Diane 12:1-28

  • Yo o tlhoileng kgalemelo ga a na tlhaloganyo (1)

  • “Go bua o sa akanye go tshwana le go tlhaba ga tšhaka” (18)

  • Go dira kagiso go tlisa boitumelo (20)

  • Yo o buang maaka o makgapha mo go Jehofa (22)

  • Go tlhobaela go imetsa pelo (25)

12  Motho yo o ratang kgakololo o rata kitso,+Mme yo o tlhoileng kgalemelo ga a na tlhaloganyo.*+   Motho yo o molemo o amogelwa ke Jehofa,Mme Modimo o kgala motho yo o logang maano a a bosula.+   Ga go na motho yo o sirelediwang ke bosula,+Mme le ka motlha basiami ga ba kitla ba kumolwa.   Mosadi yo o nang le mekgwa e mentle ke serwalo mo monneng wa gagwe,+Mme mosadi yo o itshwarang ka tsela e e tlhabisang ditlhong o tshwana le sebodu mo marapong a monna wa gagwe.+   Dikakanyo tsa basiami di siame,Mme kaelo ya badirabosula ke tsietso.   Mafoko a badirabosula a tshwana le balaledi ba ba kotsi,*+Mme molomo wa basiami o a ba golola.+   Fa badirabosula ba bolawa, ga ba tlhole ba nna teng,Mme ntlo ya basiami e tla tswelela e eme.+   Motho o bakwa ka ntlha ya molomo wa gagwe o o botlhale,+Mme yo o nang le pelo e e sokameng o tla nyadiwa.+   Go botoka go tseelwa kwa tlase mme gone o na le motlhankaGo na le go ikgalaletsa mme o se na dijo.*+ 10  Mosiami o tlhokomela diruiwa tsa gagwe,+Mme yo o bosula o akanya gore o kutlwelobotlhoko mme a le setlhogo. 11  Yo o lemang tshimo ya gagwe o tla roba dijo tse dintsi,+Mme yo o lelekisang dilo tse di se nang mosola ga a botlhale. 12  Modirabosula o eletsa se batho ba bangwe ba ba bosula ba se tshwereng,Mme mosiami o tshwana le setlhare se se ntshang maungo. 13  Motho yo o bosula o tsena mo mathateng ka ntlha ya puo ya gagwe e e bosula,+Mme mosiami o falola mo matshwenyegong. 14  Motho o kgotsofadiwa ke maungo a se a se buang,*+E bile tiro ya diatla tsa gagwe e tla mo duela. 15  Tsela ya seeleele e siame mo matlhong a sone,+Mme yo o botlhale o amogela kgakololo.+ 16  Seeleele se bontsha ka bonako* gore se tenegile,+Mme yo o botlhale o itlhokomolosa* go tlhapadiwa. 17  Yo o ntshang bosupi ka boikanyegi o tla bua boammaaruri,*Mme mosupi wa maaka o a tsietsa. 18  Go bua o sa akanye go tshwana le go tlhaba ga tšhaka,Mme loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.+ 19  Molomo o o buang boammaaruri o tla nnela ruri,+Mme loleme lo lo buang maaka lo tla nna teng ka nakwana fela.+ 20  Go tsietsa go mo pelong ya ba ba logang maano a a bosula,Mme ba ba dirang gore go nne le* kagiso ba a itumela.+ 21  Mosiami ga a kitla a utlwisiwa botlhoko ke sepe,+Mme badirabosula ba tla nna le masetlapelo a mantsi.+ 22  Yo o buang maaka o makgapha mo go Jehofa,+Mme ba ba dirang dilo ka boikanyegi ba a mo itumedisa. 23  Motho yo o botlhale o fitlha se a se itseng,Mme seeleele se phatloga fela se bua boeleele.+ 24  Batho ba ba tlhoafetseng ba tla busa,+Mme ditshwakga di tla patelediwa go bereka.+ 25  Go tlhobaela go dira gore motho a tshwenyege thata mo maikutlong,*+Mme lefoko le le molemo le dira gore a itumele.+ 26  Mosiami o tlhopha mafulo a gagwe ka kelotlhoko,Mme tsela e badirabosula ba tshelang ka yone e a ba timetsa. 27  Setshwakga ga se lelekise phologolo e se batlang go e tsoma,+Mme go dira ka natla ke letlotlo le le tlhwatlhwakgolo la motho. 28  Go itshwara sentle go tla dira gore motho a tshele;+Mme ga a na go swa.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ga a akanye.”
Seheb., “a lalela madi.”
Seheb., “senkgwe.”
Seheb., “a molomo wa gagwe.”
Kgotsa “ka lone letsatsi leo.”
Seheb., “bipa.”
Seheb., “se se siameng.”
Seheb., “Mme bagakolodi ba ba.”
Seheb., “gore pelo ya motho e imelwe.”