Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

A ke Setse ke Siametse go Tswa mo Gae?

A ke Setse ke Siametse go Tswa mo Gae?

 Gongwe go tswa mo gae go a go itumedisa gape go a go tshosa. O ka itse jang gore o setse o siametse go nna o le nosi?

 Akanya ka mabaka a gago

 Go na le mabaka a le mantsi a a ka dirang gore o batle go tswa mo gae. Mabaka a mangwe ga a utlwale. Ka sekai, mosha mongwe yo o bidiwang Mario a re, “Ke ne ke batla go fuduga mo gae gore ke se ka ka tlhola ke dira ditiro tsa mo lapeng.”

 Boammaaruri ke gore fa o fuduga, maikarabelo a gago a ka nna a oketsega. Onya yo o nang le dingwaga tse 18 a re, “Fa o tswa mo lapeng, o tshwanetse go tlhokomela kwa o nnang teng, o ikapeele, o duele dikoloto e bile batsadi ba gago ba tla bo ba seyo go go thusa!”

 Ntlha ya botlhokwa ke gore: O tshwanetse go itse mabaka a go bo o batla go fuduga gore o tle o bone gore a o siametse go tswa mo gae.

 Tsela e o dirisang madi ka yone

 Jesu o ne a re: “Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a bo a bala ditshenyegelo, go bona gore a o na le mo go lekaneng go e wetsa?” (Luke 14:28) O ka “bala ditshenyegelo” tsa gago jang fa o batla go tswa mo lapeng? Dirisa ditsela tse di latelang go itshekatsheka.

  A O DIRISA MADI SENTLE?

 Baebele ya re: ‘Madi ke tshireletso.’—Moreri 7:12.

  •  A o palelwa ke go boloka madi?

  •  A o reka thata?

  •  A o nna o adima madi mo bathong?

 Fa o arabile nngwe ya dipotso tseno ka ee, go raya gore dilo ga di na di go go tsamaela sentle fa o nna o le nosi!

 “Kgaitsadiake o ne a fuduga mo lapeng a na le dingwaga di le 19. Morago ga ngwaga, madi a a neng a ipeetse one ke fa a fedile, banka e tsere koloi ya gagwe ka gonne a sa duela sekoloto, dibanka tse dingwe di sa batle go mo adima madi ka gonne a sa duele dikoloto e bile ke fa a kopa go boela gae.”—Danielle.

 Se o ka se dirang gone jaanong: Botsa batsadi ba gago gore ba dirisa madi a a kana kang kgwedi le kgwedi. Ba duelela eng le gore ba ithulaganya jang gore ba kgone go duela dikoloto ka madi a ba a amogelang? Ba ipeela madi jang?

 Ntlha ya botlhokwa ke gore: Fa o ithuta go dirisa madi sentle fa o sa ntse o nna kwa gae, seo se tla go thusa gore o kgone go dirisa madi sentle fa o nna o le nosi.

A O ITITAYA KA THUPA?

 Baebele ya re: “Mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe.”—Bagalatia 6:5.

  •  A o rata go beela dilo nako e e tlang?

  •  A batsadi ba gago ba tlhoka go nna ba go gakolola gore o dire sengwe mo lapeng?

  •  A ga o tle mo lapeng ka nako e batsadi ba gago ba go e beetseng?

 Fa o arabile nngwe ya dipotso tseno ka ee, go raya gore go tla nna thata gore o rwale maikarabelo a go nna o le nosi.

 “Fa o nna o le nosi, go na le dilo tse o tla tshwanelwang ke go di dira le fa tota o sa rate go di dira. Ga go na yo o tla bong a go setse morago mme o tla tshwanelwa ke go ititaya ka thupa gore o di dire.”—Jessica.

 Se o ka se dirang gone jaanong: Ipeele kgwedi e mo go yone o tla dirang maikarabelo a a oketsegileng mo gae. Ka sekai, phepafatsa ntlo o le nosi, itlhatswetse, ya go reka dijo, apaya maitseboa mangwe le mangwe o bo o tlhatswa dijana fa o fetsa. Go dira jalo go tla go thusa go bona gore ke dilo dife tse o tla tshwanelwang ke go di dira fa o nna o le nosi.

 Ntlha ya botlhokwa ke gore: Fa o batla go nna o le nosi, o tshwanetse go ititaya ka thupa.

Go tswa mo gae o sa ithulaganya sentle go tshwana le fa o tswa mo sefofaneng se le mo moyeng mme o sa itse go dirisa pharashutu

A O KGONA GO LAOLA MAIKUTLO A GAGO?

 Baebele ya re: “Di tloseng tsotlhe mo go lona, tšhakgalo, bogale, bosula, puo ya go kgoba.”—Bakolosa 3:8.

  •  A o palelwa ke go dirisana le ba bangwe?

  •  A o kgona go laola bogale jwa gago?

  •  A o batla sengwe le sengwe se dirwa ka tsela ya gago?

 Fa o arabile nngwe ya dipotso tseno ka ee, go ka nna thata mo go wena go nna le motho yo mongwe kgotsa le molekane wa lenyalo fa o setse o nyetse.

 “Go nna le batho ba bangwe go dirile gore ke lemoge makoa a me. Ke ithutile gore ga ke a tshwanela go nna ke ntshetsa mathata a me mo batho ba bangwe. Ke ne ka tshwanelwa ke go batla tsela e e botoka ya go rarabolola mathata a me.”—Helena.

 Se o ka se dirang gone jaanong: Ithute go dirisana sentle le batsadi ba gago le bomogoloo le bomonnao. Tsela e o ba tshwarang ka yone gone jaanong, ke tsela e o tla tshwarang ba bangwe ka yone fa o sena go tswa mo lapeng.

 Ntlha ya botlhokwa ke gore: Go nna o le nosi ga se tsela e o ka e dirisang go tshaba maikarabelo a gago a mo lapeng mme ke sengwe se o tlhokang go se ipaakanyetsa. Ke eng o sa botse bangwe ba ba nnang ba le bosi gore ba kgona jang? Ba botse gore ke dilo dife tse ba eletsang gore ba ka bo ba di dirile pele ba fuduga. Go bua le batho ba ba nang le maitemogelo pele o dira ditshwetso go tla go thusa gore o dire ditshwetso tse di siameng mo botshelong.