Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE KA FA NTLE

Ditshwantsho Tse di Hepisang—A di Siame Kgotsa di Kotsi?

Ditshwantsho Tse di Hepisang—A di Siame Kgotsa di Kotsi?

Gompieno lefatshe le tletse ka ditshwantsho tse di hepisang. * Di fitlhelwa mo dipapatsong, mo difiliming, mo mminong le mo dimakasineng mmogo le mo thelebisheneng, mo metshamekong ya dibidio, mo difounong tsa selula, mo didirisiweng tsa ileketeroniki, mo diatereseng tsa Internet e bile gone jaanong di fitlhelwa mo dithulaganyong tsa go romelelana ditshwantsho ka Internet. Go bonala ditshwantsho tse di hepisang e le selo se se tumileng thata mo motlheng wa rona. Batho ba le bantsi mo mafelong a le mantsi ba leba thata ditshwantsho tse di hepisang go feta le fa e le leng pele.—Bona lebokoso le le reng  “Boammaaruri ka Ditshwantsho Tse di Hepisang.”

Sebopego sa ditshwantsho tse di hepisang se a fetoga. Porofesa nngwe e e bidiwang Gail Dines e ne ya kwala jaana: “Gompieno ditshwantsho di maswe thata mo e leng gore se pele se neng se itsiwe e le ditshwantsho tse di leswe thata jaanong ke ditshwantsho tse di hepisang tse di tlwaelegileng.”

O leba jang ditsela tseo tse batho ba tsayang ditshwantsho tse di hepisang ka tsone? A ditshwantsho tse di hepisang ke boitlosobodutu jo bo siameng, a ke selo se se kotsi thata kgotsa sengwe se se fa gare ga tsone? Jesu o ne a re: “Setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ungwa leungo le le molemo, mme setlhare sengwe le sengwe se se bodileng se ungwa leungo le le se nang mosola.” (Mathaio 7:17) Ditshwantsho tse di hepisang di tlhagisa maungo a a ntseng jang? Go bona dikarabo, mma re sekaseke dingwe tsa dipotso tsa botlhokwa ka ditshwantsho tse di hepisang.

Ditshwantsho tse di hepisang di ama batho jang?

SE BOMANKGE BA SE BUANG: Go leba ditshwantsho tse di hepisang go tshwakgola thata, mo babatlisisi bangwe le baitse ba go tshwantshang le go tshwakgolwa ke go goga cocaine.

Brian, * yo o neng a tshwakgotswe ke go leba ditshwantsho tse di hepisang mo Internet, a re: “Go ne go se na sepe se se ka nthibang. Ke ne ke ikutlwa e kete ke mo maibing. Ke ne ke roroma le go opiwa ke tlhogo. Go ne go le thata go tlogela go di leba le dingwaga moragonyana ke ne ke sa ntse ke tshwakgotswe ke go di leba.”

Gantsi batho ba ba tshwakgotsweng ke go leba ditshwantsho tse di hepisang ba fitlha mokgwa wa bone. Ba bofitlha e bile o ka se ba lemoge. Ga go gakgamatse go bo ba le bantsi ba na le mathata a go itlhaola, go tlhabiwa ke ditlhong, go tlhobaela, go tshwenyega mo maikutlong le go galefa. Mo makgetlhong mangwe, ba ka nna le boikutlo jwa go batla go ipolaya. Serge yo o neng a tsenya ditshwantsho tse di hepisang mo founong ya gagwe mo e ka nnang letsatsi le letsatsi a re: “Ke ne ke nna ke tlhontse e bile ke ne ke nna ke tshwenyegile. Ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe, ke le molato, ke se na motho yo nka buang le ene e bile ke se na mosola. Ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong e bile ke tshaba go batla thuso.”

Le e leng go leba ditshwantsho tse di hepisang ka nakwana kgotsa ka phoso go ka nna le diphelelo tse di sa siamang. Fa Dr. Judith Reisman yo e leng mmatlisisi yo o eteletseng pele mo dipatlisisong tsa ditshwantsho tse di hepisang a ntsha bosupi fa pele ga komiti ya U.S. Senate, o ne a re: “Ditshwantsho tse di hepisang di nna mo mogopolong e bile di fetola tsela e o akanyang ka yone, di itlela fela mo mogopolong nako nngwe le nngwe, mme di nna ka lobaka, motlhala o o nnelang ruri mo mogopolong [o go leng] thata go o phimola kgotsa o o sa kgoneng go phimoga.” Susan yo o nang le dingwaga di le 19, yo o neng a tsena mo diwepesaeteng tsa ditshwantsho tse di hepisang ka phoso, a re: “Ditshwantsho tseo di nweleletse mo mogopolong wa me. Di tlhaga nako nngwe le nngwe. Ke ikutlwa e kete nka se tsamaye ke kgona go di phimola.”

BOAMMAARURI: Ditshwantsho tse di hepisang di dira batho ba ba di lebang makgoba e bile di ba senya mogopolo.—2 Petere 2:19.

Ditshwantsho tse di hepisang di ama malapa jang?

SE BOMANKGE BA SE BUANG: “Banyalani ba a kgaogana e bile malapa a a thubega ka ntlha ya ditshwantsho tse di hepisang.”—The Porn Trap, e e kwadilweng ke Wendy le Larry Maltz.

Ditshwantsho tse di hepisang di thuba manyalo le malapa ka

  • Go koafatsa go ikanyana ga banyalani, kamano ya bone le lorato lo ba ratang ka lone.—Diane 2:12-17.

  • Go dira gore motho a nne pelotshetlha, a nne le maikutlo a go itlhaola le go se kgotsofalele molekane wa gagwe.—Baefeso 5:28, 29.

  • Go nna le keletso e e sa siamang ya tlhakanelodikobo.—2 Petere 2:14.

  • Go dira gore batho ba ba di lebang ba batle go pateletsa balekane ba bone go tlhakanela dikobo le bone ka tsela e e sa siamang.—Baefeso 5:3, 4.

  • Go kgothaletsa go se tshepane mo lenyalong.—Mathaio 5:28.

Baebele e laela banyalani gore ba se ka ba ‘direlana boferefere.’ (Malaki 2:16) Go se tshepane mo lenyalong ke tsela ya boferefere e e ka senyang lenyalo le go baka go kgaogana le tlhalo. Go kgaogana go go ntseng jalo, go ka utlwisa bana botlhoko.

Gape ditshwantsho tse di hepisang di ka utlwisa bana botlhoko ka tlhamalalo. Brian yo o umakilweng pelenyana, a re: “Fa ke ne ke le dingwaga di ka nna lesome, ka phoso ke ne ka bona makasine wa ga rre wa ditshwantsho tse di hepisang fa re ntse re tshameka maiphitlhwane. Ke ne ka simolola go di leba ka bokhukhuntshwane, ke sa tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa ke kgatlhiwa ke ditshwantsho tseo. Ke ne ka simolola go nna le mokgwa wa go di leba o ke ileng ka nna le one go fitlha ke gola.” Dipatlisiso di bontsha gore ditshwantsho tse di hepisang di ka tlhotlheletsa basha ba ba leng mo dingwageng tsa bolesome gore ba batle go tlhakanela dikobo ba sa ntse ba le bannye gape le go nna le boitshwaro jo bo repileng, ba rate tlhakanelodikobo ka tsela e e feteletseng le go ama maikutlo le ditlhaloganyo tsa bone.

BOAMMAARURI: Ditshwantsho tse di hepisang di tshwaetsa dikamano tse di siameng e bile di lere mahutsana le kutlobotlhoko.—Diane 6:27.

Baebele ya reng ka ditshwantsho tse di hepisang?

SE LEFOKO LA MODIMO LE SE BOLELANG: “Jalo, bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele . . . ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana.”—Bakolosa 3:5.

Ka bokhutshwane re ka re Jehofa * Modimo o tlhoile ditshwantsho tse di hepisang. Seno ga se bolele gore o kgopisiwa ke tlhakanelodikobo. O dirile go re nne le keletso ya tlhakanelodikobo ka boikaelelo jwa gore banyalani ba e dirisetse go itumedisana, go atamalana le go nna le bana.—Jakobe 1:17.

Ka jalo, ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore Jehofa o ikutlwa jalo ka ditshwantsho tse di hepisang? Ela tlhoko mabaka a le mmalwa.

  • O a itse gore ditshwantsho tse di hepisang di ka senya matshelo a rona.—Baefeso 4:17-19.

  • O a re rata e bile o batla go re sireletsa gore re se ka ra utlwa botlhoko.—Isaia 48:17, 18.

  • Jehofa o batla go sireletsa manyalo le malapa.—Mathaio 19:4-6.

  • O batla gore re nne phepa mo boitsholong le go tlotla ditshwanelo tsa ba bangwe.—1 Bathesalonika 4:3-6.

  • O batla gore re tlotle dikeletso tsa rona tsa tlholego le go di dirisa ka tsela e e tshwanetseng.—Bahebera 13:4.

  • Jehofa o a itse gore ditshwantsho tse di hepisang di bontsha tsela e e sokameng ya bopelotshetlha e Satane a batlang batho ba leba tlhakanelodikobo ka yone.—Genesise 6:2; Jude 6, 7.

BOAMMAARURI: Ditshwantsho tse di hepisang di senya kamano e motho a nang le yone le Modimo.—Baroma 1:24.

Le fa go ntse jalo, Jehofa o utlwela botlhoko batho ba ba batlang go falola serai sa go leba ditshwantsho tse di hepisang. Baebele ya re: “Jehofa o kutlwelobotlhoko e bile o pelontle. Gonne o itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.” (Pesalema 103:8, 14) O laletsa batho ba ba boikokobetso gore ba tle kwa go ene ‘gore ba amogele kutlwelobotlhoko ba bo ba bone bopelonomi jo bo sa re tshwanelang gore ba bone thuso ka nako e e tshwanetseng.’—Bahebera 4:16; bona lebokoso le le reng  “Go Tlogela go Leba Ditshwantsho Tse di Hepisang.”

Batho ba le bantsi ba ile ba amogela thuso ya Modimo. A thuso ya gagwe e solegela molemo? Ela tlhoko se Baebele e se buang ka bangwe ba ba ileng ba tlogela mekgwa e e sa siamang: “Lo tlhapisitswe lwa nna phepa, lo itshepisitswe, lo boletswe lo le ba ba siameng mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete le ka moya wa Modimo wa rona.” (1 Bakorintha 6:11) Fela jaaka moaposetoloi Paulo, batho bao ba ka bua jaana: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:13.

Susan, yo o ileng a tlogela go leba ditshwantsho tse di hepisang, a re: “Jehofa ke ene fela yo o ka go thusang go tlogela go leba ditshwantsho tse di hepisang. Fa o mo kopa gore a go thuse le go go kaela, o tla nna le kamano e e siameng le ene. Le ka motlha a ka se go latlhe.””

^ ser. 3 Polelwana “ditshwantsho tse di hepisang” e raya tshedimosetso ya tlhakanelodikobo e e sa siamang e e diretsweng go tsosa keletso mo mothong yo o e lebileng, yo o e balang kgotsa yo o e reeditseng. E ka akaretsa ditshwantsho mmogo le tshedimosetso e e kwadilweng kgotsa e e rekotilweng.

^ ser. 8 Maina a fetotswe mo setlhogong seno.

^ ser. 25 Jehofa ke leina la Modimo le le mo Baebeleng.