Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Kgona Jang go Emelana le Diphetogo Tsa Bosha?

Nka Kgona Jang go Emelana le Diphetogo Tsa Bosha?

 “Diphetogo tsa bosha di boima tota mo basetsaneng. Di botlhoko e bile di tlhakanya tlhogo—ga go na sepe se se monate ka tsone!”—Oksana.

 “Ka dinako dingwe ke tla bo ke itumetse mme ka bonako fela ke tla bo ke hutsafala. Ga ke itse gore a go a tle go diragalele basimane ba bangwe, mme nna go kile ga ntiragalela.—Brian.

 Diphetogo tsa bosha di tshwana le roller-coaster, di monate mme gape di a tshosa! O ka lebana jang le tsone ka katlego?

 Diphetogo tsa bosha ke eng?

 Diphetogo tsa bosha ke nako e mo go yone mosha a ipaakanyetsang go nna mogolo. Ka nako eo, mmele le di hormones di ipaakanyetsa gore o kgone go dira ngwana.

 Seo ga se reye gore o setse o siametse go nna motsadi. Mme diphetogo tsa bosha ke letshwao la gore o tlogela go nna ngwana, sengwe se se ka nnang sa dira gore o ikutlwe o swegaswega pelo e bile o utlwile botlhoko.

 Dipotso: O akanya gore diphetogo tsa bosha di simolola ka dingwaga dife?

  • 8

  • 9

  • 10

  • 11

  • 12

  • 13

  • 14

  • 15

  • 16

 Karabo: Diphetogo tsa bosha di simolola mo dingwageng tseno tsotlhe tse di fa godimo.

 Seno se raya gore ga o tlhoke go tshwenyega fa e le gore o tloga o simolola dingwaga tsa bolesome mme o ise o simolole go nna le diphetogo tseno kgotsa fa e le gore ga o ise o fitlhe mo dingwageng tsa bolesome mme gone o setse o simolotse go bona diphetogo tseno. Diphetogo tsa bosha di itlela ka nako ya tsone, ga go na gore o ka di laola.

Diphetogo tsa bosha di tshwana le roller coaster, di monate mme gape di a tshosa mme gone o ka kgona go lebana le tsone ka katlego

 Diphetogo tsa mo mmeleng

 Gongwe phetogo e e bonalang ka bonako thata ke ya mo mmeleng. Bothata ke gore, dikarolo tsotlhe tsa mmele ga di gole ka nako e le nngwe. Ka jalo, se gakgamale fa o lemoga gore o matepenyana. O ka tlhomamisega gore dilo di tla siama fa nako e ntse e ya.

 Go na le diphetogo tse dingwe gape tse di diregang mo mmeleng.

 Diphetogo tse di diregang mo basimaneng:

  •   Go gola ga serwe sa thobalano

  •   Go tlhoga moriri mo magwafeng, mo serweng sa thobalano le mo sefatlhegong

  •   Go fetoga ga lentswe

  •   Go tsogelwa le go elela dilo mo serweng sa thobalano

 Diphetogo tse di diregang mo basetsaneng:

  •   Go gola matsele

  •   Go tswa moriri mo magwafeng le mo serweng sa thobalano

  •   Go bona kgwedi (menstruation)

 Diphetogo tse di diregang mo basimaneng le mo basetsaneng:

  •   Go fufulelwa mo mmeleng go go bakiwang ke mofufutso le dibaketeria.

     Kakantsho: O ka fokotsa monkgo oo ka go tlhapa gangwe le gape le ka go dirisa roll on kgotsa spray sa magwafa.

  •   Dipeisi tsa mo sefatlhegong tse di bakiwang ke baketeria.

     Kakantsho: Le fa go le thata go fokotsa dipeisi tseno, go tlhapa sefatlhego ka metlha le go dirisa ditlolo tsa letlalo go ka go thusa.

 Diphetogo tsa mo maikutlong

 Fa di-hormones tse di dirang diphetogo mo mmeleng di ntse di oketsega, seo se ka go tlhakatlhakanya maikutlo. O ka nna wa feleletsa o sa itse gore o ikutlwa jang.

 “Letsatsi lengwe o a lela mme le le latelang o siame fela. Nako nngwe o galefile mme go ise go ye kae o itswaletse mo kamoreng ya gago o ngomogile pelo.”—Oksana.

 Basha ba le bantsi ba ba lebanang le diphetogo tsa bosha ba utlwa e kete mongwe le mongwe o ba lebile. Ditebego tsa gago le tsone di nna di fetofetoga mme seo se dira gore go nne thata le go feta!

 “Fa ke gola, ke ne ke rata go apara dihempe tse di ditona mo go nna. Tota le fa ke ne ke itse gore mmele wa me o a fetoga, ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong e bile ke sa gololesega. Go ne go sa tlwaelega.”—Janice.

 Gongwe phetogo e kgolo go di gaisa tsotlhe ke fa o simolola go leba basimane kgotsa basetsana ka tsela e sele.

 “Ke ile ka tlogela go akanya gore basimane botlhe ba a tena. Bangwe ba bone ba ne ba nkgatlha mme kgang ya go ratana e ne e sa tlhole e le selo se se maswe go le kalo. Re ne re rata go tlotla ka gore mang o rata mang.”—Alexis.

 Fa basha bangwe ba diragalelwa ke diphetogo tseno, ba simolola go kgatlhegela basha ba bong jo bo tshwanang le jwa bone. Fa e le gore seo se a go diragalela, o se ka wa akanya gore o gay. Gantsi maikutlo ano a a fela fa nako e ntse e ya.

 “E re ka ke ne ke rata go ipapisa le basimane ba bangwe, ke ile ka simolola go ba kgatlhegela. Mme fa ke ntse ke gola, ke ile ka simolola go kgatlhegela basetsana. Gone jaanong ga ke tlhole ke na le maikutlo a gore ke gay.—Alan.

 Se o ka se dirang

  •    Leka go akanya ka dilo tse di siameng. Tota diphetogo tsa bosha ke selo se se tshwanetseng go go diragalela. O ka nna wa kgothadiwa ke mafoko a ga mopesalema Dafide fa a ne a re: “Ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang.”—Pesalema 139:14.

  •   Tila go ipapisa le ba bangwe le go tlhoma mogopolo mo tseleng e mmele wa gago o leng ka yone. Baebele ya re: “Motho . . . o bona se se bonalang mo matlhong; mme Jehofa ene, o bona se pelo e leng sone.”—1 Samuele 16:7.

  •   Ikatise mo go lekaneng mme o ikhutse. Go robala mo go lekaneng go ka go thusa go fokotsa go selekega ka bonako, go tshwenyega thata fa o sa robale.

  •   O se ka wa dumela dikgopolo dipe tse di sa siamang tse o nang le tsone. A tota go na le batho ba ba go lebileng thata? Le fa batho ba ka bua dilo tse di sa siamang ka tsela e o golang ka yone, se dumele sengwe le sengwe se ba se buang. Baebele ya re: “O se ka wa isa mafoko otlhe a batho ba ka a buang kwa pelong.”—Moreri 7:21

  •   Ithute go laola dikeletso tsa thobalano tse o nang le tsone gore o se ka wa feleletsa o batla go di kgotsofatsa. Baebele ya re: “Tshabang kgokafalo . . . yo o dirang kgokafalo o leofela mmele wa gagwe.”—1 Bakorintha 6:18.

  •   Bua le mongwe wa batsadi ba gago kgotsa mogolo mongwe yo o mo tshepang. O ka nna wa tlhabiwa ke ditlhong kwa tshimologong. Mme seo se tla go thusa fela thata.—Diane 17:17.

 Boammaaruri ke gore: Diphetogo tsa bosha di na le dikgwetlho tsa tsone. Mme di go thusa gore o kgone go gola, e seng mo mmeleng fela, mme gape le mo mogopolong, mo maikutlong le mo kamanong ya gago le Modimo.—1 Samuele 2:26.