Tshenolo e e Yang Kwa go Johane 5:1-14

  • Momeno o o nang le dikano tse supa (1-5)

  • Kwana o tsaya momeno (6-8)

  • Kwana o tshwanelwa ke go bula dikano (9-14)

5  Mme mo seatleng sa moja sa Ene yo o ntseng mo setulong sa bogosi+ ke ne ka bona momeno o kwadilwe mo matlhakoreng otlhe,* o tswetswe thata ka dikano* di le supa.  Ke ne ka bona moengele yo o nonofileng a bua ka lentswe le le kwa godimo a re: “Ke mang yo o tshwanelegang go bula momeno ono le go thuba dikano tsa one?”  Mme go ne go se na ope kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng kgotsa ka fa tlase ga lefatshe yo o neng a kgona go bula momeno oo kgotsa go o bala.  Ke ne ka lela thata ka gonne go ne go se na ope yo o fitlhetsweng a tshwanelega go bula momeno oo kgotsa go o bala.  Le fa go ntse jalo, mongwe wa bagolwane o ne a nthaya a re: “Tlogela go lela. Tau ya lotso lwa Juda,+ modi+ wa ga Dafide,+ e fentse,+ ka jalo e tshwanelega go bula momeno ono le dikano tsa one tse supa.”  Mme ke ne ka bona kwana+ e eme fa thoko ga setulo sa bogosi le fa gare ga ditshedi tse nnê le bagolwane.+ Go ne go ntse jaaka e kete e tlhabilwe,+ e ne e na le dinaka tse supa le matlho a le supa, mme matlho ao a kaya meya e supa ya Modimo+ e e rometsweng mo lefatsheng lotlhe.  Ka yone nako eo, o ne a tla a bo a tsaya momeno oo mo seatleng sa moja sa Ene yo o ntseng mo setulong sa bogosi.+  E rile a tsaya momeno oo, ditshedi tse nnê le bagolwane ba ba 24+ ba ne ba khubama fa pele ga Kwana, mme mongwe le mongwe o ne a tshotse harepa e bile ba ne ba tshotse dikotlele tse dinnye tsa gauta tse di neng di tletse maswalo. (Maswalo a kaya dithapelo tsa ba ba boitshepo.)+  Mme ba ne ba opela pina e ntšha+ ba re: “O tshwanelwa ke go tsaya momeno ono o bo o bula dikano tsa one, ka gonne o ne wa tlhabiwa mme ka madi a gago wa rekela Modimo batho+ ba ba tswang mo ditsong tsotlhe, mo dipuong* tsotlhe, mo merafeng yotlhe le mo ditšhabeng tsotlhe,+ 10  mme o ne wa dira gore ba nne dikgosi+ le baperesiti ba Modimo wa rona,+ mme ba tla busa lefatshe e le dikgosi.”+ 11  Ke ne ka bona baengele ba le bantsi ba dikologile setulo sa bogosi le ditshedi le bagolwane, mme gape ke ne ka utlwa lentswe la bone. Palo ya bone e ne e le dikete di le diketekete,* ba ne ba le dimilione di le makgolokgolo,+ 12  mme ba ne ba bua ka lentswe le le kwa godimo ba re: “Kwana e e neng ya tlhabiwa+ e tshwanelwa ke go amogela maatla le dikhumo le botlhale le nonofo. O tshwanelwa ke gore botlhe ba mo tlotle, ba mo galaletse ba bo ba mmake.”+ 13  Mme ke ne ka utlwa setshedi sengwe le sengwe kwa legodimong le mo lefatsheng le ka fa tlase ga lefatshe+ le mo lewatleng, le dilo tsotlhe tse di mo go tsone di re: “A botlhe ba bake, ba tlotle+ ba bo ba galaletse Ene yo o ntseng mo setulong sa bogosi+ le Kwana,+ ba ba nang le maatla ka bosakhutleng le go ya go ile.”+ 14  Ditshedi tse nnê di ne tsa re: “Amen!” mme bagolwane ba ne ba khubama ba bo ba obamela Modimo.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “mo teng le ka fa morago.”
Bona “Sekano” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seger., “ditemeng.”
Seger., “dimiriate tsa dimiriate.”