Efangele ya ga Mathaio 7:1-29

  • THERO YA KWA THABENG (1-27)

    • Tlogelang go atlhola (1-6)

    • Nnang lo kope, lo batle, lo kokote (7-11)

    • A re direlaneng se se molemo (12)

    • Kgoro e tshesane (13, 14)

    • Ba itsiwe ka maungo a bone (15-23)

    • Ntlo e e mo lefikeng, ntlo e e mo motlhabeng (24-27)

  • Boidiidi bo tshwerwe ke kgakge ka ntlha ya tsela e Jesu a rutang ka yone (28, 29)

7  “Tlogelang go atlhola+ gore lo tle lo se ka lwa atlholwa;  gonne lo tla atlholwa ka katlholo e lo atlholang ka yone,+ e bile ba tla lo lekanyetsa ka selekanyo se lo lekanyang ka sone.+  Jaanong ke ka ntlha yang fa o leba lotlhaka lo lo mo leitlhong la mokaulengwe wa gago mme o sa bone tlhomeso e e mo leitlhong la gago?+  Kgotsa o ka raya jang mokaulengwe wa gago o re, ‘Mma ke go ntshe lotlhaka mo leitlhong,’ mme go na le tlhomeso mo leitlhong la gago?  Moitimokanyi ke wena! Sa ntlha, ntsha tlhomeso e e mo leitlhong la gago, mme ke gone o tla bonang sentle gore o ka ntsha jang lotlhaka mo leitlhong la mokaulengwe wa gago.  “Lo se ka lwa naya dintša se se boitshepo kgotsa lwa latlhela diperela tsa lona fa pele ga dikolobe,+ gore le ka motlha di tle di se ka tsa di gataka mme tsa retologa tsa lo gagolaka.  “Nnang lo kope mme lo tla newa;+ nnang lo batle mme lo tla bona; nnang lo kokote mme lo tla bulelwa;+  gonne mongwe le mongwe yo o kopang o a amogela,+ mongwe le mongwe yo o batlang o a bona, e bile mongwe le mongwe yo o kokotang o tla bulelwa.  Tota ke mang mo go lona yo e reng fa morwawe a mo kopa senkgwe a bo a mo naya leje? 10  Kgotsa fa a mo kopa tlhapi a bo a mo naya noga? 11  Ka jalo, fa lona, le fa gone lo le bosula, lo kgona go naya bana ba lona dimpho tse di molemo, a Rraalona yo o kwa magodimong ga a kitla a naya ba ba mo kopang+ dilo tse di molemo?+ 12  “Ka jalo, lo tshwanetse go direla batho dilo tsotlhe tse lo batlang ba di lo direla.+ Tota e bile, seno ke se se buiwang ke Molao wa ga Moshe le mafoko a baporofeti.+ 13  “Tsenang ka kgoro e tshesane,+ ka gonne kgoro e e isang kwa tshenyegong e atlhame e bile tsela ya teng e bulegile, mme ba ba tsenang ka yone ba bantsi; 14  mme kgoro e e isang kwa botshelong yone e tshesane e bile tsela ya teng e pitlagane, mme e bonwa ke ba le mmalwa.+ 15  “Ikeleng tlhoko mo baporofeting ba maaka+ ba ba tlang mo go lona ba itirile dinku,+ mme mo teng e le diphiri tse di garolakang.+ 16  Lo tla ba lemoga ka maungo a bone. Le ka motlha batho ga ba ke ba kgetla morara* mo mmitlweng kgotsa difeige mo meferong, gakere?+ 17  Ka tsela e e tshwanang, setlhare sengwe le sengwe se se siameng se ungwa maungo a a monate, mme setlhare sengwe le sengwe se se sa siamang se ungwa maungo a a bodileng.+ 18  Setlhare se se siameng ga se ka ke sa ungwa maungo a a bodileng, e bile setlhare se se sa siamang ga se ka ke sa ungwa maungo a a monate.+ 19  Setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng maungo a a monate se a remiwa se bo se latlhelwa mo molelong.+ 20  Ka jalo, ruri lo tla lemoga batho bao ka maungo a bone.+ 21  “Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re, ‘Morena, Morena,’ yo o tla tsenang mo Bogosing jwa magodimo, mme yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa magodimong ke ene fela yo o tla tsenang.+ 22  Mo letsatsing leo, ba le bantsi ba tla nthaya ba re: ‘Morena, Morena,+ a ga re a ka ra porofeta ka leina la gago, ra leleka madimona ka leina la gago, ra bo ra dira dikgakgamatso di le dintsi ka leina la gago?’+ 23  Le fa go ntse jalo, ke tla ba raya ke re: ‘Ga ke ise nke ke lo itse! Tswang fa go nna, badirabosula ke lona!’+ 24  “Ka jalo, mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko ano a me a bo a a dira o tla tshwana le monna yo o botlhale yo o neng a aga ntlo ya gagwe mo lefikeng.+ 25  Mme pula e ne ya tshologa, merwalela ya tla le diphefo tsa foka tsa itaaka ntlo eo, le fa go ntse jalo ga e a ka ya wa, ka gonne e ne e thailwe mo lefikeng. 26  Mo godimo ga moo, mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko ano a me a bo a sa a dire o tla tshwana le monna yo o seeleele yo o neng a aga ntlo ya gagwe mo motlhabeng.+ 27  Mme pula e ne ya tshologa, merwalela ya tla le diphefo tsa foka tsa itaaka ntlo eo e bo e wa,+ mme e ne ya senyega.” 28  Fa Jesu a sena go bua mafoko ano, boidiidi bo ne jwa sala bo tshwerwe ke kgakge ka ntlha ya tsela e a rutang ka yone,+ 29  gonne o ne a ba ruta jaaka motho yo o nang le taolo,+ e seng jaaka bakwadi ba bone.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “diterebe; moretlwa.”