Fetela kwa tshedimosetsong

A Leina la Modimo ke Jesu?

A Leina la Modimo ke Jesu?

Karabo ya Baebele

Jesu o ne a ipitsa “Morwa Modimo.” (Johane 10:36; 11:4) Jesu ga a ise a ko a itlhalose e le Modimo Mothatayotlhe.

Mo godimo ga moo, Jesu o ne a rapela Modimo. (Mathaio 26:39) Mme fa a ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela, Jesu o ne a re: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.”—Mathaio 6:9.

Jesu o ne a senola leina la Modimo fa a ne a nopola temana nngwe ya bogologolo ya Dikwalo a re: “Utlwa, wena Iseraele, Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa yo o mongwe fela.”—Mareko 12:29; Duteronome 6:4.