Efangele ya ga Mathaio 2:1-23

  • Balepadinaledi ba a eta (1-12)

  • Ba tshabela kwa Egepeto (13-15)

  • Herode o bolaya basimanyana (16-18)

  • Ba boela kwa Nasaretha (19-23)

2  Fa Jesu a sena go tsholwa kwa Bethelehema+ wa Judea ka nako ya fa Herode*+ e ne e le kgosi, balepadinaledi* ba ba tswang kwa Botlhaba ba ne ba tla mo Jerusalema,  ba bo ba re: “Ngwana yo e tla nnang kgosi ya Bajuda o kae?+ Gonne re ne ra bona naledi ya gagwe re le kwa Botlhaba, mme re tlile go obama* fa pele ga gagwe.”  E rile Kgosi Herode a utlwa seno, o ne a fuduega, le batho botlhe ba Jerusalema ba ne ba fuduega le ene.  Fa a sena go phutha baperesiti ba bagolo le bakwadi botlhe ba batho, o ne a ba botsa gore Keresete* o ne a tshwanetse go tsholelwa kae.  Ba ne ba mo raya ba re: “Kwa Bethelehema+ wa Judea, ka gonne moporofeti mongwe o ne a kwala jaana:  ‘Mme wena, Bethelehema wa lefatshe la Juda, ga o motse o mmotlana thata mo balaoding ba Juda, ka gonne go tla tswa molaodi mo go wena, yo o tla disang batho ba me ba Iseraele.’”+  Foo Herode o ne a biletsa balepadinaledi mo sephiring mme a ba botsa ka kelotlhoko gore ba bone naledi eo leng.  E rile a ba romela kwa Bethelehema, o ne a ba raya a re: “Tsamayang lo ye go batla ngwana yoo ka kelotlhoko, mme fa lo sena go mmona, lo boe lo tle go nkitsise gore le nna ke ye go obama fa pele ga gagwe.”  Fa ba sena go utlwa se kgosi e neng e se bua, ba ne ba tsena mo tseleng, mme naledi e ba neng ba e bone fa ba le kwa Botlhaba+ e ne ya tsamaya kwa pele ga bone go fitlha e ema fa godimo ga lefelo le ngwana a neng a le mo go lone. 10  E rile ba bona naledi eo, ba ne ba itumela fela thata. 11  Mme fa ba tsena mo ntlong, ba ne ba fitlhela ngwana yoo a na le mmaagwe e bong Marea, mme ba ne ba wela fa fatshe, ba obama* fa pele ga gagwe. Gape ba ne ba bula matlotlo a bone ba bo ba mo naya dimpho, e leng gauta le dinkgisamonate* tse pedi. 12  Le fa go ntse jalo, e re ka Modimo a ne a ba tlhagisitse mo torong+ gore ba se ka ba boela kwa go Herode, ba ne ba boela kwa nageng ya bone ka tsela e nngwe. 13  Fa ba sena go tsamaya, moengele wa ga Jehofa* o ne a iponatsa kwa go Josefa mo torong,+ a re: “Tsamaya, o ye go tsaya ngwana le mmaagwe mme o tshabele kwa Egepeto, mme o nne koo go fitlha ke go laela gore o dire eng, ka gonne Herode o tloga a tswa letsholo la go batla ngwana yono yo mmotlana gore a mmolaye.” 14  Ka jalo, Josefa o ne a tsamaya mme a tsaya ngwana le mmaagwe go le bosigo a bo a ya kwa Egepeto. 15  O ne a nna koo go fitlha Herode a swa. Seno se ne sa diragatsa se Jehofa* a neng a se bua a dirisa moporofeti wa gagwe, a re: “Ke ne ka bitsa morwaake ka mo ntsha kwa Egepeto.”+ 16  E rile Herode a lemoga gore balepadinaledi ba mo tsieditse, o ne a galefa fela thata, mme o ne ntsha taelo ya gore basimane botlhe ba ba mo Bethelehema le dikgaolo tsotlhe tsa yone ba bolawe, go simologa ka ba ba nang le dingwaga di le pedi go ya kwa tlase. O ne a tlhopha dingwaga tseno go dumalana le se balepadinaledi ba neng ba se mmoleletse.+ 17  Ka jalo, go ne ga diragadiwa se se neng sa buiwa ke moporofeti Jeremia, yo o neng a re: 18  “Go ne ga utlwiwa lentswe kwa Rama, la go lela le go kuruetsa. E ne e le Ragele+ a lelela bana ba gagwe, mme o ne a sa batle go gomodiwa, ka gonne ba sa tlhole ba le gone.”+ 19  Fa Herode a sena go swa, moengele wa ga Jehofa* o ne a iponatsa kwa go Josefa mo torong+ kwa Egepeto 20  mme o ne a mo raya a re: “Tsamaya, o ye go tsaya ngwana le mmaagwe mme o ye kwa lefatsheng la Iseraele, ka gonne ba ba neng ba batla go bolaya* ngwana yono yo mmotlana ba sule.” 21  Ka jalo, o ne a tsamaya mme a tsaya ngwana le mmaagwe a bo a ya kwa lefatsheng la Iseraele. 22  Mme e rile a utlwa gore Arekelao o ne a busa Judea mo boemong jwa ga rraagwe e bong Herode, o ne a tshaba go ya koo. Mo godimo ga moo, e re ka Modimo a ne a mo tlhagisitse mo torong,+ o ne a ya kwa nageng ya Galalea.+ 23  Mme o ne a nna mo motseng o o bidiwang Nasaretha,+ gore go tle go diragadiwe se se neng sa buiwa ke baporofeti, fa ba ne ba re: “O tla bidiwa Monasaretha.”*+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ba-magi; banna ba ba botlhale.”
Kgotsa “ikoba.”
Kgotsa “Mesia; Motlodiwa.”
Kgotsa “ikoba.”
Dinkgisamonate tseno ke lebano le mera. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seger., “ba ba neng ba batla botshelo jwa.”
Lefoko leno le ka tswa le tswa mo polelwaneng ya Sehebera e e kayang “letlhogela.”