Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Dira Eng Gore Ke se Ka ka Nnela go Akanya ka Tlhakanelodikobo?

Nka Dira Eng Gore Ke se Ka ka Nnela go Akanya ka Tlhakanelodikobo?

 “Gantsi ke tla bo ke iphitlhela ke akanya ka tlhakanelodikobo, ke sa kgone go akanya ka sepe gape. E kete go na le mongwe yo o laolang dikakanyo tsa me.”—Vera.

 “Ga go motlhofo gore ke tlogele go akanya ka tlhakanelodikobo. Ke tla bo ke le mo maibing, e kete nka isa matsogo a me kwa godimo ke bo ke fofa.”—John.

 A o ikutlwa jaaka Vera kgotsa jaaka John? Fa go le jalo, setlhogo seno se tla go thusa.

 Goreng go le botlhokwa gore re se ka ra nnela go akanya ka tlhakanelodikobo?

 Alex a re: “Malome o ne a mpolelela gore fa e le gore Modimo ga a batle ke tlhakanela dikobo, a ka bo a sa dira gore ke nne keletso eo.”

 Bontlha nngwe jwa se malome wa ga Alex a se buileng ke boammaaruri. Go na le mabaka a go bo Modimo a dirile gore re nne le keletso eo. Modimo o dirile gore batho ba nne le keletso eo gore ba kgone go ata. Jaanong ke eng fa o sa tshwanela go nnela go akanya thata ka tlhakanelodikobo? Mabaka a mabedi:

  •   Baebele ya re maikaelelo a Modimo ke gore monna le mosadi ba ba nyalaneng e nne bone fela ba tlhakanelang dikobo.—Genesise 1:28; 2:24.

     Fa o se mo lenyalong mme o nnela go akanya ka tlhakanelodikobo, o a go ikutlwisa botlhoko ka gonne o ka se kgone go kgotsofatsa keletso ya gago. Go nnela go akanya jalo go ka dira gore o feleletse o tlhakanetse dikobo le motho yo o sa nyalanang le ene, e leng sengwe se batho ba le bantsi ba se ikwatlhaelang.

  •   Go thuta go laola dikakanyo tsa gago go tla dira gore o nne le boikgapo. Mme go nna le boikgapo go tla go thusa mo dikarolong tse dintsi tsa botshelo jwa gago.1 Bakorintha 9:25.

 Go nna le nonofo eno go tla go thusa gone jaanong le mo nakong e e tlang. Patlisiso nngwe e ile ya bontsha gore gantsi basha ba ba nang le boikgapo, ga ba na mathata a botsogo, mathata a madi, e bile ba dirisana sentle le mapodisi. a

 Goreng go se motlhofo?

 Re tshela le batho ba ba nnang ba akantse e bile ba bua thata ka tlhakanelodikobo mme seo se ka dira gore go nne thata mo basheng ka gonne go sa ntse go direga diphetogo tse dintsi mo mebeleng ya bone.

 “Mananeo a le mantsi a thelebishene, a dira gore go lebege e kete go tlhakanela dikobo le motho yo o sa nyalanang le ene go itshiametse fela e bile ga go ka ke ga dira gore go nne le ditlamorago tse di utlwisang botlhoko. Go motlhofo gore motho a nne a akantse ka tlhakanelodikobo fa a sa bontshiwe gore go tlhakanela dikobo le motho yo o sa nyalanang le ene go kotsi.”—Ruth.

 “Batho ba ke berekang le bone ba a rogana e bile ba bua thata ka tlhakanelodikobo mme seo se dira gore ke batle go itse mo go oketsegileng. Batho ba bua thata ka go tlhakanela dikobo le motho yo o sa nyalanang le ene mo go lebegang e kete ke selo se se itshiametseng fela.”—Nicole.

 “Go ka nna motlhofo gore o akanye ka tlhakanelodikobo fa o lebile ditshwantsho mo social media. O ka bona setshwantsho se se dirang gore o akanye ka tlhakanelodikobo go bo go nna thata go se lebala!”—Maria.

 Fa seno se direga o ka ikutlwa jaaka moaposetoloi Paulo. O ne a re: “Fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna.”—Baroma 7:21.

O se ka wa letla dikakanyo tse di sa siamang di aga mo mogopolong wa gago

 Se o ka se dirang

 Akanya ka sengwe se sele. Leka go akanya ka dilo tse dingwe ntle le tlhakanelodikobo. Tlhoma mogopolo mo dilong tse dingwe, jaaka mo metshamekong e o e ratang, mo go ikatiseng, kgotsa go dira sepe fela se se ka dirang gore o se ka wa akanya ka tlhakanelodikobo. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Valerie a re: “Go bala Baebele go a nthusa. E na le dikakantsho le melaometheo ya maemo a a kwa godimo. Fa re setse re akanya ka se se mo go yone, ga re ka ke ra akanya ka sepe se se sa siamang.”

 Ka tlholego fela motho a ka iphitlhela a akanya ka tlhakanelodikobo. Mme go tswa mo go wena gore o dira eng ka se o se akanyang. Fa dikakanyo tsa tlhakanelodikobo di tla mo mogopolong wa gago, go tswa mo go wena gore o a di letlelela kgotsa o a di emisa.

 “Fa dikakanyo tseno di ntlela, ka bonako fela ke leka go akanya ka sengwe se sele. Gape ke leka go bona gore ke eng se se dirileng gore ke akanye ka tlhakanelodikobo. A e ka tswa e le pina nngwe kgotsa setshwantsho sengwe, ke bo ke se sutlha.”—Helena.

 Molaomotheo wa Baebele: “dilo le fa e le dife tse di siameng, dilo le fa e le dife tse di itshekileng . . . tswelelang lo akanya ka dilo tseno.”—Bafilipi 4:8.

 Nna kelotlhoko gore o itsalanya le bo mang. Fa o tsamaya le batho ba ba nnang fela ba bua ka tlhakanelodikobo, seno se tla dira gore go nne thata go laola dikakanyo tsa gago.

 “Fa ke ne ke le mo dingwageng tsa me tsa bolesome, ke ne ke sa kgone go nna ke sa akanye ka tlhakanelodikobo ka gonne ditsala tsa me di ne di bua thata ka yone. Fa o fetsa nako e ntsi le batho ba ba akanyang gore go itshiametse fela go nna le dikakanyo tse di ntseng jalo, seo se tla dira gore go nne thata go di laola.”—Sarah.

 Molaomotheo wa Baebele: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.”—Diane 13:20.

 Tila boitlosobodutu jo bo sa siamang. Bontsi jwa boitlosobodutu jwa gompieno, bo diretswe go tsosa maikutlo a a sa siamang a tlhakanelodikobo. Nicole a re: “Selo se se nkamang thata ke mmino. O kgona go gakatsa dikeletso tse di sa siamang go ya bokgakaleng jwa gore dilo tse di sa siamang di lebege di siame.”

 “Ke simolotse ke lebelela mananeo a thelebishene le di-movie tse di nang le tlhakanelodikobo. Ke ne ke sa lemoge gore seno se a nkama ka gonne ke ne ka simolola go akanya thata ka tlhakanelodikobo. Go ne go le motlhofo go bona gore ke ka ntlha yang ke nna le dikakanyo tseo. Fa ke sa tlhole ke lebelela mananeo ao a thelebishene le di-movie tseo, ke fa ke sa tlhole ke akanya thata ka tlhakanelodikobo. Go nna kelotlhoko fa ke tlhopha boitlosobodutu, go nthusa gore ke se ka ka akanya ka dilo tse di sa siamang.”—Joanne.

 Molaomotheo wa Baebele: “A kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona.”—Baefeso 5:3.

 Sa botlhokwa: Batho bangwe ba akanya gore dikeletso tsa tlhakanelodikobo di botlhokwa thata mo di ka se kang tsa kgona go laolwa. Mme Baebele e bua se se farologaneng. E re ruta gore re ka kgona go laola dikakanyo tsa rona. Ka jalo seo se bontsha gore dikakanyo tsa rona di botlhokwa thata mo Modimong.

 Molaomotheo wa Baebele: “Mme gore lo dirwe basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa lona.”—Baefeso 4:23.

a Go botlhokwa gore o nne le boikgapo gone jaanong ka gonne fa o ka nna mo lenyalong o tlile go bo tlhoka.