Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele ya Reng ka Kgang ya go Itshasa Ditlolo mo Sefatlhegong le go Itsenya Manyena?

Baebele ya Reng ka Kgang ya go Itshasa Ditlolo mo Sefatlhegong le go Itsenya Manyena?

Karabo ya Baebele

Le fa Baebele e sa tsenelele thata mo kgannyeng eno, ga e kgale go itshasa ditlolo, go itsenya manyena kgotsa go ikgabisa ka tsela epe fela. Le fa go ntse jalo, go na le gore e bue thata ka ditebego, e re kgothaletsa gore re apare “diaparo tse di sa senyegeng tsa moya o o didimetseng le o o bonolo.”—1 Petere 3:3, 4.

Baebele Ga e Re re Se ka Ra Ikgabisa

  • Basadi ba ba neng ba obamela Modimo ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ne ba ikgabisa. Rebeka yo o ileng a nyalwa ke morwa Aborahame e bong Isake, o ile a rwala lenyena mo nkong, a tsenya mekgabiso ya gouta le dibenya tse dingwe tse a neng a di neilwe ke ratsalaagwe. (Genesise 24:22, 30, 53) Fa Esethere a ne a baakanyediwa go nna kgosigadi ya Bogosi jwa Peresia, o ne a dumela go ‘sidilwa.’ (Esethere 2:7, 9, 12) Go dumelwa gore go sidilwa goo go ne go akaretsa go itshasa dilo tsa sefatlhego tse di dirang gore letlalo le nne lentle le gore le nne borethe.

  • Baebele e dira dikai tse di molemo ka mekgabiso. Ka sekai, motho yo o nayang ba bangwe kgakololo e e molemo o tshwantshiwa le “lenyena la gouta . . . mo tsebeng e e utlwang.” (Diane 25:12) Modimo o ile a tshwantsha tsela e a dirisang le Baiseraele ka yone le monna yo o kgabisang mosadi wa gagwe ka maseka, dibaga le manyena. Mekgabiso eno e ne e dira gore setšhaba seo se nne ‘sentle thata.’—Esekiele 16:11-13.

Dikgopolo tse di phoso ka go ikgabisa le go tsenya manyena

Kgopolo e e phoso: Mo go 1 Petere 3:3, Baebele e kgala go “loga moriri loetse kafa ntle le  . .  go rwala mekgabiso ya gouta.”

Boammaaruri: Fa re bala kgaolo yotlhe, re lemoga gore Baebele e ne e gatelela botlhokwa jwa go nna le botho jo bontle go na le go tlhoma mogopolo thata mo ditebegong tsa rona. (1 Petere 3:3-6) Go na le ditemana tse dingwe tsa Baebele tse di gatelelang ntlha eno.—1 Samuele 16:7; Diane 11:22; 31:30; 1 Timotheo 2:9, 10.

Kgopolo e e phoso: Ntlha ya go bo Baebele e tlhalosa gore Kgosigadi Jesebele o ne a tshasitse “matlho a gagwe ka mmala o montsho,” e bontsha gore go itshasa ditlolo mo sefatlhegong go phoso.—2 Dikgosi 9:30.

Boammaaruri: Jesebele o ne a bolawa ka ntlha ya go bo e ne e le moloi le mmolai, e seng ka ntlha ya ditebego tsa gagwe.—2 Dikgosi 9:7, 22, 36, 37.