Fetela kwa tshedimosetsong

A Baebele e Iletsa Tlhakanelodikobo?

A Baebele e Iletsa Tlhakanelodikobo?

Karabo ya Baebele

Go na le gore Baebele e iletse tlhakanelodikobo, e bontsha gore ke mpho e Modimo a e neileng batho ba ba nyalaneng. O ne a bopa batho, “monna le mosadi,” a bo a leba se a se dirileng se le “molemo tota.” (Genesise 1:27, 31) Fa a ne a kopanya monna le mosadi wa ntlha mo lenyalong, o ne a re “ba tla nna nama e le nngwe.” (Genesise 2:24) Go ba kopanya jalo go ne go akaretsa kamano ya tlhakanelodikobo le go atamalana thata.

Baebele e tlhalosa boipelo jo monna yo o nyetseng a nnang le jone mo lenyalong jaana: “Ipele le mosadi wa bosha jwa gago . . . A mabele a gagwe a go tlhapele ka metlha. O tlhapelwe ke boitumelo ka lorato lwa gagwe ka metlha.” (Diane 5:18, 19) Gape Modimo o batla gore basadi ba ba nyetsweng ba ipelele tlhakanelodikobo. Baebele ya re: “Banna le basadi ba ba nyetseng ba tshwanetse go kgotsofatsana mo dikeletsong tsa tlhakanelodikobo.—1 Bakorintha 7:3, Baebele ya God’s Word.

Dithibelo tsa tlhakanelodikobo

Modimo o letla fela batho ba ba nyalaneng gore ba tlhakanele dikobo jaaka Bahebera 13:4 e tlhalosa: “A lenyalo le tlotlege mo go botlhe, le bolao jwa lenyalo bo nne bo sa leswafala, gonne Modimo o tla atlhola bagokafadi le baakafadi.” Banyalani ba tshwanetse go ikanyega mo balekaneng ba bone mme ba boloke maikano a bone. Ga ba itumedisiwe ke go lwela go kgotsofatsa dikeletso tsa bone, go na le moo ba itumedisiwa ke go dirisa molaomotheo ono wa Baebele: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.