Fetela kwa tshedimosetsong

Fa o Tshwerwe ke Bolwetse Jo bo Sa Foleng—A Baebele e ka Thusa?

Fa o Tshwerwe ke Bolwetse Jo bo Sa Foleng—A Baebele e ka Thusa?

Karabo ya Baebele

Ee. Modimo o amega ka batlhanka ba gagwe ba ba lwalang. Fa Baebele e bua ka motlhanka yo o ikanyegang ya re: “Jehofa ka boene o tla mo tshegetsa mo bolawaneng jwa bolwetse.” (Pesalema 41:3) Fa o tshwerwe ke bolwetse jo bo sa foleng, dilo tse tharo tse di latelang di ka go gomotsa:

  1. Rapelela nonofo ya gore o itshoke. O ka bona “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe,” e e ka go thusang gore o nne o tswelele le fa o na le mathata.—Bafilipi 4:6, 7.

  2. Leba dilo ka tsela e e siameng. Baebele ya re: “Go itumela go dira gore motho a nne le botsogo jo bo molemo. Go nnela go tshwenyega thata go ka bolaya motho ka iketlo.” (Diane 17:22, Good News Translation) Lwela gore o se ka wa tsaya sengwe le sengwe masisi, ka gonne seno se ka se go imolole fela mo khutsafalong mme gape se tla dira gore o nne le botsogo jo bo molemo.

  3. Nna le tumelo mo ditsholofetsong tsa Modimo. Go nna le tsholofelo e e tlhomameng go tla go thusa gore o ipele le fa o tshwerwe ke malwetse a a sa foleng. (Baroma 12:12) Baebele e bolelela pele nako ya fa go tla bo go se “monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Ka nako eo, Modimo o tla fodisa malwetse a a sa foleng a saense ya segompieno e palelwang ke go a fodisa. Ka sekai, fa Baebele e tlhalosa gore batsofe ba tla boela bosheng ya re: “A nama ya gagwe e shafale go gaisa le nako ya bosha, a a boele mo malatsing a matlhagatlhaga a bosha jwa gagwe.”—Jobe 33:25.

Ntlha ya botlhokwa: Le fa Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Modimo o a ba thusa, le bone ba batla kalafi ya malwetse a a sa foleng. (Mareko 2:17) Le fa go ntse jalo, ga re buelele mofuta ope fela wa kalafi, re dumela gore mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso mo dikgannyeng tseno.