Fetela kwa tshedimosetsong

A Baebele e Bua Sengwe ka go Nyalana ga Batho ba Bong jo bo Tshwanang?

A Baebele e Bua Sengwe ka go Nyalana ga Batho ba Bong jo bo Tshwanang?

Karabo ya Baebele

Mmopi wa rona ga a bolo go tlhoma melao e e amanang le lenyalo bogologolo pele ga dipuso di tlhoma melao e e amang lenyalo. Buka ya ntlha ya Baebele e re bolelela jaana: “Monna o tla [tlogela] rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.” (Genesise 2:24) Go ya ka Vine’s Expository Dictionary of Biblical Words, lefoko la Sehebera le fano le ranotsweng e le “mosadi,” le naya kgopolo ya “motho wa bong jwa sesadi.” Jesu o ne a gatelela jalo gore batho ba ba kopantsweng mmogo mo jokweng ya lenyalo e tshwanetse go nna “monna le mosadi.”—Mathaio 19:4.

Ka gone, Modimo o ne a batla gore lenyalo e nne kgolagano e e nnelang ruri fa gare ga monna le mosadi. Banna le basadi ba bopilwe ka tsela ya gore ba tlatsane mo yo mongwe a tlhaelang teng e le gore ba kgone go kgotsofatsana mo go tsa maikutlo le tsa tlhakanelodikobo le gore ba nne le bana.