banna ba ba tumileng thata mo thelebisheneng, mo difiliming le mo metshamekong “ke diganka e bile ke bo ntwa dumela. . . . Ntlha ke gore motho o tshwanetse go nna seganka le go rata ntwa gore ba bangwe ba mo rate.”

     Se o ka akanyang ka sone: A go nna ntwa dumela go ka go thusa gore o nne tsala, modirimmogo kgotsa monna o o molemo? Fa o rumolwa, ke eng se se tlang mo tlhaloganyong ya gago—a ke go bontsha gore o galefile kgotsa a ke go laola maikutlo a gago? Ke eng se se tla bontshang gore o monna tia?

     Baebele ya re: “Yo o bonya go galefa o botoka go gaisa monna yo o thata, mme yo o laolang moya wa gagwe o botoka go gaisa yo o thopang motse.”—Diane 16:32.

    Fa o kgona go laola maikutlo a gago, o tla bo o nonofile go gaisa mogaka

  •   Metswedi ya tshedimosetso e dira gore go lebege e kete banna ba rata thobalano mo go feteletseng. Chris wa dingwaga tse 17 a re: “Mo difiliming le mo thelebishine, gantsi basimane ba ratana le basetsana ba le bantsi.” Gary wa dingwaga tse 18 le ene a re: “Basimane ba ba bontshiwang mo metsweding ya tshedimosetso ba rata thobalano mo go feteletseng.” Ka sekai, difilimi dingwe di dira gore go lebege e kete selo se basimane ba batlang go se dira fela ke go ijesa monate, go nwa le thobalano.

     Se o ka akanyang ka sone: A seo ke se o batlang? A monna tia fa a bona basadi o bona thobalano fela kgotsa o a ba tlotla?

     Baebele ya re: “Mongwe le mongwe wa lona a itse kafa a ka tsholang sejana sa gagwe ka gone se le boitshepo e bile se tlotlega, e seng mo go eletseng tlhakanelodikobo ka bopelotshetlha.”—1 Bathesalonika 4:4, 5.

  •   Metswedi ya tshedimosetso e dira gore go lebege e kete basimane ke batho ba ba sa batleng go rwala maikarabelo. Gantsi difilimi le mananeo a mantsi a thelebishene a bontsha basimane e le batho ba ba ditshwakga e bile ba sa kgone go dira sepe. Gongwe ke lone lebaka le le dirang gore bagolo ba akanye gore basimane ga ba na bokgoni jo bo kalo. Gary yo go builweng ka ene fa godimo a re: “Fa ke ne ke tshwara dingwaga di le 16, go ne go le thata go bona tiro ka gonne borakgwebo ba le bantsi ba ne ba batla go hira basadi fela. Ba ne ba tsaya gore basimane botlhe ga ba batle go rwala maikarabelo e bile ga ba ikanyege!”

     Se o ka akanyang ka sone: A go siame gore re swetse ka go re basimane ga ba batle go rwala maikarabelo e bile ga ba ikanyege? O ka bontsha jang gore wena ga o a nna jalo?

     Baebele ya re: “A motho ope a se ka a lebela bosha jwa gago kwa tlase le ka motlha. Go na le moo, nna sekao sa ba ba ikanyegang, mo go bueng, mo boitshwarong, mo loratong, mo tumelong, mo boitshekong.”—1 Timotheo 4:12.

Se o tshwanetseng go se itse

  •    Metswedi ya tshedimosetso e ka go tlhotlheletsa fela thata. Ka sekai, e ka dira gore o akanye gore o tshwanetse go latela feshene gore o kgone go tuma. Colin wa dingwaga tse 17 a re: “Dipapatso di bontsha basimane ba apere ka tsela e e dirang gore basetsana ba ba rate. Motho a ka raelesega go reka diaparo tseo. Ke ile ka wela mo seraing seo makgetlo a le mmalwa!”

     Se o ka akanyang ka sone: A tsela e o aparang ka yone e bontsha se tota o leng sone kgotsa a o dira se o bonang ba bangwe ba se dira? Ke mang yo o latlhegelwang ke madi fa o nna o lelekisana le feshene e ntšha?

     Baebele ya re: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo.”—Baroma 12:2.

  •   Basetsana ba ka nna ba se ka ba go kgatlhegela go le kalo fa ba lemoga gore o sala mmudubudu morago. Ela tlhoko gore bangwe ba bone ba reng:

    •  “Ga ke rate mosimane yo o ipelaelang e bile a leka go itumedisa batho ba bangwe go na le moo ke rata mosimane yo o sa lekeng go itira motho yo a seng ene. Mosimane yo o lekang go kgatlha batho o feleletsa a lebega e le sematla!”​—Anna.

    •  “Dipapatso di dira gore basimane ba akanye gore ba tlhoka go nna le didirisiwa tse di rileng kgotsa gore ba lebege ka tsela nngwe gore ba ratwe ke basetsana. Fa mosetsana a gola, ga a sa tlhole a kgatlhwa ke dilo tseo. Go na le moo, o leba dinonofo tse dintle tse monna a nang le tsone e bile o leba tsela e a tshwarang ba bangwe ka yone. Ka sekai, basetsana ba rata basimane ba ba ikanyegang.”​—Danielle.

    •  “Gantsi mosimane wa maratagolejwa o mabela, jaanong nna ga ke rate motho yo o ntseng jalo. O ka nna mosimane yo montle go ba gaisa botlhe mo lefatsheng mme fa o na le mekgwa e e bodileng, o nna maswe le go feta.”​—Diana.

     Se o ka akanyang ka sone: Baebele fa e bua ka Samuele fa a ne a le mmotlana ya re “o ne a ntse a golela pele e bile a ratega mo ponong ya ga Jehofa le ya batho.” (1 Samuele 2:26) Ke dinonofo dife tse o tshwanetseng go nna le tsone gore o buiwe bontle jaana?

     Baebele ya re: “Tswelelang pele jaaka banna.”—1 Bakorintha 16:13.

Se o ka se dirang

  •    Se nne madumelagotlhe. Ela tlhoko mafoko ano a Baebele: “Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong—ga se tswe mo go Rara, mme se tswa mo lefatsheng.”—1 Johane 2:16.

     Metswedi ya tshedimosetso e dirisa dilo tseno go ikhumisa mme e dira gore go lebege e kete di siame fela. Ka jalo, se nne madumelagotlhe. Gantsi babapatsi ba dira dilo ka gonne ba batla madi.

  •   Itse se o se batlang. Baebele ya re: “Lo apare botho jo bosha, jo bo ntšhafadiwang ka kitso ya boammaaruri go ya ka setshwano sa Ene yo o neng a bo bopa”—e seng go ya ka setshwano sepe se sele.—Bakolosa 3:10.

     Go go thusa go latela kgakololo eno, akanya ka dinonofo tse o di tlhophileng kwa tshimologong—dinonofo tse o batlang go itsege ka tsone. Ke eng fa o sa simolole gone jaanong go nna le tsone kgotsa go tokafatsa mo go tse o nang le tsone?

  •   Batla dikao tse di molemo tse o ka di latelang. Baebele ya re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.” (Diane 13:20) Ke banna bafe ba ba botlhale ba o ba itseng? Ba bangwe ba ka tswa ba mo lelapeng la gaeno ba ba jaaka rre wa gago kgotsa malome wa gago. Bangwe e ka tswa e le banna ba ba godileng kgotsa ba o ba itseng. Go na le banna ba bantsi ba ba tlhomang sekao se se molemo mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa. Baebele e bua ka batho ba ba molemo ba o ka ratang go tshwana le bone, ba ba jaaka Tito yo o ileng a tlhomela basha sekao se se molemo se ba ka se latelang.​—Tito 2:​6-8.

     Kakantsho: Bala buka ya Etsa Tumelo ya Bone mme o ithute ka banna ba ba tlhomologileng ba ba jaaka Abele, Noa, Aborahame, Samuele, Elija, Jona, Josefa le Petere.