Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele ya Reng ka Matshwao A a Sa Phimogeng?

Baebele ya Reng ka Matshwao A a Sa Phimogeng?

Karabo ya Baebele

Baebele e bua gangwe fela ka matshwao a a sa phimogeng mo go Lefitiko 19:28, e e reng: “Lo se ka lwa itsenya matshwao a a sa phimogeng.” Modimo o ne a naya setšhaba sa Iseraele molao ono gore ba farologane le baagelani ba bone ba ba neng ba itsenya maina kgotsa matshwao a medimo ya bone mo mebeleng. (Duteronome 14:2) Le fa Molao o o neng o neilwe Baiseraele o sa ame Bakeresete, molaomotheo o molao ono o theilweng mo go one o tshwanetse go tsewa masisi.

A Mokeresete o tshwanetse go itsenya letshwao le le sa phimogeng kgotsa a kgabisiwe ka go kwalwa mo mmeleng?

Ditemana tseno tsa Baebele di ka go thusa mo kgannyeng eno:

  • “Basadi ba tshwanetse go ikgabisa ka . . . boingotlo.” (1 Timotheo 2:9, New American Bible) Molaomotheo ono o dira mo banneng le mo basading. Re tshwanetse go tlotla tsela e batho ba bangwe ba ikutlwang ka yone mme re se ka ra dira gore batho ba lebise tlhokomelo mo go rona ka tsela e e sa tshwanelang.

  • Bangwe ba batla gore ba itsege kgotsa go supa gore ba gololesegile, fa ba bangwe bone ba tsaya matshwao a a sa phimogeng e le bosupi jwa gore ba kgona go dira sengwe le sengwe ka mebele ya bone. Le fa go ntse jalo, Baebele e kgothatsa Bakeresete jaana: “Lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a lona a go akanya.” (Baroma 12:1) Dirisa ‘maatla a gago a go akanya’ gore o sekaseke lebaka la go bo o batla matshwao a a sa phimogeng. Fa e le gore o dira jalo ka gonne o batla go latela feshene kgotsa go bontsha gore o wa lekoko lengwe, maikutlo a gago a ka fetoga fa nako e ntse e tsamaya mme letshwao le le sa phimogeng lone le nnela ruri. Go sekaseka maitlhomo a gago go ka go thusa gore o dire tshwetso e e botlhale.—Diane 4:7.

  • “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo, mme mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.” (Diane 21:5) Gantsi tshwetso ya go tsenya matshwao a a sa phimogeng e dirwa ka lepotlapotla, mme e ka ama botsala jwa rona le tiro fela thata. Go tlosa matshwao a a sa phimogeng go ka ja madi a mantsi e bile go ka nna botlhoko thata. Dipatlisiso—le kgwebo e e dirang lotseno lo logolo ya go tlosa matshwao a a sa phimogeng—di bontsha gore batho ba bantsi ba ba tsenyang matshwao a a sa phimogeng ba ikwatlhaela go bo ba a tsentse.