Efangele ya ga Mathaio 6:1-34

  • THERO YA KWA THABENG (1-34)

    • O se ka wa itshupa o siame (1-4)

    • Tsela ya go rapela (5-15)

      • Thapelo ya Morena (9-13)

    • Go itima dijo (16-18)

    • Matlotlo mo lefatsheng le kwa legodimong (19-24)

    • Tlogelang go tlhobaela (25-34)

      • Nnang lo batle Bogosi pele (33)

6  “Ikeleng tlhoko gore lo se ka lwa dira dilo tse di molemo fa pele ga batho gore ba lo bone;+ go seng jalo Rraalona yo o kwa magodimong ga a kitla a lo duela.  Ka jalo, fa o aba dimpho tsa kutlwelobotlhoko,* o se ka wa tsamaya o letsa terompeta, fela jaaka baitimokanyi ba dira mo disinagogeng le mo mebileng, gore ba tle ba galalediwe ke batho. Ammaaruri ke a lo bolelela, ba bona tuelo ya bone ka botlalo.  Mme wena, fa o aba dimpho tsa kutlwelobotlhoko, a seatla sa gago sa molema se se ka sa itse se sa moja se se dirang,  gore dimpho tsa gago tsa kutlwelobotlhoko di nne mo sephiring. Foo Rrago yo o lebang a le mo sephiring o tla go duela.+  “Gape, fa lo rapela, lo se ka lwa dira jaaka baitimokanyi;+ ka gonne ba rata go rapela ba eme mo disinagogeng le mo dikhoneng tsa ditsela tse dikgolo gore ba bonwe ke batho.+ Ammaaruri ke a lo bolelela, ba bona tuelo ya bone ka botlalo.  Mme wena fa o rapela, tsena mo phaposing ya gago, mme fa o sena go tswala setswalo, rapela Rrago yo o mo sephiring.+ Foo Rrago yo o lebang a le mo sephiring o tla go duela.  Fa o rapela, o se ka wa boaboeletsa dilo di le dingwe fela jaaka batho ba ditšhaba tse dingwe ba dira, ka gonne ba ithaya ba re Modimo o tla ba utlwa ka go bo ba dirisa mafoko a le mantsi.  Ka jalo, lo se ka lwa tshwana le bone, ka gonne Rraalona o itse dilo tse lo di tlhokang+ le pele ga lo di mo kopa.  “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno:+ “‘Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago+ le itshepisiwe.*+ 10  A Bogosi+ jwa gago bo tle. A thato+ ya gago e diragale mo lefatsheng jaaka e diragala kwa legodimong.+ 11  Re neye dijo* tse re di tlhokang mo letsatsing leno;+ 12  mme o re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwaretse ba ba molato le rona.+ 13  O se ka wa re tsenya mo thaelong,+ mme o re golole mo go Satane.’*+ 14  “Gonne fa lo itshwarela batho maleo a bone, Rraalona yo o kwa legodimong le ene o tla lo itshwarela;+ 15  mme fa lo sa itshwarele batho maleo a bone, Rraalona le ene ga a kitla a itshwarela maleo a lona.+ 16  “Fa lo itima dijo,+ tlogelang go tlhonya difatlhego jaaka baitimokanyi, ka gonne ba dira gore difatlhego tsa bone di hutsafale* gore batho ba tle ba bone gore ba itima dijo.+ Ammaaruri ke a lo bolelela, ba bona tuelo ya bone ka botlalo. 17  Mme wena, fa o itima dijo, o itshase leokwane mo tlhogong o bo o tlhapa sefatlhego, 18  gore o tle o se ka wa bonala mo bathong gore o itima dijo, mme Rrago yo o mo sephiring e nne ene a bonang gore o itima dijo. Foo Rrago yo o lebang a le mo sephiring o tla go duela. 19  “Tlogelang go ipolokela matlotlo mo lefatsheng,+ ka gonne a ka jewa ke motoutwane* kgotsa ruse, e bile a ka utswiwa. 20  Go na le moo, ipolokeleng matlotlo kwa legodimong,+ ka gonne ga a kitla a jewa ke motoutwane kgotsa ruse,+ e bile ga a kitla a utswiwa. 21  Gonne kwa letlotlo la gago le leng gone, pelo ya gago le yone e tla nna gone koo. 22  “Lobone lwa mmele ke leitlho.+ Ka jalo, fa leitlho la gago le bona sentle,* mmele otlhe wa gago o tla phatsima.* 23  Le fa go ntse jalo, fa leitlho la gago le eletsa se batho ba bangwe ba nang le sone,*+ mmele otlhe wa gago o tla nna lefifi. Fa e le gore lesedi le le mo go wena tota ke lefifi, ruri lefifi leo le legolo thata! 24  “Ga go na ope yo o ka direlang beng ba le babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe mme a rate yo mongwe,+ kgotsa o tla ngaparela yo mongwe mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Dikhumo.+ 25  “Ka ntlha ya seno ke lo raya ke re: Tlogelang go tlhobaela+ ka matshelo* a lona ka ga gore lo tla ja eng kgotsa lo tla nwa eng, kgotsa ka mebele ya lona gore lo tla apara eng.+ A botshelo* ga bo botlhokwa go feta dijo, le mmele go feta diaparo?+ 26  Lebang dinonyane ka kelotlhoko;+ ga di jale, ga di robe e bile ga di phuthele mo mabolokelong, le fa go ntse jalo Rraalona yo o kwa legodimong o a di fepa. A ga lo botlhokwa go di feta? 27  Ke mang mo go lona yo o ka oketsang botshelo jwa gagwe ka motsotso* o le mongwe fa a tlhobaela?+ 28  Gape, ke ka ntlha yang fa lo tlhobaela ka diaparo? Ithuteng mo malômông* a masoma a naga, kafa a golang ka gone; ga a dire ka natla e bile ga a roke diaparo; 29  mme ke a lo bolelela, tota le Solomone+ mo kgalalelong yotlhe ya gagwe o ne a sa kgabe jaaka one. 30  Jaanong fa e le gore Modimo o kgona go apesa dimela tsa naga, tse di leng gone gompieno mme kamoso di bo di latlhelwa mo molelong, a ga a kitla a lo apesa go feta tsone, lona ba lo nang le tumelo e potlana? 31  Ka jalo, le ka motlha lo se ka lwa tlhobaela+ mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa ‘Re tla apara eng?’+ 32  Gonne dilo tseno tsotlhe ke dilo tse ditšhaba di gagamalelang go nna le tsone. Rraalona yo o kwa legodimong o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe. 33  “Ka jalo, nnang lo batle Bogosi le tshiamo ya gagwe pele, mme dilo tseno tse dingwe tsotlhe lo tla di okelediwa.+ 34  Ka jalo, le ka motlha lo se ka lwa tlhobaela ka letsatsi le le latelang,+ ka gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone. Letsatsi lengwe le lengwe le na le mathata a lone.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “dimpho tse di newang bahumanegi.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “le tlotlomadiwe; le tlotliwe.”
Seger., “senkgwe.”
Seger., “yo o boikepo.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “ga ba itlhokomele; ba itlogelela fela.”
Kgotsa “mmoto.”
Seger., “le sa raraana.”
Kgotsa “o tla tlala lesedi.”
Seger., “le le bosula; le le boikepo.”
Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seger., “kubita.” Bona Dintlha B14.
Kgotsa “dithunyeng.”