Ditiro Tsa Baaposetoloi 7:1-60

  • Puo ya ga Setefane fa pele ga Sanehederine (1-53)

    • Motlha wa ditlhogo tsa malapa tsa bogologolo (2-16)

    • Boeteledipele jwa ga Moshe; Baiseraele ba obamela medingwana (17-43)

    • Modimo ga a nne mo ditempeleng tse di dirilweng ka diatla (44-50)

  • Setefane o kgobotlediwa ka maje (54-60)

7  Mme moperesiti yo mogolo o ne a re: “A go ntse jalo?”  Setefane o ne a re: “Banna ba gaetsho, bakaulengwe le borra, reetsang. Modimo yo o galalelang o ne a iponatsa kwa go rraaronamogolo e bong Aborahame fa a ne a sa ntse a le kwa Mesopotamia, pele ga a nna kwa Harana,+  mme o ne a mo raya a re: ‘Tswa mo lefatsheng la gaeno le mo go ba masika a gago mme o ye kwa lefatsheng le ke tla le go bontshang.’+  Foo o ne a tswa mo lefatsheng la Bakaladia mme a ya go nna kwa Harana. Mme fa rraagwe a sena go swa,+ Modimo o ne a mo laela gore a fuduge mme a tle go nna mo lefatsheng leno le jaanong lo nnang mo go lone.+  Le fa go ntse jalo, ga a ka a mo naya boswa bope mo go lone, nnyaa, tota le fa e le karolo e nnye ya lefatshe;* mme o ne a mo solofetsa gore o tla le mo naya e le boswa mme morago ga gagwe o ne a tla le naya ditlogolwana*+ tsa gagwe, le fa gone ka nako eo a ne a se na ngwana.  Mo godimo ga moo, Modimo o ne a mmolelela gore ditlogolwana* tsa gagwe e ne e tla nna batswakwa kwa lefatsheng le e seng la bone le gore batho ba ne ba tla ba dira makgoba ba bo ba ba bogisa* dingwaga di le 400.+  Modimo o ne a re: ‘Mme setšhaba seo se ba tla nnang makgoba a sone ke tla se atlhola,+ mme morago ga dilo tseno ba tla tswa mme ba tla ntirela tirelo e e boitshepo mo lefelong leno.’+  “Gape o ne a dira kgolagano ya go rupa le ene,+ mme o ne a nna rraagwe Isake+ a bo a mo rupisa mo letsatsing la borobedi,+ mme Isake o ne a nna rraagwe* Jakobe, mme Jakobe o ne a nna rraagwe ditlhogo tsa malapa* di le 12.  Ditlhogo tseo tsa malapa di ne tsa fufegela Josefa+ di bo di mo rekisa kwa Egepeto.+ Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a na le ene,+ 10  mme o ne a mo golola mo mathateng otlhe a gagwe e bile o ne a mo naya botlhale a bo a dira gore Faro kgosi ya Egepeto a mo amogele. Mme o ne a mo tlhoma gore a laole Egepeto le ntlo ya gagwe ya segosi.+ 11  Mme go ne ga nna le leuba mo Egepeto yotlhe le mo Kanana, ruri e ne e le pitlagano e kgolo tota, mme borraaronamogolo ba ne ba se na sepe se ba ka se jang.+ 12  Jakobe o ne a utlwa gore go ne go na le dijo* kwa Egepeto, mme o ne a roma borraaronamogolo teng.+ 13  Mme fa ba ya teng lekgetlo la bobedi, Josefa o ne a ikitsise bomorwarraagwe, mme Faro o ne a simolola go itse ba gagabo Josefa.+ 14  Ka jalo, Josefa o ne a romela molaetsa mme a bitsa rraagwe e bong Jakobe le botlhe ba losika lwa gagwe gore ba tswe kwa lefelong leo,+ e ne e le batho ba le 75.+ 15  Ka jalo, Jakobe o ne a ya kwa Egepeto,+ mme o ne a swela teng,+ borraaronamogolo le bone ba ne ba swa.+ 16  Ba ne ba isiwa kwa Shekema mme ba fitlhwa mo lebitleng le Aborahame a neng a le rekile ka madi a selefera mo go bomorwa Hamore kwa Shekema.+ 17  “Fa nako ya gore Modimo a diragatse tsholofetso e a neng a e boleletse Aborahame e goroga, batho ba ne ba ata ba bo ba oketsega mo Egepeto, 18  go fitlha go nna le kgosi e sele mo Egepeto, e e neng e sa itse Josefa.+ 19  E ne ya dirisana le lotso lwa rona ka boferefere mme ya bogisa borraarona, e ba pateletsa gore ba tlogele masea a bone gore a tle a se ka a tshela.+ 20  Ka nako eo Moshe o ne a tsholwa, mme o ne a le montle mo matlhong a Modimo. O ne a godisediwa mo legaeng la ga rraagwe dikgwedi di le tharo.+ 21  Mme fa batsadi ba gagwe ba ne ba patelediwa go mo tlogela,+ morwadia Faro o ne a mo tsaya mme a mo ikgodisetsa gore e nne morwawe.+ 22  Ka jalo, Moshe o ne a rutiwa botlhale jotlhe jwa Baegepeto. Tota e bile, mafoko a gagwe le ditiro tsa gagwe di ne di le maatla.+ 23  “Jaanong e rile a nna dingwaga di le 40, o ne a tlelwa ke kakanyo* ya gore a etele* bomorwarraagwe, e leng bomorwa Iseraele.+ 24  E rile a bona Moegepeto a tshwara Moiseraele mongwe setlhogo, o ne a sireletsa Moiseraele yoo a bo a mmusolosetsa ka go bolaya Moegepeto. 25  O ne a ithaya a re bomorwarraagwe ba ne ba tla lemoga gore Modimo o ne a mo dirisa go ba boloka, mme ga ba a ka ba lemoga seo. 26  Letsatsi le le latelang o ne a ya kwa go bone fa ba ne ba lwa, mme a leka go ba thusa gore ba agisane ka go ba raya a re: ‘Banna, lo bana ba motho. Ke ka ntlha yang fa lo tshwarana ka tsela e e sa siamang?’ 27  Le fa go ntse jalo, yo o neng a tshwara moagelani wa gagwe ka tsela e e sa siamang o ne a mo kgorometsa a bo a re: ‘Ke mang yo o go tlhomileng gore o nne mmusi le moatlhodi wa rona? 28  A o batla go mpolaya jaaka Moegepeto yo o mmolaileng maabane?’ 29  Fa Moshe a utlwa seo, o ne a tshaba mme a nna motswakwa kwa lefatsheng la Midiana. Fa a le koo, o ne a nna le bana ba basimane ba le babedi.+ 30  “Morago ga dingwaga di le 40, moengele o ne a iponatsa mo go ene kwa nageng ya Thaba ya Sinai a le mo kgabong ya setlhatshana se se mmitlwa se se tukang.+ 31  Fa Moshe a bona setlhatsana seo, o ne a gakgamala. Mme e rile a atamela a batla go bona gore go diragala eng, o ne a utlwa lentswe la ga Jehofa* le re: 32  ‘Ke nna Modimo wa borraagomogolo, Modimo wa ga Aborahame le wa ga Isake le wa ga Jakobe.’+ Moshe o ne a simolola go roroma, mme ga a ka a nna le bopelokgale jwa go se leba gape. 33  Jehofa* o ne a mo raya a re: ‘Rola ditlhako,* ka gonne lefelo le o emeng mo go lone le boitshepo. 34  Ruri ke bone gore batho ba me ba ba kwa Egepeto ba a boga, e bile ke utlwile selelo sa bone se se botlhoko,+ mme ke fologile gore ke tle go ba golola. Jaanong tla, ke tla go roma kwa Egepeto.’ 35  Ene Moshe yo ba neng ba mo itatola ba re: ‘Ke mang yo o go tlhomileng gore o nne mmusi le moatlhodi?’+ ke ene yo Modimo a neng a mo romela+ e le mmusi e bile e le mogolodi a dirisa moengele yo o ileng a iponatsa kwa go ene a le mo setlhatshaneng se se mmitlwa. 36  Monna yono o ne a ba ntsha kwa Egepeto,+ o ne a dira dikgakgamatso le ditshupo+ koo le kwa Lewatleng le Lehibidu+ le kwa nageng dingwaga di le 40.+ 37  “Yono ke ene Moshe yo o neng a raya Baiseraele a re: ‘Modimo o tla lo tlhomela moporofeti yo o tshwanang le nna yo o tswang mo go bomorwarraalona.’+ 38  Ke ene yo o neng a na le phuthego kwa nageng le yo moengele+ a neng a bua le ene+ kwa Thabeng ya Sinai e bile ke ene yo o neng a bua le borraaronamogolo, mme o ne a amogela ditaelo tse di boitshepo tse di nang le maatla gore a re di neye.+ 39  Borraaronamogolo ba ne ba gana go mo ikobela, mme ba ne ba mo kgaphela kwa thoko+ e bile mo dipelong tsa bone ba ne ba batla go boela kwa Egepeto,+ 40  mme ba ne ba raya Arone ba re: ‘Re direle medimo gore e re etelele pele. Ka gonne ga re itse se se diragaletseng Moshe, ene yo o neng a re ntsha kwa lefatsheng la Egepeto.’+ 41  Ka jalo, ba ne ba dira namane mo malatsing ao mme ba ntshetsa modingwana oo setlhabelo ba bo ba simolola go ijesa monate ba itumelela se ba se dirileng.+ 42  Ka jalo, Modimo o ne a ba latlha mme a ba tlogelela gore ba direle lesomosomo la legodimo tirelo e e boitshepo,+ fela jaaka go kwadilwe mo bukeng ya Baporofeti go twe: ‘Ga se nna yo lo neng lo mo ntshetsa ditlhabelo tse di farologaneng dingwaga di le 40 fa lo ne lo le kwa nageng, gakere, lona batho ba Iseraele? 43  Mme e ne e le tente ya ga Moloko+ le naledi ya modimo wa lona Refane tse lo neng lwa di rwala, e leng ditshwantsho tse lo neng lwa di dira gore lo di obamele. Ka jalo, ke tla lo kobela ka kwa ga Babelona.’+ 44  “Borraaronamogolo ba ne ba na le tente kwa nageng. Tente eo e ne e bontsha gore Modimo o na le bone. Modimo o ne a laetse Moshe gore a e dire mme ba ne ba e dira go ya ka polane e Modimo a neng a e mmontshitse.+ 45  Moragonyana, bana ba borraaronamogolo ba ne ba tsaya tente eo mme ba tsamaya ka yone fa ba ne ba na le Joshua ba ya kwa lefatsheng la ditšhaba tse dingwe,+ tse Modimo a neng a di lelekile fa pele ga bone.+ Mme e ne ya nna koo go fitlha mo motlheng wa ga Dafide. 46  Modimo o ne a mo amogela mme o ile a re o batla go agela Modimo wa ga Jakobe ntlo.+ 47  Mme Solomone ke ene a neng a mo agela ntlo.+ 48  Le fa go ntse jalo, Mogodimodimo ga a nne mo matlong a a dirilweng ka diatla,+ fela jaaka moporofeti a ile a re: 49  ‘Jehofa* a re, legodimo ke setulo sa me sa bogosi,+ mme lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me.+ Lo tla nkagela ntlo e e ntseng jang? Kgotsa lefelo le ke ikhutsang mo go lone le kae? 50  Ke nna ke dirileng dilo tseno tsotlhe, a ga go jalo?’+ 51  “Lona batho ba ba tlhogoethata le ba ba sa rupang mo dipelong le mo ditsebeng, ka metlha lo ganetsana le moya o o boitshepo; lo dira fela jaaka borraalonamogolo ba ne ba dira.+ 52  Ke moporofeti ofe yo borraalonamogolo ba neng ba se ka ba mmogisa?+ Eleruri, ba ne ba bolaya batho ba ba neng ba bolelela pele ka go tla ga mosiami,+ yo jaanong lo neng lwa mo rekisa* lwa bo lwa mmolaya,+ 53  lona ba Modimo a neng a lo naya Molao a dirisa baengele+ mme lwa se ka lwa o ikobela.” 54  Ka jalo e rile ba utlwa dilo tseno, ba ne ba galefa fela thata* mme ba ne ba batla go mo gobatsa. 55  Mme e re ka ene a ne a tletse moya o o boitshepo, o ne a leba kwa legodimong mme a bona kgalalelo ya Modimo le ya ga Jesu a eme ka fa seatleng sa Modimo sa moja,+ 56  mme o ne a re: “Bonang! Ke bona magodimo a bulegile mme Morwa motho+ a eme ka fa seatleng sa Modimo sa moja.”+ 57  Foo ba ne ba goa ka mantswe a a kwa godimo mme ba ithiba ditsebe ka diatla ba bo ba mo ragogela botlhe. 58  Fa ba sena go mo latlhela kwa ntle ga motse, ba ne ba mo kgobotletsa ka maje.+ Mme basupi+ ba maaka ba ba ileng ba mo latofatsa ba ne ba baya diaparo tsa bone tsa ka fa ntle fa dinaong tsa lekawana lengwe le le bidiwang Saulo.+ 59  Fa ba ntse ba kgobotletsa Setefane ka maje, o ne a ikuela a re: “Morena Jesu, amogela moya wa me.” 60  Go tswa foo, o ne a khubama a bo a goa ka lentswe le le nonofileng a re: “Jehofa,* o se ka wa ba bona molato ka ntlha ya boleo jono.”+ Mme fa a sena go bua jalo, o ne a swa.*

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “tota le fa e le mo a ka bayang lonao lwa gagwe teng.”
Seger., “losika.”
Seger., “losika.”
Kgotsa “sotla.”
Kgotsa “ditlhogo tsa lotso.”
Kgotsa gongwe “o ne a dira se se tshwanang ka.”
Kgotsa “go ne go na le dijo tsa ditlhaka.”
Kgotsa “o ne a dira tshwetso.”
Kgotsa “a ye go lekola.”
Seger., “bompaatšhane.”
Kgotsa “oka.”
Kgotsa “ba ne ba tlhabega mo dipelong.”
Seger., “o ne a robala mo losong.”