Timotheo wa Ntlha 2:1-15

  • Rapelelang batho ba mefuta yotlhe (1-7)

    • Modimo a le mongwe, motsereganyi a le mongwe (5)

    • Tlhwatlhwa ya gore batho botlhe ba gololwe (6)

  • Ditaelo tse di amanang le banna le basadi (8-15)

    • Apara ka tsela e e tlotlegang (9, 10)

2  Jaanong sa ntlha, ke lo rotloetsa gore lo rapelele batho ba mefuta yotlhe ka go kopa Modimo ka tlhoafalo gore a ba thuse lo bo lo mo leboge.  Gape lo rapelele dikgosi le botlhe ba ba mo maemong a a kwa godimo,*+ gore re tle re tswelele re tshela re ritibetse e bile re le mo kagisong re ikanyega mo Modimong e bile re dira dilo tsotlhe ka tlhoafalo.*+  Seno se molemo e bile se a amogelesega mo Mmoloking wa rona, e bong Modimo,+  yo thato ya gagwe e leng gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe+ mme ba nne le kitso ya boammaaruri.  Gonne go na le Modimo a le mongwe,+ le motsereganyi a le mongwe+ fa gare ga Modimo le batho,+ e bong Keresete Jesu,+ monna  yo o neng a ntsha botshelo jwa gagwe go duelela tlhwatlhwa e e neng e tlhokega gore batho botlhe ba gololwe mo boleong,+ mme batho ba tla bua ka seno ka nako e e tshwanetseng.  Ke gone ka moo Modimo a neng a ntlhoma gore ke rere ke bo ke nne moaposetoloi+ gore ke rute batho ba ditšhaba tse dingwe+ ka tumelo le ka dithuto tsa boammaaruri. Ga ke ake, ke bua boammaaruri.  Ka jalo, ke eletsa gore mo lefelong lengwe le lengwe banna ba ba ikanyegang* ba tswelele ba rapela,+ ba se ka ba galefa+ kgotsa ba ganetsana le ba bangwe.+  Gape ke kgothaletsa basadi gore ba ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, tse di tlotlegang le tse di akanyeditsweng sentle, e seng ka go loga melogo* e e feteletseng le ka go ikgabisa ka gauta kgotsa diperela kgotsa ka go apara diaparo tse di turang thata,+ 10  mme e nne ka ditiro tse di molemo tse di tshwanelang basadi ba ba ineetseng mo Modimong.+ 11  A mosadi a didimale* mme a ikobe fa a rutiwa.+ 12  Ga ke letle mosadi gore a rute kgotsa gore a laole monna, mme o tshwanetse go didimala.*+ 13  Gonne Adame o ne a bopiwa pele, go tswa foo ga bopiwa Efa.+ 14  Gape Adame ga a ka a tsiediwa, mme go ne ga tsiediwa mosadi+ a bo a nna moleofi. 15  Le fa go ntse jalo, fa mosadi a tshola bana,+ seo se tla mo thibela go dira dilo tse di bosula, fa fela a* tswelela a na le tumelo, a le lorato, a le boitshepo e bile a akanyetsa dilo sentle.*+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ba ba nang le taolo.”
Kgotsa “ka bomasisi.”
Kgotsa “banna ba ba tsholetsang diatla tse di ikanyegang.”
Kgotsa “ditaele.”
Kgotsa “a ritibale.”
Kgotsa “a nne a ritibetse.”
Seger., “ba.”
Kgotsa “a le botlhale.”