Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Lebana Jang le Diphoso Tsa Me?

Nka Lebana Jang le Diphoso Tsa Me?

 O ne o ka dirang?

 Bala ka se se diragaletseng Karina mme o akanye se go diragalela. Wena o ne o ka dirang?

 Karina: “Ke ne ke kgweetsa ka lobelo lo lo kwa godimo fa ke ya sekolong, mme lepodise la nkemisa la bo la nnaya tekete. Pelo ya me e ne e le botlhoko! Ke ne ka bolelela Mama mme a nthaya a re ke bolelele Papa​—e leng se ke neng ke sa batle go se dira.”

  O ne o ka dirang?

  1.  Tshwetso A: Itidimalele fela ka tsholofelo ya gore Papa a ka se itse.

  2.  Tshwetso B: Bolelela Papa se se diragetseng.

 O ka raelesega go tlhopha Tshwetso A. Kana e bile, gongwe mama o tla akanya gore o boleletse papa ka kgang eno. Mme gone, go na le mabaka a a utlwalang a go ipolela diphoso tsa gago—e ka tswa e le go newa tekete kgotsa phoso epe fela.

 Mabaka a mararo a go amogela diphoso tsa gago

  1.  1. Go molemo go dira jalo. Baebele e bua jaana fa e tlhalosa tsela e Bakeresete ba tshwanetseng go itshwara ka yone: “Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.”—Bahebera 13:18.

     “Ke lekile thata go nna ke ikanyega le go ikarabelela ka se ke se dirang​—le go amogela diphoso tsa me ka bonako fela fa ke sena go di dira.”​—Alexis.

  2.  2. Gantsi batho ba itshwarela ba ba amogelang diphoso tsa bone. Baebele ya re: “Yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a na go atlega, mme yo o di ipolelang a bo a di tlogela o tla utlwelwa botlhoko.”—Diane 28:13.

     “Ga go motlhofo go amogela phoso ya gago mme fa o dira jalo batho ba tla go tshepa. Ba tla bona gore o a ikanyega. Fa o amogela phoso, o dira gore sengwe se se bosula se nne molemo.”​—Richard.

  3.  3. Sa botlhokwa le go feta, go itumedisa Jehofa Modimo. Baebele ya re: “Motho yo o tsietsang ke selo se se makgapha mo go Jehofa, mme O atamalane thata le bathokgami.”—Diane 3:32.

     “Fa ke sena go dira phoso e e masisi, ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go ipolela le go e amogela. Go ne go se kafa Jehofa a ka ntshegofatsang ka gone fa ke sa dire dilo ka tsela ya gagwe.”​—Rachel.

 Karina o ne a dira eng ka phoso ya gagwe? O ne a leka go fitlhela rraagwe tekete. Mme ga a ka a atlega. Karina a re: “Ngwaga moragonyana, fa papa a lebile dipampiri tsa inshorense o ne a bona gore ke ne ke neilwe tekete. Ke ne ka di gama ke sa di tlhapela​—tota le mama o ne a galefisitswe ke gore ke ne ke sa dira se a rileng ke se dire!”

 Thuto: Karina a re: “Go fitlha dilo tse di phoso tse o di dirileng go ka gakatsa dilo. O sa ntse o tla di arabela!”

 Ithute mo diphosong tsa gago

 Rotlhe re dira diphoso. (Baroma 3:​23; 1 Johane 1:8) Mme go amogela diphoso tsa gago—e bile o dira jalo ka bonako—ke sesupo sa gore o ikokobeditse e bile o godile sentle.

 Morago ga foo, o tshwanetse go ithuta mo diphosong tsa gago. Ka maswabi, basha bangwe ga ba dire jalo! Ba ka ikutlwa ka tsela e mosha mongwe wa dingwaga tsa bolesome yo o bidiwang Priscilla a kileng a ikutlwa ka yone. A re: “Diphoso tsa me di ne di nkgoba marapo fela thata. Ke ne ke inyatsa, ka jalo diphoso tsa me di ne di ntse jaaka morwalo o o boima o nka se kgoneng go o tshola. Ke ne ke fekeediwa ke maikutlo mme ke ikutlwa ke se na mosola.”

 A o tle o ikutlwe jalo? Fa go le jalo, gakologelwa seno: Go nna o akantse ka diphoso tse di fetileng go tshwana le go kgweetsa koloi o ntse o lebile seipone se se bontshang kwa morago. Go akanya ka dilo tse di fetileng go ka dira gore o ikutlwe o se na mosola e bile o se na maatla a o tla a tlhokang go lebana le dikgwetlho tse di tlang.

 Go na le go dira jalo, goreng o sa lebe dilo ka tekatekano?

 “Akanya ka diphoso tsa gago mme o ithute mo go tsone gore o se ka wa di boeletsa. Mme o se ka wa nna o akantse ka tsone thata mo o felelang o kgobegile marapo.”​—Elliot.

 “Ke leka go ithuta sengwe mo diphosong tsa me, se se tla nthusang go nna motho yo o botoka le go lebana le boemo jo bo tshwanang ka tsela e e farologaneng mo nakong e e tlang. Mme eno ke tsela e e molemo ya go dira dilo ka gonne e dira gore o gole sentle.”​—Vera.