Fetela kwa tshedimosetsong

Nka Rapelela Eng?

Nka Rapelela Eng?

Karabo ya Baebele

O ka rapelela sengwe le sengwe se Modimo a se amogelang se se kwadilweng mo Baebeleng. “Go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya [Modimo], o a re utlwa.” (1 Johane 5:14) A o ka umaka dilo tse di go tshwenyang? Ee. Baebele ya re: “Tshololelang pelo ya lona fa pele ga [Modimo].”—Pesalema 62:8.

Dikai tsa dilo tse o ka di rapelelang

  • Go nna le tumelo mo Modimong.—Luke 17:5.

  • Moya o o boitshepo kgotsa maatla a Modimo a a dirang, gore a go thuse go dira se se siameng.—Luke 11:13.

  • Nonofo ya go lebana le mathata le go fenya thaelo.—Bafilipi 4:13.

  • Kagiso ya mogopolo kgotsa go ritibala.—Bafilipi 4:6, 7.

  • Botlhale jwa go dira ditshwetso tse di siameng.—Jakobe 1:5.

  • Thuso ya go bona dilo tsa letsatsi le letsatsi tse re di tlhokang.—Mathaio 6:11.

  • Go itshwarelwa maleo.—Mathaio 6:12.