Bakorintha wa Ntlha 16:1-24

  • Madi a a phuthelwang Bakeresete ba kwa Jerusalema (1-4)

  • Dithulaganyo tsa ga Paulo tsa loeto (5-9)

  • Maeto a a rulagantsweng a ga Timotheo le Apolose (10-12)

  • Dikgothatso le ditumediso (13-24)

16  Jaanong ka kgang ya go phuthela ba ba boitshepo madi,+ lo ka latela ditaelo tse ke di neileng diphuthego tsa kwa Galatia.  Mo letsatsing la ntlha la beke nngwe le nngwe, mongwe le mongwe wa lona o tshwanetse go beela sengwe kwa thoko go ya ka se a se kgonang, gore go se ka ga phuthiwa madi fa ke setse ke gorogile.  Mme fa ke fitlha koo, ke tla roma banna ba lo ba buang bontle mo makwalong a lona+ kwa Jerusalema, gore ba ise madi a lo a ntshitseng ka go rata.  Mme fa go tlhokega gore le nna ke ye koo, ba tla tsamaya le nna.  Mme ke tla tla kwa go lona fa ke sena go tsena ka Makedonia, ka gonne ke batla go feta ka Makedonia pele;+  gongwe ke tla nna le lona kgotsa ke tla fetsa mariga ke na le lona, gore lo tle lo mpuledise* kwa nka tswang ke ya gone.  Ga ke batle go lo bona ke feta fela, mme fa Jehofa* a ratile, ke eletsa go nna le lona lobakanyana.+  Mme ke sa ntse ke le mo Efeso+ go fitlha ka Moletlo wa Pentekosete,  ka gonne ke bulegetswe ke tshono e kgolo* ya gore ke direle Morena,+ le fa go ntse jalo, go na le baganetsi ba le bantsi. 10  Jaanong fa Timotheo+ a goroga, dirisanang le ene sentle gore a se ka a boifa sepe fa a na le lona, ka gonne o dira tiro ya ga Jehofa,*+ fela jaaka le nna ke e dira. 11  Ka jalo, a ope a se ka a mo nyatsa. Mmulediseng, gore a tle a fitlhe fano mo go nna ka kagiso, ka gonne nna le bakaulengwe re mo letetse. 12  Mme fa e le ka ga Apolose+ mokaulengwe wa rona, ke ne ka mo kopa gore a tsamaye le bakaulengwe fa ba lo etela. Mme o ne a sa ikaelela go tla gone jaanong, le fa go ntse jalo, o tla tla fa a na le nako. 13  Nnang lo tsogile,+ tlhomamang mo tumelong,+ nnang pelokgale,*+ nnang maatla.+ 14  Dirang sengwe le sengwe ka lorato.+ 15  Lo a itse gore ba ba nnang mo lelapeng la ga Setefanase ke ba ntlha go nna badumedi* mo Akaia le gore ba ne ba ikemisetsa go direla ba ba boitshepo. Ka jalo, ke lo rotloetsa jaana bakaulengwe: 16  E kete le lona lo ka nna lo ikobela batho ba ba ntseng jalo le botlhe ba ba dirisanang sentle le batho ba bangwe e bile ba dira ka natla.+ 17  Mme ke itumelela gore Setefanase+ le Foretunato le Akaiko ba tlile mono; ba nthusitse thata ka dilo tse ke itseng gore lo ka bo lo nthusitse ka tsone. 18  Gonne ba nkgothaditse e bile le lona ba lo kgothaditse. Ka jalo, tlotlang banna ba ba ntseng jalo. 19  Diphuthego tsa Asia di a lo dumedisa. Akhwila le Periseka mmogo le phuthego e e kopanelang mo ntlong ya bone+ ba lo dumedisa ka pelo yotlhe lona balatedi ba Morena. 20  Bakaulengwe botlhe ba a lo dumedisa. Dumedisanang ka lorato.* 21  Jaanong nna Paulo, ke lo romelela ditumediso tsa me ka seatla sa me. 22  Fa mongwe a sa rate Morena, a a hutsege. Ao tlhe Morena wa rona, tlaya! 23  A bopelonomi jo bogolo* jwa Morena Jesu bo nne le lona. 24  Ke batla gore lo itse gore ke lo rata thata lona balatedi ba ga Keresete Jesu.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “mphelegetse.”
Seger., “ke buletswe kgoro e kgolo.”
Seger., “tswelelang pele jaaka banna.”
Seger., “ke mabutswapele.”
Seger., “katlo e e boitshepo.” Fa Bakeresete ba kopana, yo mongwe o ne a suna yo mongwe mo lerameng fa a mo dumedisa.