Fetela kwa tshedimosetsong

Ke Direng fa ke Tlhoile Sekolo?

Ke Direng fa ke Tlhoile Sekolo?

Se o se tlhokang ke se

 Go nna le boikutlo jo bo siameng ka go ithuta. Leka go akanya ka melemo ya go ithuta. Dirutwa dingwe di ka bonala di se botlhokwa go le kalo gone jaanong. Le fa go ntse jalo, dilo tse o ithutang tsone mo dirutweng tse di farologaneng di tla go thusa go itse dilo di le dintsi. Di tla go thusa go ‘nna dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe,’ le go nna le bokgoni jwa go bua le batho ba maemo a a farologaneng. (1 Bakorintha 9:22) Mme le fa go ka nna jang di tla go thusa go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go akanya—bokgoni jo ruri bo tla go thusang fa nako e ntse e ya.

Go itshokela mathata a sekolo go ka tshwana le go bula tsela mo sekgweng se se kitlaneng ka go rema dikala—ka bobedi di ka kgonega fa o na le didirisiwa tse di tshwanetseng

 Go nna le boikutlo jo bo tshwanetseng ka morutabana wa gago. Fa o akanya gore morutabana wa gago o a lapisa, tlhoma mogopolo mo go se se rutiwang e seng mo mothong. Gakologelwa gore morutabana wa gago o tshwanetse a bo a ile a ruta ditlhopha tse dingwe dirutwa tsone tseo makgetlho a le masomesome kgotsa a le makgolokgolo. Ka jalo e ka nna kgwetlho mo go ene gore a nne a le matlhagatlhaga ka tsela e a neng a le ka yone kwa tshimologong fa a ruta serutwa seno.

 Ntlha e e ka thusang: Kwala dintlha, kopa tshedimosetso e e oketsegileng ka tlotlo mme o bontshe gore o kgatlhegela serutwa seno. Matlhagatlhaga a a tshelanwa.

 Leba bokgoni jwa gago ka tsela e e tshwanetseng. Sekolo se ka senola bokgoni jo o nang le jone mme o sa itse gore o na le jone. Paulo o ile a kwalela Timotheo jaana: ‘Kgotletsa jaaka molelo mpho ya Modimo e e mo go wena.’ (2 Timotheo 1:6) Go bonala Timotheo a ne a abetswe mpho nngwe ya moya o o boitshepo. Mme “mpho” ya gagwe e ne e tshwanetse go tokafadiwa gore e se ka ya ija fela. Gone ke boammaaruri gore bokgoni jo o nang le jone mo dilong tsa sekolo ga bo tswe kwa Modimong ka tlhamalalo. Mme gone, o na le bokgoni jo bo sa tshwaneng le jwa ga ope. Sekolo se ka go thusa go lemoga dinonofo tse o neng o sa itse gore o na le tsone.