Bagalatia 6:1-18

  • Thusanang merwalo ya lona (1-10)

    • Motho o tla roba se a se jetseng (7, 8)

  • Go rupa ga go na mosola (11-16)

    • Motho yo mosha (15)

  • Konelo (17, 18)

6  Bakaulengwe, fa mongwe a tsaya tsela e e phoso mme a sa lemoge, lona Bakeresete ba ba tshwanelegang, lekang go busetsa motho yoo mo tseleng e e siameng lo dira jalo ka bonolo.+ Mme nnang lo ipeile leitlho,+ gore le lona lo se ka lwa raelwa go dira phoso.+  Tswelelang lo thusana merwalo ya lona,+ mme fa lo dira jalo, lo tla bo lo diragatsa molao wa ga Keresete.+  Gonne fa mongwe a akanya gore o botlhokwa mme a se botlhokwa,+ o a itsietsa.  Mme a mongwe le mongwe a tlhatlhobe ditiro tsa gagwe,+ foo o tla nna le lebaka la go itumelela se a se dirileng ka gonne a sa ipapise le motho yo mongwe.+  Gonne mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe.*+  Mo godimo ga moo, a motho yo o rutiwang* lefoko la Modimo, le yo o mo rutang ba abelane dilo tsotlhe tse di molemo.+  Lo se ka lwa itsietsa: Modimo ga a sotliwe. Gonne sengwe le sengwe se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape;+  ka gonne yo o jalelang mmele wa gagwe o o nang le boleo o tla roba go bola mo mmeleng wa gagwe, mme yo o kaelwang ke moya o o boitshepo o tla roba botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya moya o o boitshepo.+  Ka jalo, a re se ka ra lesa go dira se se molemo, gonne ka nako e e siameng re tla roba fa re sa lape.*+ 10  Ka jalo, fa fela re sa ntse re kgona,* a re direleng batho botlhe se se molemo, mme segolobogolo badumedimmogo le rona. 11  Bonang gore ke lo kwaletse ka ditlhaka tse dikgolo jang ka seatla sa me. 12  Botlhe ba ba batlang go itumedisa batho ba bangwe ke bone ba ba lekang go lo pateletsa gore lo rupe, mme ba dira jalo gore ba tle ba se ka ba bogisediwa kota ya tlhokofatso* ya ga Keresete. 13  Gonne tota le bone ba ba rupang ga ba boloke Molao wa ga Moshe,+ mme ba batla gore lona lo rupe gore ba tle ba nne le lebaka la go ikgantsha ka lona. 14  Ga ke batle gore le ka motlha ke ikgantshe, fa e se go ikgantsha ka Morena wa rona Jesu Keresete,+ yo o swetseng mo koteng ya tlhokofatso.* Ke tsaya lefatshe le atlholetswe loso* ka ntlha ya gagwe, mme lefatshe lone le ntsaya ke atlholetswe loso ka ntlha ya gagwe. 15  Gonne go rupa kgotsa go sa rupe ga go botlhokwa,+ mme se se botlhokwa ke gore Modimo o dira gore o nne motho yo mosha.+ 16  Mme a kagiso le kutlwelobotlhoko di nne mo go botlhe ba ba tsamayang ka molao ono, le mo go Iseraele wa Modimo.+ 17  Go tloga jaanong a go se nne le ope yo o ntshwenyang, ka gonne mmele wa me o na le mabadi a a bontshang gore ke motlhanka wa ga Jesu.+ 18  Bakaulengwe, e kete Morena Jesu Keresete a ka lo naya bopelonomi jo bogolo* ka ntlha ya moya o montle o lo nang le one. Amen.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “maikarabelo a gagwe.”
Kgotsa “yo o rutiwang ka molomo.”
Kgotsa “re sa ineele.”
Seger., “re na le nako e e tlhomilweng.”
Kgotsa “le bolaetswe mo koteng.”