Isaia 48:1-22

  • Iseraele e a kgalemelwa e bile e a phepafadiwa (1-11)

  • Jehofa o tla senya Babelona (12-16a)

  • Dithuto tsa Modimo di solegela molemo (16b-19)

  • “Tswang mo Babelona!” (20-22)

48  Utlwang seno, lona ditlogolwana tsa ga Jakobe,Lona ba lo ipitsang ka leina la Iseraele+Le ba lo duleng mo metsing a* Juda,Lona ba lo ikanang ka leina la ga Jehofa+Le ba lo goelang kwa Modimong wa Iseraele,Le fa gone e se ka boammaaruri le ka tshiamo.+   Gonne ba ipitsa ka leina la motse o o boitshepo,+E bile ba batla gore Modimo wa Iseraele,+Yo leina la gagwe e leng Jehofa wa masomosomo, a ba eme nôkeng.   “Dilo tse di fetileng* ke ne ka di lo bolelela bogologolo. Di ne tsa tswa mo molomong wa me,Mme ke ne ka dira gore di itsiwe.+ Ka bonako fela ke ne ka dira sengwe ka se ke se buileng, mme di ne tsa direga.+   E re ka ke ne ke itse gore lo tlhogoethata,Gore melala ya lona ke mesifa ya tshipi le diphatla tsa lona ke kopore,+   Ke ne ka lo bolelela seno bogologolo. Ke ne ka dira gore lo se utlwe pele ga se diragala,Gore lo se ka lwa re, ‘Modingwana wa rona o dirile seno;Setshwantsho sa rona se se betlilweng le setshwantsho* sa rona se se bopilweng di laetse seno.’   Lo utlwile e bile lo bone dilo tseno tsotlhe. A ga lo kitla lo di bolela?+ Go tloga jaanong ke lo itsise dilo tse disha,+Diphiri tse di fitlhilweng ka kelotlhoko tse lo iseng lo di itse.   Ke gone di bopiwang gone jaanong, mme e seng bogologolo,Dilo tse lo neng lo ise lo ke lo di utlwe pele ga letsatsi la gompieno,Gore lo se ka lwa re, ‘Re ne re setse re di itse.’   Nnyaa, ga lo a utlwa,+ ga lo a ka lwa itse,E bile mo nakong e e fetileng ditsebe tsa lona di ne di sa bulega. Gonne ke a itse gore lo boferefere thata,+E bile lo ntse lo bidiwa modirabosula go tloga fela fa lo tsholwa.+   Mme ke tla thiba bogale jwa me ka ntlha ya leina la me;+Ka ntlha ya pako ya me, ke tla ithiba,Mme ga nkitla ke go nyeletsa.+ 10  Ke go itshekisitse, mme e seng jaaka selefera.+ Ke letlile gore o boge e le gore ke go phepafatse, fela jaaka tshipi e tsenngwa mo molelong o mogolo gore e nyerologe.+ 11  Ruri ke tla dira seno ka ntlha ya leina me,+Gonne nka letla jang gore leina la me le tlontlololwe?+ Ga nkitla ke letla ope a newa tlotlo e e ntshwanetseng.* 12  Ntheetse wena Jakobe, le wena Iseraele, yo ke go biditseng. Ke ntse ke le ene Yoo.+ Ke nna wa ntlha; gape ke nna wa bofelo.+ 13  Seatla sa me se ne sa thaya motheo wa lefatshe,+E bile seatla sa me sa moja se ne sa phutholola magodimo.+ Fa ke di bitsa, di ema mmogo. 14  Phuthegang lotlhe, mme lo reetse. Ke modingwana ofe mo gare ga medingwana* o o neng wa itsise dilo tseno? Jehofa o mo* ratile.+ O tla dira se a se ratang ka Babelona,+E bile lebogo la gagwe le tla tlhasela Bakaladia.+ 15  Nna ka bonna ke buile, e bile ke mmiditse.+ Ke mo tlisitse, e bile tsela ya gagwe e tla atlega.+ 16  Nkatameleng mme lo utlwe seno. Go tswa fela kwa tshimologong ga ke a ka ka buela mo sephiring.+ Go tloga fela ka nako ya fa go ne go direga ke ne ke le teng.” Mme jaanong Morena Molaodimogolo Jehofa o nthomile, e bile o tsentse moya wa gagwe mo go nna. 17  Seno ke se Jehofa, Morekolodi wa gago, Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele, a se buang:+ “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago,Ene yo o go rutang gore o tshele ka tsela e e tla go tswelang mosola,+Ene yo o go kaelang tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone.+ 18  Fa fela o ka tlhwaela ditaelo tsa me tsebe,+Kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka,+Le tshiamo ya gago e ne e tla nna jaaka makhubu a lewatle.+ 19  Bana* ba gago ba ne ba tla nna bantsi jaaka motlhaba,*Le ditlogolwana tsa gago di ne di tla nna dintsi jaaka matlapana a one.+ Leina la bone le ne le se kitla le kgaolwa kgotsa le nyelediwa fa pele ga me.” 20  Tswang mo Babelona!+ Tshabang lo tswe mo Bakaladieng! Itsiseng seno ka go tlhaba mokgosi wa boitumelo! Se boleleng!+ Dirang gore se itsiwe kwa dikhutlong tsa lefatshe.+ Buang lo re: “Jehofa o rekolotse motlhanka wa gagwe e bong Jakobe.+ 21  Ga ba a ka ba tshwarwa ke lenyora fa a ne a ba tsamaisa mo mafelong a a kgakgabetseng.+ O ne a dira gore metsi a tswe mo lefikeng gore ba nwe;O ne a phatlola lefika mme a dira gore metsi a pomponyege.”+ 22  Jehofa a re, “Batho ba ba bosula ga ba na kagiso.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa gongwe “ba lo leng ditlogolwana tsa.”
Seheb., “tsa ntlha.”
Kgotsa “sefikantswe.”
Kgotsa “Ga ke kgaogane kgalalelo ya me le ope.”
Seheb., “Ke mang mo gare ga bone.”
Go tewa Kurose.
Seheb., “Losika.”
Kgotsa “moshawa.”