Mika 5:1-15

  • Mmusi o tla nna mogolo mo lefatsheng lotlhe (1-6)

    • Mmusi o tla tswa kwa Bethelehema (2)

  • Masalela a tla nna jaaka monyo le jaaka tau (7-9)

  • Lefatshe le tshwanetse go phepafadiwa (10-15)

5  “Jaanong o a itshegaka,Wena morwadi yo o tlhaselwang;Mmaba o kampile go re dikologa.+ Ba itaya moatlhodi wa Iseraele mo lerameng ka thobane.+   Mme wena, Bethelehema Eferatha,+Wena yo monnye thata gore o ka nna mo diketeng* tsa Juda,Mo go wena go tla tswa mongwe yo o tla nnang mmusi mo Iseraele mo boemong jwa me,+Yo o simologileng mo metlheng ya bogologolo, mo malatsing a bogologolo.   Ka jalo, Modimo o tla tlogela batho ba gagweGo fitlha ka nako ya fa mosadi wa moimana a belega. Mme bomorwarraagwe ba bangwe botlhe ba tla boela kwa bathong ba Iseraele.   O tla ema a bo a disa ka nonofo ya ga Jehofa,+Ka leina le legolo la ga Jehofa, Modimo wa gagwe. Mme ba tla nna ka pabalesego,+Ka gonne jaanong bogolo jwa gagwe bo tla fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe.+   Mme o tla tlisa kagiso.+ Fa Moasiria a ka tlhasela lefatshe la rona a bo a gataka ditora tsa rona tse di sireletsegileng,+Re tla tlhoma badisa ba le supa gore ba mo tlhasele,ruri re tla tlhoma dikgosana* di le robedi go tswa mo bathong.   Ba tla senya lefatshe la Asiria ka tšhaka,+Le lefatshe la ga Nimerode+ kwa dikgorong tsa lone. Mme o tla re golola mo seatleng sa Moasiria,+Fa a tlhasela lefatshe la rona le fa a gataka naga ya rona.   Ba ba setseng ba ga Jakobe ba tla nna mo ditšhabeng di le dintsiJaaka monyo o o tswang kwa go Jehofa,Jaaka dipula tse dikgolo mo dimeleng,Tse di sa solofeleng mo mothongKgotsa tse di sa leteleng bomorwa batho.   Ba ba setseng ba ga Jakobe ba tla nna mo ditšhabeng,Mo merafeng e le mentsi,Ba tla nna jaaka tau mo gare ga diphologolo tsa sekgwa,Jaaka tawana* mo gare ga matsomane a dinku,E e di ralalang e bo e tlola e di phamola e di gagolaka;Mme go se na ope yo o di gololang.   O tla tsholeletsa baba ba gago seatla,Mme o tla fedisa baba ba gago botlhe.” 10  Jehofa a re, “Mo letsatsing leo,Ke tla fedisa dipitse tsa gago ke bo ke senya dikara tsa gago. 11  Ke tla senya metse e e mo lefatsheng la gagoKe bo ke diga mafelo otlhe a gago a a sireletsegileng. 12  Ke tla fedisa boloi jo o bo dirang,*E bile ga go na ope yo o dirang maselamose yo o tla salang.+ 13  Ke tla senya ditshwantsho tsa gago tse di betlilweng le dipilara tsa gago,Mme ga o kitla o tlhola o ikobela tiro ya diatla tsa gago.+ 14  Ke tla kumola dikota tsa gago tse di boitshepo*+Ke bo ke fedisa metse ya gago. 15  Ke tla ipusolosetsa mo ditšhabeng tse di neng tsa se ka tsa ikobaKe galefile e bile ke shakgetse.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “dikgotleng.”
Kgotsa “baeteledipele.”
Kgotsa “tawana e e seriri.”
Seheb., “jo bo mo seatleng sa gago.”
Bona polelwana “Kota e e boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.