Fetela kwa tshedimosetsong

Goreng Jesu a Bidiwa Morwa Modimo?

Goreng Jesu a Bidiwa Morwa Modimo?

Karabo ya Baebele

Gantsi Baebele e bitsa Jesu e re ke “Morwa Modimo.” (Johane 1:49) Mafoko a a reng “Morwa Modimo,” a bontsha gore Modimo ke Mmopi kgotsa ke ene Motswedi wa botshelo, go akaretsa le jwa ga Jesu. (Pesalema 36:9; Tshenolo 4:11) Baebele ga e rute gore Modimo o ne a na le ngwana ka tsela e batho ba nnang le bana ka yone.

Gape Baebele e bitsa baengele e re ke “bomorwa Modimo wa boammaaruri.” (Jobe 1:6) E bile Baebele e a re motho wa ntlha e bong Adame, e ne e le a “morwa Modimo.” (Luke 3:38) Le fa go ntse jalo, e re ka Jesu e ne e le sebopiwa sa ntlha sa Modimo, e bile e le ene fela yo Modimo a neng a mmopileng ka tlhamalalo, Baebele e bitsa Jesu e re ke Morwa Modimo wa leitibolo.

 A Jesu o ne a tshela kwa legodimong pele ga a tla go tsholwa mo lefatsheng?

Ee. Jesu e ne e le sebopiwa sa semoya kwa legodimong pele ga a tla go tsholwa mo lefatsheng e le motho. Jesu ka boene o ne a re: “Ke fologile kwa legodimong.”—Johane 6:38; 8:23.

Modimo o ne a bopa Jesu pele ga a bopa sepe fela. Fa Baebele e bua ka Jesu e a re:

Jesu o ne a diragatsa boporofeti jo bo buang ka mongwe “yo o simologileng mo metlheng ya bogologolo, mo malatsing a bogologolo.”—Mika 5:2; Mathaio 2:4-6.

 Jesu o ne a dira eng pele ga a tla mo lefatsheng?

O ne a na le maemo a a kwa godimo kwa legodimong. Jesu o ne a bua ka maemo ao fa a ne a rapela a re: “Rara, nkgalaletse . . . ka kgalalelo e ke neng ke na le yone fa ke ne ke sa ntse ke na le wena pele ga lefatshe le nna gone.”—Johane 17:5.

O ne a thusa Rraagwe go bopa dilo tse dingwe tsotlhe. Jesu o ne a bereka le Modimo e le “modiri yo o setswerere.” (Diane 8:30) Fa Baebele e bua ka Jesu e a re: “O ne a dirisiwa go bopa dilo tsotlhe tse di kwa magodimong le tse di mo lefatsheng.”—Bakolosa 1:16.

Modimo o ne a dirisa Jesu gore dilo tse dingwe tsotlhe di nne gone. Dilo tseo di ne di akaretsa dibopiwa tsotlhe tsa moya, gammogo le lobopo lotlhe. (Tshenolo 5:11) Ka tsela nngwe, tirisanommogo eno ya Modimo le Jesu, e ne e tshwana le ya fa motlhami wa dipolane a dira mmogo le moagi. Motlhami wa dipolane o dira polane; moagi o aga se se mo polaneng eo.

O ne a direla e le Lefoko. Fa Baebele e bua ka botshelo jwa ga Jesu pele ga e nne motho, e mmitsa “Lefoko.” (Johane 1:1) Seno se raya gore Modimo o ne a dirisa Morwawe go fetisetsa tshedimosetso le ditaelo kwa dibopiweng tse dingwe tsa moya.

Gape go bonala Jesu a ne a direla e le Mmueledi wa Modimo mo bathong mo lefatsheng. Modimo a ka tswa a ne a dirisa Jesu e le Lefoko fa a ne a naya Adame le Efa ditaelo kwa tshingwaneng ya Edene. (Genesise 2:16, 17) Jesu e ka tswa e ne e le ene moengele yo o neng a kaela Baiseraele ba bogologolo fa ba ne ba tsamaya mo nageng le yo Baiseraele ba neng ba laelwa gore ba ikobele lentswe la gagwe.—Ekesodo 23:20-23. *

^ ser. 12 Lefoko ga se ene fela yo Modimo a neng a mo dirisa. Ka sekai, o ne a dirisa bomorwawe ba bangwe ba baengele kwantle ga morwa wa Leitibolo go fetisetsa Molao wa gagwe kwa Baiseraeleng ba bogologolo.—Ditiro 7:53; Bagalatia 3:19; Bahebera 2:2, 3.