Efangele ya ga Mathaio 10:1-42

  • Baaposetoloi ba ba 12 (1-4)

  • Ditaelo tsa bodiredi (5-15)

  • Barutwa ba tla bogisiwa (16-25)

  • Boifang Modimo e seng batho (26-31)

  • Tšhaka, e seng kagiso (32-39)

  • Go amogela barutwa ba ga Jesu (40-42)

10  Ka jalo, o ne a bitsa barutwa ba gagwe ba ba 12 mme a ba naya maatla a gore ba leleke madimona*+ le gore ba fodise bolwetse jwa mofuta mongwe le mongwe le bokoa jwa mofuta mongwe le mongwe.  Ano ke maina a baaposetoloi bao ba ba 12:+ Wa ntlha, Simone yo o bidiwang Petere+ le monnawe yo o bidiwang Anderea;+ Jakobe morwa Sebede le monnawe e bong Johane;+  Filipo le Barotholomeo;+ Thomase+ le Mathaio+ wa mokgethisi; Jakobe morwa Alefaeo; le Thadaeo;  Simone wa Mokanana;* le Judase Isekariota, yo o neng a feleletsa a mo rekisitse.*+  Jesu o ne a roma baaposetoloi bano ba ba 12, mme a ba naya ditaelo tseno:+ “Lo se ka lwa ya kwa bathong ba ditšhaba tse dingwe, e bile lo se ka lwa tsena mo motseng ope wa Basamarea;+  mme go na le moo, lo ye kwa dinkung tse di latlhegileng tsa setšhaba sa Iseraele lo sa kgaotse.+  Fa lo ntse lo tsamaya, lo rere lo re: ‘Bogosi jwa magodimo bo atametse.’+  Lo fodise batho ba ba lwalang,+ lo tsose batho ba ba suleng, lo alafe balepero, lo leleke madimona. Lo ne lwa amogela mahala, nayang mahala.  Lo se ka lwa tsenya gauta kgotsa selefera kgotsa kopore mo mabanteng a lona a a tsenyang madi,+ 10  kgotsa lwa tseela loeto kgetsana ya dijo, kgotsa diaparo tse pedi,* kgotsa ditlhako* kgotsa thobane,+ ka gonne modiri o tshwanetse go newa dijo.+ 11  “Fa lo tsena mo motseng kgotsa mo motsaneng ope fela, lo batlisise gore ke mang yo o tla lo amogelang, mme lo nne koo go fitlha lo tsamaya.+ 12  Fa lo tsena mo ntlong, lo dumedise batho ba ntlo eo. 13  Fa ba lo amogela, a kagiso ya lona e nne le bone;+ mme fa ba sa lo amogele, a kagiso ya lona e boele mo go lona. 14  Gongwe le gongwe kwa batho ba sa lo amogeleng kgotsa ba sa reetseng mafoko a lona gone, fa lo tswa mo ntlong eo kgotsa mo motseng oo, lo tlhotlhore lorole mo dinaong tsa lona.+ 15  Ammaaruri ke a lo bolelela, lefatshe la Sodoma le Gomora+ le tla kgona go itshokela Letsatsi la Katlholo go gaisa motse oo. 16  “Bonang, ke lo roma jaaka dinku mo gare ga diphiri; ka jalo, lo itshupe lo le botlhajana jaaka dinoga mme gone lo se na molato jaaka maphoi.+ 17  Lo nne kelotlhoko, ka gonne batho ba tla lo isa kwa dikgotlatshekelong tsa mafelo a lo nnang mo go one,+ e bile ba tla lo kgwathisa+ mo disinagogeng tsa bone.+ 18  Mme lo tla isiwa kwa balaoding le kwa dikgosing+ ka gonne lo le balatedi ba me. Mme seo se tla lo naya tshono ya gore lo ba bolelele se lo se dumelang, bone mmogo le batho ba ditšhaba tse dingwe.+ 19  Le fa go ntse jalo, fa ba lo isa kwa go bone, lo se ka lwa tlhobaela ka se lo tla se buang kgotsa gore lo tla se bua jang, ka gonne lo tla itse se lo tla se buang ka yone nako eo;+ 20  gonne e tla bo e se lona fela ba lo buang, mme moya wa ga Rraalona e tla bo e le one o o lo thusang go bua.+ 21  Mo godimo ga moo, motho o tla dira gore morwarraagwe a bolawe, e bile rre o tla dira gore ngwana wa gagwe a bolawe, mme bana ba tla tlhanogela* batsadi ba bone e bile ba tla dira gore ba bolawe.+ 22  Mme batho botlhe ba tla lo tlhoa ka gonne lo le balatedi ba me,+ le fa go ntse jalo, yo o itshokileng* go fitlha kwa bokhutlong o tla bolokwa.+ 23  Fa ba lo bogisa mo motseng o mongwe, lo tshabele kwa go o mongwe;+ gonne ammaaruri ke a lo bolelela, pele ga lo wetsa tiro ya lona mo metseng le mo metsaneng yotlhe ya Iseraele, Morwa motho o tla goroga. 24  “Moithuti ga a fete morutisi wa gagwe, e bile motlhanka ga a fete mong wa gagwe.+ 25  Moithuti o tla tshwarwa ka tsela e morutisi wa gagwe a tshwarwang ka yone* mme motlhanka o tla tshwarwa jaaka mong wa gagwe.+ Fa batho ba kgonne go bitsa mong wa ntlo ba re Belesebube,*+ a ba ka palelwa ke go bitsa ba lelapa la gagwe jalo? 26  Ka jalo, lo se ka lwa ba boifa, ka gonne sengwe le sengwe se se fitlhilweng se tla senolwa, e bile sephiri sengwe le sengwe se tla itsiwe.+ 27  Se ke se lo bolelelang mo lefifing, se bueng mo leseding, mme se lo utlwang se sebasebiwa, se rereng lo le kwa godimo ga matlo.+ 28  Lo se ka lwa boifa ba ba ka lo bolayang mme gone ba ka se kgone go lo thibela gore lo boe lo tshele gape mo nakong e e tlang+ go na le moo, boifang ene yo o ka kgonang go lo fedisa mo Gehena.*+ 29  Dithaga tse pedi di rekisiwa ka ledi la tshipi la tlhwatlhwa e e kwa tlase,* gakere? Le fa go ntse jalo, ga go na epe ya tsone e e tla welang fa fatshe Rraalona a sa itse.+ 30  Tota e bile o itse palo ya meriri ya ditlhogo tsa lona. 31  Ka jalo, se boifeng; lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.+ 32  “Mongwe le mongwe yo o buang fa pele ga batho gore o dumela mo go nna,+ le nna ke tla bua fa pele ga ga Rre yo o kwa magodimong gore motho yoo ke morutwa wa me.+ 33  Mme ope fela yo o intatolang fa pele ga batho, le nna ke tla mo itatola fa pele ga ga Rre yo o kwa magodimong.+ 34  Lo se ka lwa akanya gore ke tletse go tlisa kagiso mo lefatsheng; ga ke a tlela go tlisa kagiso, mme ke tletse go tlisa tšhaka.+ 35  Gonne ke tletse go baka kgaogano fa gare ga monna le rraagwe, morwadi le mmaagwe le ngwetsi le matsalaayone.+ 36  Eleruri, motho o tla tlhoiwa ke batho ba lelapa la gagwe. 37  Ope fela yo o ratang rraagwe kgotsa mmaagwe thata go mpheta ga a tshwanelege go nna morutwa wa me; e bile ope fela yo o ratang morwawe kgotsa morwadie thata go mpheta ga a tshwanelege go nna morutwa wa me.+ 38  E bile ope fela yo o sa amogeleng kota ya gagwe ya tlhokofatso* a bo a ntshala morago, ga a tshwanelege go nna morutwa wa me.+ 39  Ope fela yo o sireletsang botshelo jwa gagwe bo tla mo latlhegela, mme ope fela yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka gonne e le molatedi wa me o tla boa a bo bona.+ 40  “Ope fela yo o lo amogelang o amogela le nna, mme ope fela yo o nkamogelang o amogela le Ene yo o nthomileng.+ 41  Ope fela yo o amogelang moporofeti ka gonne e le moporofeti o tla newa tuelo ya moporofeti,+ mme ope fela yo o amogelang motho yo o siameng ka gonne e le motho yo o siameng o tla newa tuelo ya motho yo o siameng. 42  E bile ope fela yo o sielang mongwe wa ba babotlana bano metsi a a tsididi ka gonne e le morutwa, ammaaruri ke a lo bolelela, ga a kitla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe le e seng.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “meya e e seng phepa.”
Kgotsa “yo o tlhagafetseng.”
Kgotsa “okile.”
Kgotsa “seaparo se sengwe.”
Seger., “bompaatšhane.”
Kgotsa “tlhasela.”
Kgotsa “yo o itshokang.”
Seger., “Go lekane gore moithuti a nne jaaka morutisi wa gagwe.”
Lereo le le dirisiwang go bitsa Satane, e leng kgosana kgotsa mmusi wa madimona.
Seger., “ka asarione.” Bona Dintlha B14.