Tshenolo e e Yang Kwa go Johane 3:1-22

  • Melaetsa e e yang kwa Saredisa (1-6), kwa Filadelefia (7-13), kwa Laodikia (14-22)

3  “Kwalela moengele wa phuthego e e kwa Saredisa o re: Tseno ke dilo tse yo o nang le meya e supa ya Modimo+ le dinaledi tse supa+ a di buang: ‘Ke itse ditiro tsa gago, gore o lebega e kete o a tshela, mme gone o sule.+  Nna o disitse,+ mme o nonotshe se se neng se le gaufi le go swa, ka gonne ke a bona gore ga o a wetsa* tiro e Modimo wa me a batlang gore o e dire.  Ka jalo, nna o gopotse se o neng wa se amogela le se o neng wa se utlwa, mme o tswelele o se ngaparetse o bo o ikwatlhaye.+ Eleruri fa o sa tsoge, ke tla tla jaaka legodu,+ mme ga o kitla o itse gore ke tla tla mo go wena ka nako efe.+  “‘Le fa go ntse jalo, go na le batho ba le mmalwa* mo Saredisa ba ba ileng ba se ka ba leswafatsa diaparo tsa bone,+ mme ba tla tsamaya le nna ba apere tse ditshweu,+ ka gonne ba a tshwanelega.  Ka jalo, yo o fenyang+ o tla apesiwa diaparo tse ditshweu,+ e bile ga nkitla ke phimola leina la gagwe ka gope mo bukeng ya botshelo,+ mme ke tla itsise leina la gagwe fa pele ga ga Rre le fa pele ga baengele ba gagwe.+  A yo o nang le tsebe a utlwe se moya o se buang le diphuthego.’  “Kwalela moengele wa phuthego e e kwa Filadelefia o re: Tseno ke dilo tse yo o boitshepo a di buang,+ yo o boammaaruri,+ yo o nang le selotlolo sa ga Dafide,+ yo e reng a bula go bo go se na ope yo o ka tswalang le yo e reng a tswala go bo go se na ope yo o ka bulang:  ‘Ke itse ditiro tsa gago. Gape ke a itse gore o na le maatla, le fa gone a se kalo, e bile o ne wa ikobela lefoko la me mme wa se ka wa itatola leina la me. Mme ke tlhomile kgoro e e bulegileng fa pele ga gago,+ e go se nang ope yo o ka e tswalang.  Ba ba mo phuthegong* ya ga Satane ba ba reng ke Bajuda mme gone e se bone,+ mme ba aka, ke tla dira gore ba tle mme ba ikobe* fa pele ga dinao tsa gago ke bo ke dira gore ba itse gore ke go ratile. 10  E re ka o ile wa itshoka fela jaaka nna,*+ le nna ke tla go sireletsa mo nakong ya teko+ e e tla tlang mo lefatsheng lotlhe, gore go lekwe botlhe ba ba nnang mo go lone. 11  Ke tla ka bonako.+ Tswelela o ngangatletse se o nang le sone, gore ope a se ka a tsaya serwalo sa gago.+ 12  “‘Yo o fenyang ke tla mo dira pilara mo tempeleng ya Modimo wa me, mme ga a kitla a tlhola a tswa mo go yone, e bile ke tla kwala leina la Modimo wa me mo go ene le leina la motse wa Modimo wa me,+ e leng Jerusalema yo Mosha+ yo o fologang kwa legodimong a tswa kwa Modimong wa me, e bile ke tla kwala le leina la me le lesha mo go ene.+ 13  A yo o nang le tsebe a utlwe se moya o se buang le diphuthego.’ 14  “Kwalela moengele wa phuthego e e kwa Laodikia+ o re: Tseno ke dilo tse Amen+ a di buang, mosupi+ yo o ikanyegang le yo o boammaaruri,+ yo e leng wa ntlha go bopiwa ke Modimo:+ 15  ‘Ke itse ditiro tsa gago, gore ga o tsididi e bile ga o mogote. Ke eletsa e kete o ka bo o ne o le tsididi kgotsa o le mogote. 16  Ka jalo, e re ka o le mololo mme o se mogote+ e bile o se tsididi,+ ke tlile go go kgwa. 17  E re ka o ipolela o re, “Ke humile+ e bile ke kokoantse dikhumo mme ga ke tlhoke sepe gotlhelele,” le fa go ntse jalo, ga o itse gore o utlwisa botlhoko, o tlhomola pelo, o humanegile, o foufetse e bile ga o a apara. 18  Ke go gakolola gore o reke gauta e e itshekisitsweng ka molelo mo go nna gore o tle o hume, le diaparo tse ditshweu gore o tle o apare gore batho ba se ka ba go bona o sa apara mme wa tlhabiwa ke ditlhong.+ O reke le molemo o o tshasiwang mo matlhong+ mme o tshase matlho a gago gore o tle o bone.+ 19  “‘Botlhe ba ke ba ratang ke a ba kgalemela e bile ke a ba otlhaya.+ Ka jalo, ikwatlhaele maleo a gago mme o direle Modimo ka pelo yotlhe.+ 20  Ke eme fa kgorong mme ke a kokota. Fa motho a utlwa lentswe la me a bo a bula setswalo, ke tla tsena mo ntlong ya gagwe ke bo ke ja dijo tsa maitseboa le ene mme le ene o tla di ja le nna. 21  Yo o fenyang+ ke tla mo naya tetla ya gore a nne le nna mo setulong sa me sa bogosi,+ fela jaaka le nna ke ile ka fenya mme ka nna+ le Rre mo setulong sa gagwe sa bogosi. 22  A yo o nang le tsebe a utlwe se moya o se buang le diphuthego.’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “dira.”
Seger., “maina a le mmalwa.”
Seger., “mo sinagogeng.”
Kgotsa “obame.”
Kgotsa gongwe “o ile wa latela sekao sa me sa boitshoko.”